Fetela kwa tshedimosetsong

Mathata a Madi le Dikoloto—A Baebele e ka Thusa?

Mathata a Madi le Dikoloto—A Baebele e ka Thusa?

Karabo ya Baebele

Ee. Melaometheo ya Baebele e mene e e latelang e ka go thusa ka mathata a madi le dikoloto:

  1. Rulaganya tsela e o dirisang madi ka yone. “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo, mme mongwe le mongwe yo o mafega ruri o leba kwa letlhokong.” (Diane 21:5) O se ka wa potlakela go reka sengwe fela ka gonne ditlhwatlhwa di digilwe. Dira dithulaganyo tsa kafa o tla dirisang madi ka gone—tekanyetso ya madi—mme o dirise fela madi a o rulagantseng go a dirisa.

  2. Tila dikoloto tse di sa tlhokegeng. “Moadingwa ke motlhanka wa motho yo o mo adimang.” (Diane 22:7) Fa e le gore o setse o le mo dikolotong mme ga o kgone go di duela, leka go buisana le batho ba o ba kolotang ka tsela e ntšha e o ka duelang sekoloto sa gago ka yone. Nna o leke. Dirisa kgakololo ya Baebele e e newang motho yo o neng a tlhomamisa gore o tla duela madi a kadimo le gore o tla sikara maikarabelo a sekoloto seo: “Ikokobetse mme o nne o kopa moagelani wa gago. O se ka wa letla matlho a gago a ikhutsa kgotsa wa a letla a tswalega.” (Diane 6:1-5, God’s Word Bible) Le fa e le gore ga o a ka wa atlega la ntlha fa o kopa, nna o kopa gore go dirwe diphetogo.

  3. Se itetle go laolwa ke madi. “O se ka wa nna pelotshetlha mme wa gakalela go huma—o tla felela o humanegile thata.” (Diane 28:22, Contemporary English Version) Bopelotshetlha le bogagapa ga bo ka ke jwa dira gore motho a nne le mathata a madi fela mme gape bo ka kgoreletsa dilo tsa semoya.

  4. Kgotsofala. “E re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.” (1 Timotheo 6:8) Madi ga a ka ke a dira gore motho a itumele kgotsa a kgotsofale. Bangwe ba batho ba ba itumetseng thata mo lefatsheng ga ba na madi a mantsi. Ba ratiwa ke ba malapa a bone le ditsala e bile ba na le kamano e e molemo le Modimo.—Diane 15:17; 1 Petere 5:6, 7.