Fetela kwa tshedimosetsong

A lo Dumela Gore Bodumedi Jwa Lona ke Jone Fela Jwa Boammaaruri?

A lo Dumela Gore Bodumedi Jwa Lona ke Jone Fela Jwa Boammaaruri?

 Motho yo o tlhoafaletseng bodumedi o tshwanetse go dumela gore bodumedi jo a bo tlhophileng bo amogelwa ke Modimo le Jesu. Fa go se jalo, tota o tla bo a nnelang leloko la bodumedi joo?

 Jesu Keresete ga a ka a dumalana le kgopolo ya gore madumedi otlhe a tshwana le ditsela tse dintsi tse di isang polokong tsotlhe. Go na le moo, o ile a re: ‘Kgoro e e isang botshelong e tshesane le tsela e pitlagane, mme ba ba e bonang ba mmalwa.’ (Mathaio 7:14) Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore ba bone tsela eo. Go seng jalo ba ne ba tla senka bodumedi jo bongwe.