Fetela kwa tshedimosetsong

A Modimo ke Tharonngwe?

A Modimo ke Tharonngwe?

Karabo ya Baebele

Madumedi a le mantsi a a ipitsang gore ke a Bokeresete a ruta gore Modimo ke Tharonngwe. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko se Encyclopædia Britannica e se tlhalosang: “Lefoko Tharonngwe ga le tlhage e bile ga go na gope mo le umakwang teng mo Tesetamenteng e Ntšha . . . Thuto eno e ne ya simolola kgato ka kgato go ya le makgolo a dingwaga mme go tla go ganetsanwa ka yone.”

Tota e bile, Modimo yo go buiwang ka ene mo Baebeleng ga a ke a tlhalosiwa e le karolo ya Tharonngwe. Ela tlhoko ditemana tseno tsa Baebele:

“Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa a le mongwe fela.”—Duteronome 6:4.

“Wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.”—Pesalema 83:18.

“Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3.

“Modimo o mongwe fela.”—Bagalatia 3:20.

Ke eng fa madumedi a mantsi a a ipitsang a Bokeresete a re Modimo ke Tharonngwe?