Fetela kwa tshedimosetsong

A Bakeresete ba Tshwanetse go Boloka Sabata?

A Bakeresete ba Tshwanetse go Boloka Sabata?

Karabo ya Baebele

Bakeresete ga ba a laelwa gore ba boloke sabata. Bakeresete ba ikobela “molao wa ga Keresete” o o sa tlhokeng gore ba boloke Sabata. (Bagalatia 6:2; Bakolosa 2:16, 17) Ke eng se se re tlhomamisetsang seo? Sa ntlha, akanya ka gore Sabata e simologile kae.

Sabata ke eng?

Lefoko “sabata” le tswa mo lefokong la Sehebera le le kayang “go ikhutsa kgotsa go emisa.” Le tlhagelela lekgetlo la ntlha mo Baebeleng mo melaong e e neng ya newa Baiseraele. (Ekesodo 16:23) Ka sekai, molao wa bonè wa Melao e e Lesome o a re: “O gakologelwe letsatsi la sabata gore o le tshole le le boitshepo, o dire tirelo mme o dire tiro yotlhe ya gago malatsi a le marataro. Mme letsatsi la bosupa ke sabata mo go Jehofa Modimo wa gago. O se ka wa dira tiro epe.” (Ekesodo 20:8-10) Letsatsi la Sabata le ne le simologa Labotlhano fa letsatsi le phirima go fitlha Lamatlhatso fa letsatsi le phirima. Ka nako eo, Baiseraele ba ne ba sa tshwanela go tswa mo ba nnang teng, go gotsa molelo, go rwalela dikgong kgotsa go sikara morwalo ope fela. (Ekesodo 16:29; 35:3; Dipalo 15:32-36; Jeremia 17:21) Fa motho a tlola molao wa Sabata o ne a atlholelwa loso.—Ekesodo 31:15.

Mo khalendareng ya Sejuda go ne go na le malatsi mangwe le dingwaga dingwe tse di neng di bidiwa bosabata. E ne e le ngwaga wa bosupa le wa bo50. Mo dingwageng tsa Bosabata, Baiseraele ba ne ba sa tshwanela go jala e bile ba ne ba sa tshwanela go patelediwa go duela dikoloto.—Lefitiko 16:29-31; 23:6, 7, 32; 25:4, 11-14; Duteronome 15:1-3.

Setlhabelo sa ga Jesu se ne sa fedisa molao wa Sabata

Goreng molao wa Sabata o sa dire mo Bakereseteng?

Batho botlhe ba ba neng ba neilwe Molao wa ga Moshe ke bone fela ba ba neng ba tshwanetse go ikobela molao wa Sabata. (Duteronome 5:2, 3; Esekiele 20:10-12) Modimo ga a ka a raya batho ba bangwe a re ba ikobele sabata. Mo godimo ga moo, ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu, tota le Bajuda ba ne ba “golotswe mo molaong” wa ga Moshe, go akaretsa le Melao e e Lesome. (Baroma 7:6, 7; 10:4; Bagalatia 3:24, 25; Baefeso 2:15) Go na le gore Bakeresete ba ikobele Molao wa ga Moshe, ba latela molao wa maemo a a kwa godimo wa go bontshana lorato.—Baroma 13:9, 10; Bahebera 8:13.

Dikgopolo tse di seng boammaaruri ka Sabata

Se se seng boammaaruri: Modimo o ne a tlhoma Sabata fa a ne a ikhutsa ka letsatsi la bosupa.

Boammaaruri: Baebele ya re: “Modimo wa segofatsa letsatsi la bosupa, wa le itshepisa, gonne mo go lone o ne wa ikhutsa mo tirong yotlhe ya one, e Modimo o e tlhodileng wa e dira.” (Genesise 2:3, Baebele e e Boitshepo) Temana eno e bua ka se Modimo a neng a se dira ka letsatsi la bosupa la go bopa mme ga e reye gore o ne a naya batho molao. Baebele ga e bue ka motho ope yo o neng a boloka letsatsi la sabata pele ga motlha wa ga Moshe.

Se se seng boammaaruri: Baiseraele ba ne ba ikobela molao wa Sabata pele ba newa Molao wa ga Moshe.

Boammaaruri: Moshe o ne a raya Baiseraele a re: “Jehofa Modimo wa rona o ne a dira kgolagano le rona kwa Horeba,” lefelo le le gaufi le Thaba ya Sinai. Kgolagano eno e ne e akaretsa molao wa Sabata. (Duteronome 5:2, 12) Sabata e ne e le selo se sesha mo Baiseraeleng. Fa e le gore Baiseraele ba ne ba boloka Sabata fa ba le kwa Egepeto, goreng Modimo a ne a re Sabata e tla ba gopotsa go gololwa ga bone kwa Egepeto? (Duteronome 5:15) Goreng ba ne ba laelwa gore ba se ka ba ya go sela mana ka letsatsi la bosupa? (Ekesodo 16:25-30) Ke ka ntlha yang fa ba ne ba sa itse go rarabolola kgetsi ya motho wa ntlha go tlola molao wa Sabata?—Dipalo 15:32-36.

Se se seng boammaaruri: Sabata ke kgolagano e e sa khutleng e e sa ntseng e dira.

Boammaaruri: Dithanolo tse dingwe tsa Baebele tsa re Sabata ke “kgolagano e e sa khutleng.” (Ekesodo 31:16, Baebele e e Boitshepo) Le fa go ntse jalo, lefoko la Sehebera le le kayang sengwe se se “sa khutleng” le ka kaya sengwe se se “tla tswelelang mo isagweng” mme go sa reye gore se tla nnela ruri. Ka sekai, Baebele e dirisa mafoko a a tshwanang fa e bua ka boperesiti jwa Baiseraele jo Modimo a neng a bo fedisa dingwaga di le 2 000 tse di fetileng.—Ekesodo 40:15; Bahebera 7:11, 12.

Se se seng boammaaruri: E re ka Jesu a ne a boloka Sabata, Bakeresete le bone ba tshwanetse go dira se se tshwanang.

Boammaaruri: Jesu o ne a boloka Sabata ka gonne e ne e le Mojuda mme Bajuda ba ne ba tshwanetse go ikobela Molao wa ga Moshe. (Bagalatia 4:4) E rile Jesu a sena go swa, Molao o ne wa fedisiwa, go akaretsa le wa Sabata.—Bakolosa 2:13, 14.

Se se seng boammaaruri: E re ka moaposetoloi Paulo e ne e le Mokeresete, o ne a boloka Sabata.

Boammaaruri: Paulo o ne a tsena mo disinagogeng ka Sabata, mme e se gore o ne a boloka Sabata le Bajuda. (Ditiro 13:14; 17:1-3; 18:4) Go na le moo, o ne a rera dikgang tse di molemo mo disinagogeng e re ka go ne go tlwaelegile gore motho a lalediwe go tla go rerela ba ba tlileng go obamela. (Ditiro 13:15, 32) Paulo o ne a sa rere ka Sabata fela, o ne a rera “letsatsi lengwe le lengwe.”—Ditiro 17:17.

Se se seng boammaaruri: Sontaga ke letsatsi la Sabata.

Boammaaruri: Baebele ga e na molao o o reng ka Sontaga Bakeresete ba tshwanetse go ikhutsa le go obamela. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba bereka le ka Sontaga. The International Standard Bible Encyclopedia ya re: “Sontaga e simolotse go tsewa jaaka letsatsi la Sabata go tloga ka lekgolo la bonè la dingwaga fa Constantine a laela gore ditiro dingwe ga di a tshwanelwa go dirwa ka Sontaga.” *

Go tweng ka ditemana tse di bontshang gore Sontaga ke letsatsi le le kgethegileng? Baebele ya re “mo letsatsing la ntlha la beke,” e leng Sontaga, moaposetoloi Paulo o ne a ja le badumedimmogo mme seno se a utlwala ka gonne o ne a tsamaya mo letsatsing le le latelang. (Ditiro 20:7) Gape diphuthego dingwe di ne di laetswe gore “mo letsatsing la ntlha la beke” di beye madi a tiro ya namolo, mme seno e ne e le kakantsho fela e e neng e tla ba thusa go dirisa madi sentle. Madi a moneelo a ne a bewa kwa gae e seng kwa lefelong la kobamelo.—1 Bakorintha 16:1, 2.

Se se seng boammaaruri: Go phoso go beela kwa thoko letsatsi le le lengwe mo bekeng la go ikhutsa le go obamela.

Boammaaruri: Baebele ga e direle Mokeresete tshwetso malebana le kgang eo.—Baroma 14:5.

^ ser. 16 Gape bona New Catholic Encyclopedia, Second Edition, Bolumo 13, tsebe 608.