Fetela kwa tshedimosetsong

Letsholo la go Rera Kwa Mafelong A a Fa Thoko ga Noka ya Maroni

Letsholo la go Rera Kwa Mafelong A a Fa Thoko ga Noka ya Maroni

Sekgwa sa Amazon kwa South America se kgakala le toropo, mme batho ba koo ke ba ditso le diteme tse di farologaneng. Ka July 2017, Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 13 ba ne ba ya kwa mafelong a a fa thoko ga noka ya Maroni le kwa metseng ya French Guiana. Maikaelelo a bone e ne e le go rerela batho ba ba nnang fa thoko ga noka eo molaetsa wa tsholofelo o o tswang mo Baebeleng.

Ba Ipaakanyetsa Letsholo

Kgwedi pele letsholo leno le simolola, ba ne ba kopana gore ba tle ba ipaakanyetse loeto. Winsley a re: “Re ne ra ithuta ka lefelo leno, ditso le puo ya bone gore re kgone go ipaakanyetsa loeto leno.” Mongwe le mongwe wa bone o ne a neilwe beke e e sa tsenweng ke metsi gore a tsenye nnete e e thibelang menang, le hammock kgotsa letloa le a neng a tla robala mo go lone. Ba ne ba tshwanelwa ke go palama difofane gabedi, le go tsamaya diura di le dintsi ka mekoro.

Claude le Lisette

Ba ba neng ba laleditswe go tla mo letsholong leo, ba ne ba ikutlwa jang? Claude le Lisette ba ba mo dingwageng tsa bo 60, ba ile ba amogela taletso eno. Claude a re: “Ke ne ke itumetse tota mme gape ke tshogile ka gore ke ne ke utlwaletse ka dinoka tsa koo tse di kotsi.” Lisette ene a re: “Ke ne ke tshwenyegile ka gore a ke ne ke tla kgona go bua dipuo tsa kwa Amerindia.”

Mmoledi mongwe yo o bidiwang Mickaël le ene o ne a ikutlwa ka tsela e e tshwanang. A re: “Re ne re sa itse sepe ka batho ba lotso lwa Se-Wayana, ka jalo ke ile ka dira dipatlisiso mo Internet tsa go ithuta mafoko mangwe le ditumediso ka puo ya bone.”

Shirley le monna wa gagwe Johann ba ile ba dira lenaane la dipuo tse di buiwang koo. Shirley a re: “Re ile ra itseela di bidio mo jw.org tsa dipuo tseo, re bo re batla buka ya mafoko a a rutang Se-Wayana.”

Fa re Goroga Kwa Nageng ya Ba-Amerindia

Ka Labobedi July 4, baboledi bano ba ile ba palama sefofane kwa Saint-Laurent du Maroni mme ba ya kwa toropong nngwe e e kwa French Guinea kwa Maripasoula.

Setlhotshwana seno se ne sa tsamaya malatsi a le mane ka dikepe tse di bidiwang di-pirogue mo nokeng ya Maroni, ba rerela metse e e mo thoko ga noka eno. Roland yo le ene a neng a le mo setlhotshwaneng seo, a re: “Ba-Amerindia ba ne ba kgatlhega thata fa re tlotla le bone ka molaetsa wa Baebele. Ba ne ba botsa dipotso tse dintsi, e bile ba bangwe ba batla go ithuta Baebele.”

Fa Johann le Shirley ba goroga kwa motseng wa Elahé, ba ne ba kopana le banyalani bangwe ba ba neng ba utlwisitswe botlhoko ke gore mongwe wa losika o ipolaile. Johann a re: “Re ne ra ba bontsha bidio ya A Native American Finds His Creator,” mo JW Broadcasting. Bidio eno e ne ya ba ama fela thata, ba ne ba re naya aterese ya bone ya e-mail, gore re kgone go nna re bua le bone.”

Motse o mongwe o o kgakala o ba neng ba ya kwa go one ke Antécume Pata. Fa ba goroga ba ne ba lapile, mme kgosi e ne ya ba letlelela gore ba bofelele di-hammock kgotsa matloa a ba robalang mo go one mo ditlhareng. Gape ba ne ba tlhapela mo nokeng jaaka batho ba koo.

Go tswa foo ba ne ba ya kwa motseng o o bidiwang Twenké. Fa ba goroga ba ne ba fitlhela batho ba koo ba hutsafetse ka gonne ba fetsa go tlhokafalelwa. Éric yo le ene a leng mo setlhopheng seo a re: “Kgosi ya motse e ne ya re letlelela gore re tsamaye re kgothatsa botlhe ba ba hutsafetseng. Kgosi le lelapa la gagwe ba ne ba itumelela ditemana tsa Baebele tse re neng re ba balela tsone go tswa mo Baebeleng ya Se-Wayana, gape re ne ra ba bontsha dibidio tsa Baebele tse di buang ka tsogo.”

Loeto Lwa go ya Grand Santi le Apatou

Go ile ga tsaya baboledi bano metsotso e le 30 go tswa kwa Maripasoula go ya kwa toropong e nnye e e bidiwang Grand-Santi. Ka Labobedi le Laboraro, ba ne ba rerela batho ba motse oo. Ka Labone, Basupi bano ba ne ba tsaya loeto lo lo leele lo lo neng lo tsaya diura di le tlhano le halofo go ya kwa motseng o o bidiwang Apatou o o mo thoko ga noka ya Maroni.

Noka ya Maroni le sekgwa sa Amazon se se mogare ga Maripasoula le Grand-Santi

Mo letsatsing la bofelo la loeto lono, ba ne ba etela motse wa Ba-Maroon ba e leng ditlogolwana tsa batho ba ba neng ba isiwa bokgobeng kwa South America ka nako ya fa lefatshe la bone le ne le busiwa ke naga ya Suriname. Go ne ga tlhomiwa tente, go tswa foo Basupi bano ba bo ba laletsa batho botlhe ba motse go tla dipokanong. Claude a re: “ Re ne re itumetse tota fa re bona go tlile batho ba le bantsi. Kana ke gone re neng re ba laletsa mo mosong oo!” E ne e le lantlha Karsten a nna gone mo letsholong leno, mme o ne a neela puo ya phatlalatsa ka se Aukan ya setlhogo se se reng “A Botshelo Jono ke Jone Jotlhe jo bo Gone?” Go ne ga tla batho ba le 91 ba ba neng ba tswa kwa metseng e e farologaneng.

“Re Lebile Pele go Dira Letsholo Leno Gape!”

Fa ba fetsa, baboledi bano ba ne ba boela kwa Saint-Laurent du Maroni. Basupi bano ba ne ba itumetse ka gonne batho ba le bantsi ba ne ba amogetse dikgatiso e bile ba lebile dibidio di le dintsi tsa Basupi ba ga Jehofa.

Lisette a re: “Ga ke go tlhalosa tsela e ke itumeletseng letsholo leno ka yone.” Cindy o dumalana le ene, a re: “Fa letsholo leno le ka dirwa gape, ke a go ikopela go tsamaya. Monate wa teng o ka o tlhaloganya fela fa o ka o ikutlwela!”

Monate wa teng o dirile gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba eletse go dira letsholo leno gape. Mickaël a re: “Re lebile pele go dira letsholo leno gape!” Winsley o ne a fudugela kwa Saint-Laurent du Maroni. Claude le Lisette, ba ne ba swetsa ka gore ba fudugele kwa Apatou.