Fetela kwa tshedimosetsong

Ba Thusitswe Gore ba se Ipolaye

Ba Thusitswe Gore ba se Ipolaye

FA Basupi ba ga Jehofa ba babedi ba rera ka ntlo le ntlo ba ne ba kokota mo ntlong nngwe. Go ne ga bula monna mongwe yo o hutsafetseng; ka fa morago ga gagwe go ne go na le kgole e e leketlang mo ditepising.

Fa Basupi ba sena go tsena, ba ne ba mmotsa gore kgole eo ke ya eng. Monna yono o ne a ba bolelela gore o ne a batla go ikgwagetsa, ke fa ba kokota a bo a ya go bula. Basupi bano ba ne ba tlotla le monna yono ba bo ba ya le ene kwa ngakeng, e e neng ya mo thusa.

Kgang eno e ne ya tlhaga mo lokwalodikgannyeng lwa kwa Belgium. Le fa go ntse jalo, leno ga se lone fela lekgetlo le Basupi ba ga Jehofa ba thusitseng batho gore ba se ipolaye. Utlwa ka dikgang tse dingwe tse di tshwanang le eno mo lefatsheng lotlhe.

Mosadi mongwe wa kwa Gerika o ne a kwala jaana: “Ke ne ke utlwisitswe botlhoko thata ke motho yo ke neng ke ratana le ene mo ke neng ka tshwenyega thata mo maikutlong. Seo se ne sa nkama tota mo ke neng ka batla go ipolaya. Ke ne ke tsaya gore go ipolaya go tla nkimolola—ke ne ke batla go fedisa botlhoko jo ke neng ke bo utlwa.”

Go na le gore mosadi yono a ipolaye o ne a kopa thuso ya tsa kalafi. Nakwana morago ga moo, o ne a ikgolaganya le Basupi mme a simolola go ithuta Baebele a bo a ya dipokanong. O ne a kwala jaana: “Bakaulengwe ba ne ba mpontsha lorato lo e seng lwa bopelotshetlha lo ke neng ke sa bolo go lo batla mo dingwageng tseno tsotlhe. Ke na le ditsala tsa mmatota tse nka di ikanyang. Ke ritibetse e bile ke itumetse, ga ke tshwenyege ka isagwe.”

Mosupi mongwe kwa Engelane o kwala jaana: “Mongwe wa batho ba ke ba tlwaetseng o ne a nteletsa a kgobegile marapo fela thata, a mpolelela gore o ne a tlile go ipolaya mo bosigong joo. Ke ne ka tlotla le ene ke dirisa dintlha tsa setlhogo se se mo Tsogang! ya May 2008 se se kgalang go ipolaya mme ka mmalela ditemana tse di kgothatsang. Le fa gone mathata a gagwe a sa fela, ga a tlhole a batla go ipolaya.”

Kwa Ghana, Michael yo e leng Mosupi wa ga Jehofa o ne a tlotla le lekgarebe lengwe le le neng le rekisa dilwana kwa Michael a berekang gone. Ka letsatsi lengwe Michael o ne a lemoga gore lekgarebe leno le ne le tshwenyegile thata mo maikutlong mme a mmotsa gore matsapa di a tsaya kae.

O ne a re o batla go ipolaya ka gonne monna wa gagwe a mo tlogetse a bo a nna le mosadi yo mongwe. Michael o ne a mo kgothatsa a bo a mo naya dibuka tse pedi tse di tlhalosang Baebele. Tshedimosetso eo e ne ya dira gore a se tlhole a batla go ipolaya. Mosadi yono o ne a tswelela a ithuta Baebele e bile gone jaanong ke Mosupi wa ga Jehofa.

Lokwalodikgang longwe kwa United States lo ne lwa bega gore fa mosha mongwe wa Mosupi a le mo bodireding o ne a bona koloi e e neng e eme mme e ntse e duma.

Lekawana leno le ne la re: “Ke ne ka bona lethompo le le bophara jwa disentimetara di ka nna 10 le le neng le golagantswe le phaepe ya exhaust. Lethompo leo le ne le tsentswe mo fensetereng ya koloi e e neng e tswetswe ka theipi.

“Ke ne ka tabogela kwa koloing, mme fa ke leba ka fensetere ka bona mosadi yo o lelang a hupeditswe ke mosi wa exhaust. Ke ne ka goa ka re: ‘O dirang?’

“Fa ke atamela gore ke bule ke ne ka bona bana ba bararo mo setulong se se kwa morago. Fa ke bula lebati ke fa a re: ‘Ke batla go tsamaya! Ke batla go tsamaya! Ke batla go tsamaya le banake.’

“Ke ne ka mo raya ka re: ‘Tsweetswee o se ka wa ipolaya, eno ga se yone tsela ya go rarabolola mathata!’

“O ne a re: ‘Ke batla go ya legodimong. Ke batla go tsamaya le banake.’

“Fa a ntse a lela, ke ne ka khubama—le nna ke ne ka tsholola dikeledi. Ke ne ka mo kopa gape ka re, ‘Tsweetswee o se ka wa ipolaya.’ Ke ne ka mo tshwara mme ka mo ntsha mo koloing.

“O ne a goa a re, ‘Ntsha le banake!’

“Ba ne ba tsholeletsa mabogo a bone mo go nna. E ne e le basetsana ba babedi, wa dingwaga di le nnè le wa dingwaga di le tlhano le mosimane wa dingwaga tse pedi. Ba ne ba ntse mo setulong se se kwa morago mo koloing ba sa itse gore ba ne ba le gaufi le go swa.

“Fa ke sena go ba ntsha botlhe mo koloing, ke ne ka e tima. Rotlhe re le batlhano re ne ra nna mo bophaphathong jwa tsela mme ka re, ‘A re ka bua ka kgang eno?’”

Basupi ba ga Jehofa ba tsaya botshelo e le mpho e e tlhwatlhwakgolo e e tswang kwa Mmoping wa rona. Mo lefatsheng lotlhe ba iketleeditse go gomotsa batho ba baratiwa ba bone ba ipolaileng le go thusa ba ba lekang go ipolaya.

Utlwa mo go oketsegileng: Ke eng fa ke sa fedise botshelo jwa me?