Fetela kwa tshedimosetsong

A Motho o Kgona go Tlogela go Nna Mosupi wa ga Jehofa?

A Motho o Kgona go Tlogela go Nna Mosupi wa ga Jehofa?

 Ee. Go na le ditsela tse pedi tse motho a ka tlogelang go nna Mosupi ka tsone:

  •   Ka go kwala kgotsa go itsise phuthego. Motho a ka kwala lekwalo kgotsa a bolelela phuthego gore ga a tlhole a batla go nna Mosupi wa ga Jehofa.

  •   Ka ditiro. Motho a ka dira sengwe se se bontshang gore ga a tlhole a batla go nna Mosupi wa ga Jehofa. (1 Petere 5:9) Ka sekai, a ka nna leloko la kereke e nngwe a bo a tlhalosa gore ga a ikaelela go tlogela kereke eo.—1 Johane 2:19.

Fa motho a sa tlhole a rera kgotsa a tla dipokanong tsa lona, a lo tsaya gore motho yoo o tlogetse go nna Mosupi wa ga Jehofa?

 Nnyaa, ga re dire jalo. Fa motho a koafetse mo tumelong, seo ga se reye gore ga e tlhole e le Mosupi wa ga Jehofa. Gantsi batho ba ba sa tleng dipokanong tsa rona ga se gore ba tlogetse go nna Basupi, ba a bo ba kgobegile marapo. Go na le gore re itlhokomolose batho ba ba ntseng jalo, re leka go ba gomotsa le go ba ema nokeng. (1 Bathesalonika 5:14; Jude 22) Fa e le gore ba batla go thusiwa, bagolwane ba ipha nako ya go ba thusa.—Bagalatia 6:1; 1 Petere 5:1-3.

 Mme gone bagolwane ga ba na tshwanelo ya go pateletsa motho gore a tswelele e le Mosupi wa ga Jehofa. Mongwe le mongwe o itlhophela gore o batla go nna leloko la bodumedi bofe. (Joshua 24:15) Re dumela gore motho o tshwanetse go direla Modimo ka gonne a mo rata.—Pesalema 110:3; Mathaio 22:37.