Fetela kwa tshedimosetsong

Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 1

Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 1

‘Nka bua jang le batsadi ba me?’ ‘Nka dira jang ditsala?’ ‘Ke eng se se phoso ka go itlosa bodutu ka tlhakanelodikobo?’ ‘Ke eng fa ke nna ke hutsafetse jaana?’

Fa e le gore o kile wa ipotsa dipotso tseo, itse gore ga se wena fela. Go ikaegile ka gore o ile wa batla thuso kae, o ka tswa o ile wa newa dikarabo tse di ganetsanang. Buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 1, e ka go thusa. Kgakololo ya yone e theilwe mo melaometheong e e mosola e e fitlhelwang mo Baebeleng. Lefoko la Modimo le thusitse batho ba le dimilionemilione gore ba kgone go lebana le dikgwetlho tsa botshelo ka katlego. Bona kafa le ka go thusang ka teng!

Bolumo eno e na le dikarolo tse di latelang:

  • Go Dirisana le ba Lelapa

  • Se o Leng Sone

  • Mo Tlelaseng Le fa O se Mo Tlelaseng

  • Tlhakanelodikobo, Boitsholo le Lorato

  • Mekgwa E e Ka go Gobatsang

  • Nako ya Gago ya go Iketla

  • Kobamelo ya Gago

  • Dintlha Tse di Oketsegileng Tsa Batsadi

O ka itseela buka eno e le ka PDF, kgotsa o ka ikopela buka e e gatisitsweng ka go kwalela kwa diofising tsa rona.

Ela tlhoko: Gone jaanong PDF ya buka eno e na le diphatlha tse o ka kwalang mo go tsone. Fa sedirisiwa sa gago se o tsenang mo Internet ka sone se na le software e e kgonang go dira jalo, o ka kwala dikakgelo le dikarabo tsa gago mo bukeng eno.