Fetela kwa tshedimosetsong

A Diabolo ke Ene a Bakang Pogo Yotlhe?

A Diabolo ke Ene a Bakang Pogo Yotlhe?

Karabo ya Baebele

Baebele e bolela gore Satane Diabolo o teng, e bile fela jaaka moeteledipele yo o maatla wa dikebekwa, o tlhomamisa gore thato ya gagwe e a dirwa a dirisa “ditshupo tsa maaka” le “tsietso.” E bile Baebele ya re “o nna a iphetola moengele wa lesedi.” (2 Bathesalonika 2:9, 10; 2 Bakorintha 11:14) Mathata a a bakwang ke Diabolo a supa gore o teng.

Le fa go ntse jalo, Diabolo ga se ene a bakang pogo yotlhe. Ka ntlha yang? Modimo o bopile batho ba na le bokgoni jwa go tlhopha gore a ba dira se se molemo kgotsa se se bosula. (Joshua 24:15) Fa re dira ditshwetso tse di sa siamang, re bona ditlamorago tse di bosula.—Bagalatia 6:7, 8.