Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Go Ratana—Karolo 2: Ke Tshwanetse go Lebelela Eng fa ke Ratana?

Go Ratana—Karolo 2: Ke Tshwanetse go Lebelela Eng fa ke Ratana?

 O kgatlhegela mongwe yo o kopaneng le ene, e bile lo dirile tshwetso ya go simolola go intsha go bona gore a lo a tshwanelana gore lo ka nyalana. Lo tshwanetse go solofela eng fa lo ntse lo itsane botoka?

Mo setlhogong seno

 Itse gore lo tshwanetse go bulelana mafatlha

 Fa wena le motho yo o ratanang le ene lo fetsa nako mmogo, lo tla itsane botoka. O tla ithuta dilo dingwe ka ene fa o lebile tsela e a itshwarang ka yone.

 Mme gone, go na le dilo tse dingwe tse bobedi jwa lona lo tla tshwanelwang ke go bulelana mafatlha mo go tsone. Fa lo ntse lo bua ka tsone, lekang go akanyetsa dilo sentle lo se ka lwa laolwa ke maikutlo ka gonne seo se ka dira gore lo se ka lwa dira ditshwetso tse di siameng.

 Dingwe tsa dilo tse lo tshwanetseng go bua ka tsone ke tseno:

  •   Madi. A o na le dikoloto? A go thata go laola tsela e o dirisang madi ka yone? Fa lo ka nyalana, wena le molekane wa gago lo tla dira jang tshwetso ya gore lo tla dira madi jang le gore lo tla a dirisa jang?

  •   Botsogo. A o a lwala? A o kile wa lwala thata mo nakong e e fetileng?

  •   Mekgele. O batla go fitlhelela eng mo botshelong? A wena le motho yo o ratanang le ene lo na le mekgele e e tshwanang? Fa lo sena go nyalana a o tla tswelela o itumetse fa maemo a botshelo a ka dira gore lo palelwe ke go fitlhelela mekgele ya lona?

  •   Lelapa. A o na le maikarabelo a go tlhokomela bangwe mo lelapeng? A o akanya gore o ka nna le maikarabelo ao mo nakong e e tlang? A o batla go nna le bana? Fa e le gore o a ba batla, o batla ba le kae?

 Fa lo ntse lo tlotla ka dilo tseno, bua se se mo pelong mme o se ka wa fitlha sepe ka gonne fela o batla go kgatlha motho yo o ratanang le ene.—Bahebera 13:18.

 Akanya ka seno: O tlhoka go itse eng ka motho yo o ratanang le ene? Motho yoo ene o tlhoka go itse eng ka wena? Go bua lo sa fitlhelane sepe gone jaanong, go ka lo thusa jang gore lo kgone go bolelelana boammaaruri fa lo setse lo dirile tshwetso ya gore lo nyalane?

 Molaomotheo wa Baebele: “A mongwe le mongwe a bue boammaaruri le mongwe ka ene.”—Baefeso 4:25, Tswana Central.

 “Mosetsana a ka nna a akanya gore, ‘Mo dikgweding di le thataro re tla bo re setse re dumalane gore re a nyalana,’ mme mosimane ene a ka tswa a akanya gore seo se tla direga morago ga ngwaga. Seo se ka nna sa dira gore mosetsana a feleletse a utlwile botlhoko ka gonne se a neng a se lebeletse ga se tsamaisane le maikalelo a mosimane. Go botlhokwa gore lo dumalane ka kgang eo.”—Ariana, yo o nang le ngwaga a nyetswe.

 Itseng gore lo ka se dumalane ka sengwe le sengwe

 Batho ga ba tshwane. Ka jalo, o se ka wa akanya gore wena le motho yo o ratanang le ene lo tla dumalana ka sengwe le sengwe kgotsa lo tla ikutlwa ka tsela e e tshwanang. Ka sekai, tsela e o godisitsweng ka yone le setso sa gago di ka tlhotlheletsa kafa o akanyang ka gone.

 Akanya ka seno: Fa lo sa dumalane ka dikgang tse di sa reng sepe, e le gore go nne le kagiso, a lo iketleeleditse go letla yo mongwe go dira se a akanyang gore se siame fa fela seo se sa tlole melaometheo ya Baebele?

 Molaomotheo wa Baebele: “A batho botlhe ba bone gore ga lo tlhogoethata.”—Bafilipi 4:5.

 “Le fa gone lo ka akanya gore lo a tshwanelana, ga lo kitla lo dumalana ka sengwe le sengwe. Go botlhokwa gore lo tshwanelane le fa go ntse jalo, tsela e lo itshwarang ka yone fa lo sa dumalane e botlhokwa le go feta.”—Matthew, yo o nang le dingwaga di le tlhano a nyetse.

 Itse gore go ithuta motho yo mongwe ga go motlhofo

 Go ithuta motho go ka go tlhoka nako e ntsi mme gape go ka dira gore o nne le seterese. Ke eng se se ka go thusang?

 Nna tekatekano. O se ka wa tlhoma mogopolo thata mo go rataneng ga gago mo o feleletsa o itlhokomolosa maikarabelo a gago le ditsala tsa gago. Alana, yo o nang le dingwaga di le tlhano a nyetswe a re: “O sa ntse o tla tlhoka ditsala tsa gago fa o se na go nyala, le tsone di sa ntse di tla go tlhoka. O se ka wa ba itlhokomolosa ka gonne o simolotse go ratana.”

 Gopola gore morago ga go nyala o sa ntse o tla tlhoka go tlhoma mogopolo mo dilong tse dingwe mo botshelong. Go ka nna molemo gore o simolole go dira seno fa lo sa ntse lo ratana.

 Akanya ka seno: A o batla motho yo o ratanang le ene a fetse nako e ntsi thata le wena le gore a tlhome mogopolo fela mo go wena go sa tlhokege? A o ikutlwa e kete motho yo o ratanang le ene o batla mo go oketsegileng mo go wena go feta ka fa go tlhokegang ka teng? Fa lo ratana lo tlhoka go nna tekatekano gore mongwe mo go lona a se ka a feleletsa a lapisiwa ke kamano ya lona?

 Molaomotheo wa Baebele: “Sengwe le sengwe se na le nako ya sone, nako ya tiro nngwe le nngwe”—Moreri 3:1.

 “Fa e le gore batho ba ba ratanang ba fetsa nako ba intsha bodutu fela, lenyalo le ka ba gakgamatsa. Go molemo gore batho ba ba ratanang ba dire dilo dingwe mmogo tse di jaaka go ya dishopong, go dira ditiro tsa mo gae le go obamela Modimo. Seno se tla ba thusa go thaya motheo o o nonofileng mo lenyalong la bone.”—Daniel, yo o nang le dingwaga di le pedi a nyetse.

 Se lebale gore go intsha le motho ke sengwe sa nakwana se se tla lo thusang go dira tshwetso ya gore a lo tla nyalana kgotsa lo tla kgaogana. Karolo 3 ya motseletsele wa setlhogo seno e tla go thusa go bona gore o tlhoka go akanya ka eng pele o dira tshwetso eno.