Fetela kwa tshedimosetsong

Batho ba Bantsi ba Etela Lekala la Central America

Batho ba Bantsi ba Etela Lekala la Central America

Ka 2015, batho ba ka nna 175 000 ba ile ba etela ofisi ya lekala la Basupi ba ga Jehofa kwa Central America kwa Mexico. Go ne go tla batho ba ka nna 670 ka letsatsi! Batho ba ne ba tla ka makatlanamane ba tsamaya malatsi ka dibese. Bangwe ba ne ba feditse dikgwedi ba rulaganya loeto loo.

“Porojeke Ya go Ya Bethele”

Bangwe ba ile ba tlhoka go intsha setlhabelo gore ba kgone go etela Bethele. Ka sekai, maloko a le mantsi a phuthego ya kwa kgaolong ya Veracruz kwa Mexico a ne a se na madi a go duelela loeto lwa dikilometara di le 550 ka bese. Ka jalo, ba ne ba tlhama se ba ileng ba se bitsa “Porojeke Ya go Ya Bethele.” Ba ne ba ikgaoganya ka ditlhopha ba bo ba ya go rekisa dijo. Gape ba ne ba rekisa dibotlolo tsa polasetiki. Morago ga dikgwedi di le tharo, ba ne ba na le madi a go duela loeto lwa bone.

A matsapa a bone e ne e le a bophiri? Le e seng. Ka sekai, lekawana lengwe la mo phuthegong eo e bong Lucio a re: “Go ya Bethele go nthusitse gore ke batle go direla Modimo mo go oketsegileng e bile gone jaanong ke thusa thata mo phuthegong.” Elizabeth wa dingwaga tse 18 a re: “Fa ke le kwa Bethele, ke ile ka bona gore batho ba ba direlang Jehofa ba utlwana fela thata. Ke ile ka tlhotlheletsega go direla Modimo mo go oketsegileng mme gone jaanong ke fetsa nako e ntsi mo tirong ya go ruta batho Baebele.”

Ba Tla ka Bontsi

Ka dinako tse dingwe go ne go tla batho ba le bantsi ka letsatsi. Batho ba ba rulaganyang maeto kwa Bethele ba ne ba dira ka natla go amogela batho botlhe. Lizzy a re: “Ke itumela tota fa ke bona batho ba bantsi ba etile. Tumelo ya me e a gola fa ke bona batho ba itumelela dilo tse ba di bonang le fa ke utlwa ka dilo tse ba neng ba tshwanelwa ke go di itima gore ba kgone go etela lekala leno.”

E re ka batho ba ne ba le bantsi, batho ba ba berekang mo mafapheng a mangwe a Bethele ba ile ba tlogela ditiro tsa bone gore ba kgone go tsamaisa baeng. Le fa seo se raya gore tiro ya bone e ne e tla salela kwa morago, ba itumelela go bona baeng. Juan a re: “Fa ke bona tsela e baeng ba rona ba itumetseng ka yone, seo se dira gore ke lemoge gore matsapa a me e ne e se a bophiri.”

“Bana ba di Rata Tota”

Bana le bone ba rata go etela kwa Bethele. Noriko yo o berekang mo Lefapheng la Dikhomputara a re: “Ke botsa bana ba ke ba tsamaisang gore a ba ka rata go tla go bereka mo Bethele. Mme botlhe ba a dumela.” Lefelo le bana ba ratang go ya kwa go lone thata ke kwa go beilweng Kabo gone. Kabo le Masego ke dipopae tse di tshamekang mo dibidiong tsa bana tsa Nna Tsala ya ga Jehofa mme bana ba rata go itsaya ditshwantsho le bone. Noriko a re “bana ba di rata tota.”

Bana ba le bantsi ba re ba leboga tiro e e dirwang kwa Bethele. Ka sekai, mosimane mongwe wa kwa Mexico yo o bidiwang Henry o ipeela madi gore a kgone go a ntsha fa a etetse kwa Bethele. Fa a ne a ntsha madi ao, o ne a tsenya lekwalo le le reng: “Tsweetswee dirisang madi ano go printa dikgatiso tse di oketsegileng. Re leboga go bo lo direla Jehofa.”

Le Wena o ka Tla go Eta

Basupi ba ga Jehofa ba itumela tota fa batho ba tla go etela diofisi le mafelo a ba printelang mo go one. Re go rotloetsa gore o ete fa e le gore o ka rata go bona lekala lengwe. Ruri o tla itumelela go bona lekala la rona. Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng tsena mo karolong ya KA GA RONA > DIOFISI & MAETO.