Fetela kwa tshedimosetsong

Baebele ya Reng ka go Itima Dijo?

Baebele ya Reng ka go Itima Dijo?

Karabo ya Baebele

Modimo o ne a letlelela batho gore ba itime dijo fa fela ba dira jalo ka maitlhomo a a siameng. Mme Baebele ga e re re itime dijo e bile ga e re re se ka ra itima dijo.

Mo Baebeleng, batho ba ne ba itima dijo fa go diragalang?

  • Fa ba tlhoka gore Modimo a ba thuse le go ba kaela. Fa Baiseraele ba tswa kwa Babelona ba boela Jerusalema, ba ile ba itima dijo go bontsha Modimo gore ba tlhoka thuso ya gagwe. (Esera 8:21-23) Paulo le Barenabase ba ne ba itima dijo ka dinako tse dingwe fa ba ne ba tlhoma bagolwane mo diphuthegong.—Ditiro 14:23.

  • Fa motho a batla go dira tiro ya Modimo. Fa Jesu a sena go kolobediwa, o ne a itima dijo ka malatsi a le 40 go ipaakanyetsa tiro e Modimo a neng a mo neile yone.—Luke 4:1, 2.

  • Fa motho a bontsha gore o ikwatlhaela maleo a gagwe. Modimo o ne a laela moporofeti Joele gore a reye Baiseraele ba ba sa ikanyegeng a re: “Boelang mo go nna ka dipelo tsa lona tsotlhe, le ka go itima dijo le ka go lela le ka go hutsafala.”—Joele 2:12-15.

  • Fa ba keteka Letsatsi la Tetlanyo. Modimo o ne a laela setšhaba sa Iseraele gore fa ba keteka Letsatsi la Tetlanyo, ba tshwanetse go itima dijo. * (Lefitiko 16:29-31) Ba ne ba tshwanetse go dira jalo ka gonne seo se ne se ba gopotsa gore ke baleofi le gore ba tlhoka gore Modimo a ba itshwarele.

Motho ga a tshwanela go itima dijo ka gonne:

  • A batla go kgatlha batho. Jesu o ne a re go itima dijo e tshwanetse go nna selo se motho a se dirang mo sephiring e seng go kgatlha batho.—Mathaio 6:16-18.

  • A itira motho yo o siameng. Go itima dijo ga go reye gore motho o botoka mo go ba bangwe.—Luke 18:9-14.

  • A akanya gore Modimo o tla tlodisa matlho maleo a gagwe a a dirang ka boomo. (Isaia 58:3, 4) Modimo o ne a amogela motho yo o itimang dijo fa fela a mo ikobela e bile a sa boeletse maleo a gagwe.

  • E le selo se bodumedi jwa gagwe bo reng se dirwe mme a sa se dire go tswa pelong. (Isaia 58:5-7) Fa motho a dira jalo o tshwana le ngwana yo o patelediwang gore a reye batsadi ba gagwe a re o a ba rata.

A Bakeresete ba tshwanetse go itima dijo?

Nnyaa. Molao wa Modimo o ne o laela Baiseraele gore ba itime dijo ka Letsatsi la Tetlanyo mme molao oo o ile wa fela fa Jesu a ntsha botshelo jwa gagwe go golola batho. (Bahebera 9:24-26; 1 Petere 3:18) Bakeresete ga ba tlhoke go itima dijo ka gonne molao oo o ile wa fedisiwa. (Baroma 10:4; Bakolosa 2:13, 14) Ka jalo, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso ya gore a o tla itima dijo kgotsa jang.—Baroma 14:1-4.

Bakeresete ba a itse gore ga ba tlhoke go itima dijo gore ba kgone go obamela Modimo. Baebele ga e re motho o tlhoka go itima dijo gore a itumele. Go na le moo, ya re batho ba Modimo ba itumetse ka gonne ba direla Modimo “yo o itumetseng” e bong Jehofa.—1 Timotheo 1:11; Moreri 3:12, 13; Bagalatia 5:22.

Dikgopolo tse di phoso ka go itima dijo

Kgopolo e e phoso: Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete ba ba mo lenyalong gore ba itime dijo.—1 Bakorintha 7:5 go ya ka Baebele ya King James Version.

Boammaaruri: Mekwalo ya ntlhantlha e Baebele e neng e kwadilwe mo go yone ga e bue sepe ka go itima dijo mo go 1 Bakorintha 7:5. * Go bonala batho ba ba neng ba kopolola Baebele ba ile ba itsenyetsa kgopolo ya go itima dijo mo temaneng eno le mo go Mathaio 17:21, Mareko 9:29 le mo go Ditiro 10:30. Gompieno Dibaebele tse dintsi ga di na mafoko ano mo ditemaneng tseo.

Kgopolo e e phoso: Bakeresete ba tshwanetse go itima dijo e le go gopola malatsi a le 40 a Jesu a a feditseng kwa nageng a sa je morago ga go kolobediwa.

Boammaaruri: Jesu ga a ise a re re dire jalo e bile ga go na gope mo Baebeleng mo re balang gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba dira jalo. *

Kgopolo e e phoso: Bakeresete ba tshwanetse go itima dijo fa ba gopola loso lwa ga Jesu.

Boammaaruri: Jesu ga a ise a laele barutwa ba gagwe gore ba itime dijo fa ba gopola loso lwa gagwe. (Luke 22:14-18) Le fa a ile a re barutwa ba gagwe ba tla itima dijo fa a sena go swa, o ne a sa ntshe molao wa gore ba dire jalo, o ne a tlhalosa fela se se tla diregang fa a sena go swa. (Mathaio 9:15) Baebele ya re Bakeresete ba tshwanetse go ja kwa gae pele ba ya go gopola loso lwa ga Jesu.—1 Bakorintha 11:33, 34.

^ ser. 5 Modimo o ne a raya Baiseraele a re ka Letsatsi la Tetlanyo ba ne ba tshwanetse go ‘bogisa meya ya bone.’ (Lefitiko 16:29-31) Go akanngwa gore temana eno e bua ka go itima dijo. (Isaia 58:3) Mo Baebeleng ya Contemporary English Version, temana eno ya re: “Lo tshwanetse go itima dijo gore go bonale gore lo ikwatlhaela maleo a lona.”

^ ser. 13 Bona A Textual Commentary on the Greek New Testament, e e kwadilweng ke Bruce M. Metzger, Third Edition, tsebe 554.

^ ser. 15 Go na le madumedi a a kgothaletsang batho ba one gore ba itime dijo malatsi a le 40 pele ga Sontaga wa Paseka mme buka ya New Catholic Encyclopedia yone ya re: “Ka dingwaga tsa bo300, nako e batho ba neng ba e fetsa ba itima dijo go ipaakanyetsa Paseka, e ne e sa fete beke; e ne e le letsatsi le le lengwe kgotsa a mabedi . . . Lekgetlo la ntlha go buiwa ka malatsi a le 40 ke fa go ne go tshwerwe kopano ya botlhano ya Khansele ya Nicaea (325), mme bakwadi bangwe ga ba dumele gore go ne go buiwa ka malatsi a le 40 pele ga moletlo wa Paseka.”​—Second Edition, Volume 8, tsebe 468.