Fetela kwa tshedimosetsong

Dipokano Tsa Basupi ba ga Jehofa

A o batla go itse gore go direga eng kwa dipokanong tsa rona? Batla lefelo la dipokano le le gaufi le kwa o nnang teng.

Batla Lefelo le le Gaufi le Wena (e bula tsebe e nngwe)

Go Direga Eng mo Dipokanong Tsa Rona?

Basupi ba ga Jehofa ba tshwara dipokano gabedi beke nngwe le nngwe. (Bahebera 10:24, 25) Kwa dipokanong tseno, tse batho botlhe ba lalediwang go tla kwa go tsone, re sekaseka se Baebele e se rutang le kafa re ka dirisang dithuto tsa yone ka teng mo botshelong.

Bontsi jwa dithulaganyo tsa rona di akaretsa tse bareetsi ba nnang le seabe mo go tsone, jaaka e kete ke mo tlelaseng. Dipokano di simololwa le go konelwa ka pina le thapelo.

Ga go tlhokege gore o bo o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gore o nne gone mo dipokanong tsa rona. Re laletsa mongwe le mongwe go di etela. Go tsenwa mahala. Ga go kopiwe batho dikoleke.