Fetela kwa tshedimosetsong

Dipego Tse di Buang ka Jesu di Kwadilwe Leng?

Dipego Tse di Buang ka Jesu di Kwadilwe Leng?

Karabo ya Baebele

Moaposetoloi Johane o ile a kwala jaana malebana le pego ya gagwe kaga ditiragalo tsa botshelo jwa ga Jesu: “Yo o boneng seno o neile bosupi, mme bosupi jwa gagwe bo boammaaruri, e bile monna yoo o a itse gore o bolela dilo tse di boammaaruri, gore le lona lo tle lo dumele.”—Johane 19:35.

Lebaka lengwe la go ikanya dipego tsa Diefangele tse di kwadilweng ke Mathaio, Mareko, Luke le Johane ke gore di kwadilwe ka nako ya fa bontsi jwa batho ba ba boneng ditiragalo ka matlho ba sa ntse ba tshela. Go ya ka dibuka dingwe, Efangele ya ga Mathaio e kwadilwe ka ngwaga wa borobedi morago ga loso lwa ga Keresete, mo e ka nnang ka 41 C.E. Bakanoki bangwe ba re e kwadilwe moragonyana ga foo, mme gone ba le bantsi ba a dumela gore dibuka tsotlhe tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di kwadilwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga.

Batho ba ba boneng Jesu fa a sa ntse a tshela mo lefatsheng, ba ba mmoneng a swa le go bona a tsosiwa ba ne ba ka tlhomamisa dipego tsa Diefangele. Gape ba ne ba ka nna ba senola dilo tse di seng boammaaruri ka tsone fa di ka bo di le gone. Porofesa F. F. Bruce a re: “Sengwe sa dilo tse di tlhatswang pelo ka tiro ya go rera ya baaposetoloi ke gore ba ne ba dirisa kitso e bareetsi ba bone ba neng ba na le yone; ba ne ba sa bue fela ba re, ‘Re basupi ba dilo tseno,’ go na le moo, gape ba ne ba re, ‘Fela jaaka lona ka bolona lo itse’ (Ditiro 2:22).”