Fetela kwa tshedimosetsong

Goreng Lo sa Ye Ntweng?

Goreng Lo sa Ye Ntweng?

 Basupi ba ga Jehofa ga ba ye ntweng ka ntlha ya mabaka a a latelang:

  1.   Ba ikobela Modimo. Baebele ya re batlhanka ba Modimo ba tla “thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma” e bile “ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.”—Isaia 2:4.

  2.   Ba ikobela Jesu. Jesu o ne a raya moaposetoloi Petere a re: “Busetsa tšhaka ya gago mo lefelong la yone, gonne botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.” (Mathaio 26:52) Ka go rialo, Jesu o ne a bontsha gore balatedi ba gagwe ba ne ba ka se dirise dibetsa tsa ntwa.

     Barutwa ba ga Jesu ba ikobela taelo ya gagwe ya gore ba ‘se nne karolo ya lefatshe,’ ka go sa nne le seabe gotlhelele mo dipolotiking. (Johane 17:16) Ga ba kgatlhanong le ditiro tsa bosole e bile ga ba leke go nna kgatlhanong le batho ba ba tlhophang tirelo ya bosole.

  3.   Ba rata batho ba bangwe. Jesu o laetse barutwa ba gagwe gore ba “ratane.” (Johane 13:34, 35) Ka jalo, ba ne ba tla nna bakaulengwe ba lefatshe lotlhe ba go neng go se kitla go nna ope wa bone yo o lwang le mokaulengwe wa gagwe kgotsa kgaitsadie.—1 Johane 3:10-12.

  4.   Ba latela sekao sa Bakeresete ba bogologolo. Encyclopedia of Religion and War ya re: “Balatedi ba ntlhantlha ba ga Jesu ba ne ba gana go tsena mo ntweng le go dira tiro ya sesole,” ba lemoga gore ditiro tse di ntseng jalo “ga di tsamaisane le mokgwa wa ga Jesu wa lorato le taelo ya gore motho a rate baba ba gagwe.” Ka tsela e e tshwanang, moithutabodumedi wa Mojeremane e bong Peter Meinhold o ne a bolela jaana ka barutwa ba bogologolo ba ga Jesu: “Go ne go tsewa go sa tshwanele gore Mokeresete a nne lesole.”

Go ema setšhaba nokeng

 Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba molemo mo setšhabeng e bile ga ba tsenye matshelo a batho ba dinaga tse ba nnang mo go tsone mo kotsing. Re tlotla taolo ya dipuso go dumalana le ditaelo tseno tse di mo Baebeleng:

  •   ‘Lo nne mo taolong ya balaodi ba bagolo.’—Baroma 13:1.

  •   “Jalo, duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.”—Mathaio 22:21.

 Ka jalo, re ikobela molao, re duela makgetho e bile re ema puso nokeng mo maitekong a yone a go thusa batho.