Fetela kwa tshedimosetsong

Dithulaganyo Tsa go Bala Baebele

Dithulaganyo Tsa go Bala Baebele

Baebele e na le botlhale jo bo mosola. Fa o bala Baebele ka metlha, o tlhatlhanya ka se o se ithutang, e bile o se dirisa mo botshelong jwa gago “o tla dira gore tsela ya gago e atlege.” (Joshua 1:8; Dipesalema 1:1-3) O tla itse Modimo le Morwawe e bong Jesu Keresete, mme seo se ka dira gore o bolokwe.​—Johane 17:3.

A go na le thulaganyo nngwe e o ka e latelang fa o bala dibuka tsa Baebele? O ka itlhophela thulaganyo e o e ratang. Thulaganyo eno e tla go thusa go bala dibuka tsa Baebele kafa di latelanang ka gone kgotsa o ka itlhophela go bala dibuka tsa setlhogo se se rileng. Ka sekai, o ka bala karolo e e rileng ya hisitori ya kafa Modimo a ileng a dirisana ka gone le setšhaba sa Iseraele wa bogologolo. O ka bala dibuka tse di buang ka phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga, go utlwa gore e simologile jang le gore e ile ya gola jang. Fa o bala dikgaolo tse di mo thulaganyong eno letsatsi le letsatsi, e tla re fa ngwaga o wela o tla bo o feditse go bala Baebele yotlhe.

Fa e le gore o batla thulaganyo e e tla go thusang go bala Baebele letsatsi le letsatsi, e e tla go thusang go bala Baebele mo ngwageng, kgotsa e e tla go thusang go simolola go bala Baebele, thulaganyo eno e tla go thusa fela thata. Itseele thulaganyo eno ya go bala Baebele o bo o simolola go e dirisa gompieno.