Fetela kwa tshedimosetsong

Go Thusa Batho ba ba Tshabetseng Kwa Yuropa

Go Thusa Batho ba ba Tshabetseng Kwa Yuropa

Bosheng jaana batho ba le bantsi go tswa kwa Afrika, Middle East le South Asia ba ile ba tshabela kwa Yuropa. Mekgatlho ya puso go akaretsa le baithaopi bangwe ba ile ba thusa batho bano ka dijo, lefelo la bonno le ka tsa kalafi.

Mme go na le dilo tse dingwe gape tse batho bano ba di tlhokang. Bontsi jwa bone ba ile ba diragalelwa ke dilo tse di botlhoko, ka jalo ba tlhoka go gomodiwa le go newa tsholofelo. Basupi ba ga Jehofa ba kwa Yuropa ba leka go thusa batho bano ka go ba reetsa le go ba bolelela ka dilo tse di gomotsang tse di mo Baebeleng.

Go ba Gomotsa ka Baebele

Fa e sa le go tloga ka August 2015, Basupi ba ba tswang kwa diphuthegong di feta 300 tsa Austria le Jeremane ba ile ba tsaya matsapa a go gomotsa batshabi bano. Basupi ba ile ba lemoga gore batho bano ba batla go itse dikarabo tsa dipotso tse di jaaka:

Magareng ga August le October 2015, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba otara dikgatiso tsa Baebele di le dintsi go tswa kwa lekaleng la Central Europe mme ba ile ba di naya batshabi bano mahala.

Ba Rerela Batshabi Le fa Ba sa Itse Dipuo Tsa Bone

Bontsi jwa batshabi bano ga ba itse dipuo tse dingwe. Ka jalo, Basupi ba dirisa website ya jw.org e e nang le dikgatiso le dibidio tsa dipuo tse di farologaneng. Matthias le Petra ba ba ithaopileng kwa Erfurt, Jeremane ba re: “Ka dinako tse dingwe re bua le bone re dirisa diatla, ditshwantsho le go ba torowela.” Gape Basupi ba dirisa app ya JW Language go bontsha batho molaetsa wa Baebele ka dipuo tsa bone. Basupi ba bangwe ba dirisa app ya JW Library go bontsha batho ditemana le dibidio.

Ba Tsiboga ka Tsela e e Gakgamatsang!

Banyalani ba kwa Schweinfurt, Jeremane ba re: “Re ne re dikaganyeditswe ke batho ba le bantsi. Batshabi ba ile ba tsaya dikgatiso di ka nna 360 mo sebakeng sa diura di le pedi le halofo. Bangwe ba ne ba oba ditlhogo go bontsha gore ba a leboga.” Wolfgang yo o ithaopileng kwa Diez, Jeremane a re: “Batshabi bano ba itumela tota fa ba bona gore go na le mongwe yo o ba kgathalelang. Ka dinako tse dingwe ba kopa dikgatiso ka dipuo di le tlhano kgotsa di le thataro.”

Batshabi ba le bantsi ba bala kgatiso fa Basupi ba sena go ba e naya mme ba bangwe ba ne ba boa go tla go re leboga. Ilonca wa kwa Berlin, Jeremane a re: “Makawana a mabedi a ne a tsaya dikgatiso mo go rona. Morago ga metsotso e se kae, ba ne ba boa ba re tletse borotho. Mme ba ne ba kopa maitshwarelo go bo ba re leboga ka tsela eno.”

“Re a Leboga! Re Leboga go Menagane!”

Badirediloago (social workers), badiredipuso le baagelani ba ile ba leboga Basupi ka ntlha ya matsapa a ba a tsayang go thusa batho bano. Modirediloago mongwe yo o tlhokomelang batshabi ba le 300 o ne a re: “Re a leboga! Re leboga go menagane go bo lo amega ka batho bano ba ba tswang kwa dinageng di sele!” Modirediloago yo mongwe yo o thusang batshabi o ne a bolelela Basupi gore ba dira tiro e ntle tota ka go naya batho bano sengwe se ba ka se balang ka puo ya bone “ka gonne batho bano ga ba a sala ka sepe fa e se dijo tse ba di jang fela.”

Marion le monna wa gagwe e bong Stefan ba ba nnang kwa Austria, ba ile ba tlhalosetsa mapodise a mabedi lebaka la go bo ba ithaopile go tla go thusa batshabi. Mapodise ao a ile a ba leboga le go ba kopa dibuka tse pedi. Marion a re: “Mapodise a ne a sa fetse go re akgolela tiro ya rona.”

Mosadi mongwe wa kwa Austria yo o neng a tlhola a isa dilwana kwa kampeng ya batshabi o ile a lemoga gore Basupi ba ne ba tla go thusa le fa maemo a bosa a ne a sa jese diwelang. Letsatsi lengwe o ne a ba raya a re: “Ke nnete gore batshabi bano ba tlhoka dilo tse ba ka itshedisang ka tsone. Mme se ba se tlhokang le go feta ke tsholofelo e lona lo ba nayang yone.”