Fetela kwa tshedimosetsong

A Nako ya Rona ya go Swa e Laoletswe Go sa Le Gale?

A Nako ya Rona ya go Swa e Laoletswe Go sa Le Gale?

Karabo ya Baebele

Nnyaa, ga re na nako e e laoletsweng go sa le gale e re tla swang ka yone. Baebele ga e buelele thuto ya tlholelo, go na le moo, ya re gantsi loso lo nna gone ka ntlha ya “tiragalo e e sa bonelwang pele.”—Moreri 9:​11.

A Baebele ga e re go na le “motlha wa go swa”?

Ebu, Moreri 3:2 ya re go na le “motlha wa go tsalwa, le motlha wa go swa; motlha wa go tlhoma, le motlha wa go khumola sone se se tlhomilweng.” (Baebele e e Boitshepo) Le fa go ntse jalo, ditemana tse di dikologileng temana eno di bontsha gore Baebele e bua ka dilo tse di tlwaelegileng tsa botshelo. (Moreri 3:1-8) Modimo ga a tlhoma nako ya rona ya go swa, fela jaaka a sa pateletse molemirui go jala dijalo ka nako e e rileng. Go na le moo, ntlha ya botlhokwa ke gore ga re a tshwanela go itewa tsebe ke dilo tse di tlwaelegileng tsa letsatsi le letsatsi mo re felelang re tlhokomologa Mmopi wa rona.​—Moreri 3:11; 12:1, 13.

Botshelo bo ka lelefadiwa

Le fa gone botshelo bo sa tlhomama, gantsi re ka kgona go tshela lobaka lo loleele fa re dira ditshwetso tse di botlhale. Baebele ya re: “Molao wa yo o botlhale ke motswedi wa botshelo, go faposa motho mo dirung tsa loso.” (Diane 13:14) Ka tsela e e tshwanang, Moshe o ne a bolelela Baiseraele gore ba ka dira gore ‘malatsi a bone a nne maleele’ ka go ikobela melao ya Modimo. (Duteronome 6:2) Go farologana le seo, re ka khutshwafatsa botshelo jwa rona ka go dira dilo tse di bosula kgotsa tsa boeleele.—Moreri 7:17.

Go sa kgathalesege gore re botlhale kgotsa re kelotlhoko go le kana kang, ga re ka ke ra tila loso. (Baroma 5:​12) Le fa go ntse jalo, seno se tla fetoga ka gonne Baebele e solofetsa nako e mo go yone ‘loso lo tla bong lo seyo.’—Tshenolo 21:4.