Fetela kwa tshedimosetsong

Ba Bolelele Gore O a Ba Rata

Ba Bolelele Gore O a Ba Rata

Ong-li ke Mosupi wa ga Jehofa yo o nnang kwa Bulgaria. O ne a ithuta Baebele le Zlatka mme monna wa ga Zlatka ene o ne a sa ithute Baebele le bone. Ong-li a re: “Ka nako ya fa re ithuta ka botshelo jwa lelapa, ke ile ka gatelela ntlha ya gore go botlhokwa go bolelela motho yo o mo nyetseng le bana ba gago gore o a ba rata. Zlatka o ile a nteba a bo a mpolelela gore ga a ise a tsamaye a bolelele monna wa gagwe kgotsa ngwana wa gagwe wa dingwaga tse robonngwe gore o a ba rata.”

Zlatka o ne a re: “Nka ba direla sengwe le sengwe mme ga ke kgone go ba bolelela gore ke a ba rata. Lebaka ke gore mama ga a ise a tsamaye a mpolelele gore o a nthata e bile le nkoko ga a ise a tsamaye a bolelele mama gore o a mo rata.” Ong-li o ile a bontsha Zlatka temana e mo go yone Jehofa a bolelelang Jesu gore o a mo rata. (Mathaio 3:17) O ile a kgothaletsa Zlatka gore a rapelele kgang eno le go leka go bolelela monna wa gagwe le ngwana wa gagwe gore o a ba rata.

Ong-li a re: “Morago ga malatsi a mabedi, Zlatka o ile a tla kwa go nna a itumetse a bo a mpolelela gore o kopile Jehofa gore a mo thuse ka kgang eno. A re fa monna wa gagwe a goroga, o ile a mmolelela gore o ithutile mo Baebeleng gore mosadi o tshwanetse go tlotla monna wa gagwe le go mo rata. Zlatka a re o ile a didimala go se kae, a bo a mmolelela gore o a mo rata. Mme fa ngwana wa gagwe a goroga, o ile a mo tlamparela a bo a mmolelela gore o a mo rata. Zlatka o ile a nthaya a re: ‘Jaanong ke ikutlwa ke imologile. Dingwaga tse tsotlhe ke ntse ke sa kgone go bolelela ngwanake le monna wa me gore ke a ba rata, mme Jehofa o ile a nthusa go dira jalo.’

Ong-li o sa ntse a bolelela baagelani ba gagwe gore ba ithute Baebele

Ong-li a re: “Morago ga beke, ke ile ka kopana le monna wa ga Zlatka mme o ne a mpolelela gore batho ba le bantsi ba ne ba sa batle gore mosadi wa gagwe a ithute Baebele, mme ene o a itumela ka gonne o a bona gore go ithuta Baebele go dirile gore lelapa la gagwe le itumele. A re gone jaanong go monate mo lenyalong la bone.”