Fetela kwa tshedimosetsong


GO ITHUTA BAEBELE LE MONGWE YO O KA GO THUSANG

Itumelele go Tshelela Ruri!

Fa o ntse o ithuta Baebele mahala, o tla bona dikarabo tsa dipotso tse di latelang:

  • A ke tla kgona go itumelela botshelo?

  • A pogo le dilo tse di bosula di tla fela?

  • A ke tla bona batho ba ke ba ratang ba ba tlhokafetseng gape?

  • A Modimo wa nkgathalela?

  • Nka rapela jang? Nka itse jang gore Modimo o reetsa dithapelo tsa me?

Ke Mahala

Ga o tlhoke go duela gore o ithute Baebele e bile o tlile go newa buka kgotsa boroutšhara jwa Itumelele go Tshelela Ruri! mahala go akaretsa le Baebele, fa o e tlhoka.

Lefelo le Nako E e Go Siametseng

O ka kopana le motho yo o ithutang le ene lo lebana difatlhego kgotsa lo dirisa sedirisiwa sa ileketeroniki—nako nngwe le nngwe, gongwe le gongwe.

Ga o Patelesege

O ka emisa go ithuta nako nngwe le nngwe.

Re ithuta jang Baebele le batho?

Motho yo o ithutang Baebele le ene o tlile go go thusa go ithuta se Baebele e se rutang, go ya ka ditlhogo tse di farologaneng. Fa o ntse o ithuta kgatiso ya Itumelele go Tshelela Ruri! o tlile go ithuta molaetsa wa Baebele ka iketlo le gore o ka go thusa jang. Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng, leba bidio eno kgotsa leba dipotso tse gantsi di bodiwang ka go thuta Baebele.

A o batla go bona gore kgatiso eno e bua ka eng?

Lebelela dithuto tse di simololang kgatiso eno.

A o batla go ithuta Baebele?

Tobetsa konopo e e fa tlase go rulaganya mongwe yo o tla go etelang gore o ithute Baebele.