Fetela kwa tshedimosetsong

A Basupi ba ga Jehofa ke Mokgatlho wa Bajuda wa Siona?

A Basupi ba ga Jehofa ke Mokgatlho wa Bajuda wa Siona?

 Nnyaa. Basupi ba ga Jehofa ke Bakeresete ba dithuto tsa bone di theilweng mo Baebeleng. Basupi ba ga Jehofa ga ba dumele thuto e e rutwang ke madumedi mangwe ya gore go kokoanngwa ga Bajuda kwa Palesetina go amana le boporofeti jo bo mo Baebeleng. Ga ba dumele gore Baebele e ne ya bolelela pele tiragalo eno ya dipolotiki. Tota e bile, Baebele ga e tlotlomatse puso epe ya batho e bile ga e tseye setšhaba kgotsa batho bape ba le kwa godimo ga ba bangwe. Tora ya Tebelo, makasine wa semolao wa Basupi ba ga Jehofa o ne wa bolela jaana ka tlhamalalo: “Baebele ga e eme nokeng Mokgatlho wa Bajuda wa dipolotiki wa Siona [Zionism].”

 Encyclopædia Britannica e tlhalosa Zionism e le “mokgatlho wa bosetšhaba wa Bajuda o boikaelelo jwa one e leng go tlhama le go ema nokeng setšhaba sa Bajuda kwa Palesetina.” O simolotswe ke mekgatlho ya bodumedi le ya dipolotiki. Basupi ba ga Jehofa mo bodumeding jwa bone ga ba buelele Mokgatlho wa Bajuda wa dipolotiki wa Siona e bile ga ba kgatlhanong le mokgatlho ono.

 Basupi ba ga Jehofa ke mokgatlho wa bodumedi fela e bile ga ba buelele thulaganyo epe ya dipolotiki go akaretsa le Mokgatlho ono wa Bajuda wa Siona. Go na le bosupi jo bo itsegeng sentle jwa gore Basupi ba ga Jehofa ga ba nne le seabe mo dipolotiking, e bile mo dinageng dingwe ba ile ba tlhopha go bogisiwa setlhogo go na le gore ba nne le seabe mo dipolotiking. Re tlhatswegile pelo gore ke Bogosi jwa Modimo fela jwa kwa legodimong jo bo tla tlisang kagiso e e nnelang ruri mo lefatsheng; ga go na puso kgotsa mokgatlho ope wa batho o o ka dirang seo.

 Sengwe sa dilo tsa botlhokwa se Basupi ba se dumelang, go sa kgathalesege gore ba nna kae, ke gore ba tshwanetse go ikobela melao ya dipuso tsa lefatshe. Ga ba tsuologele balaodi ba puso e bile ga ba nne le seabe mo dintweng.