Fetela kwa tshedimosetsong

A lo Dumela mo go Jesu?

A lo Dumela mo go Jesu?

 Ee. Re dumela mo go Jesu yo o ileng a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.” (Johane 14:6) Re dumela gore Jesu o ne a tla mo lefatsheng a tswa legodimong mme a ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng go nna setlhabelo go re rekolola. (Mathaio 20:28) Loso lwa gagwe le tsogo di dira gore go kgonege gore batho ba ba dumelang mo go ene ba bone botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 3:16) Gape re dumela gore Jesu o a busa gone jaanong e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jwa kwa legodimong, jo bo tla tlogang bo tlisa kagiso mo lefatsheng lotlhe. (Tshenolo 11:15) Le fa go ntse jalo, re dumela mafoko a ga Jesu fa a ne a re: “Rara o mogolo bogolo go nna.” (Johane 14:28) Ka jalo ga re obamele Jesu ka gonne ga re dumele gore ke Modimo Mothatayotlhe.