Fetela kwa tshedimosetsong

Sebatana sa Naga sa Ditlhogo Tse Supa sa Tshenolo Kgaolo 13 ke Eng?

Sebatana sa Naga sa Ditlhogo Tse Supa sa Tshenolo Kgaolo 13 ke Eng?

Karabo ya Baebele

Sebatana sa naga sa ditlhogo tse supa se go buiwang ka sone mo go Tshenolo 13:1 se tshwantshetsa tsamaiso ya lefatshe lotlhe ya bopolotiki.

  • Se na le taolo, maatla le setulo sa bogosi, tse di bontshang gore ke puso ya bopolotiki.—Tshenolo 13:2.

  • Se busa “lotso longwe le longwe le batho le teme le setšhaba,” mo go bontshang gore ga se puso e le nngwe fela.—Tshenolo 13:7.

  • Se na le dikarolo tsa dibatana tse nnè tse di tlhalosiwang mo boporofeting jwa Daniele 7:2-8, tse di akaretsang ponalo ya nkwe, maoto a bera, molomo wa tau le dinaka di le lesome. Dibatana tse di mo boporofeting jwa Daniele di tlhalosiwa e le dikgosi tse di rileng kgotsa dipuso tsa bopolotiki tse di busang ka go latelana e le mebusomegolo. (Daniele 7:17, 23) Ka jalo, sebatana sa naga sa Tshenolo kgaolo 13 se tshwantshetsa mekgatlho e e kopaneng ya bopolotiki.

  • Se tlhatloga “se tswa mo lewatleng,” e leng batho ba ba sa ikobeleng Modimo ba ba busang mo dipusong tse di sa tlhomamang tsa batho.—Tshenolo 13:1; Isaia 17:12, 13.

  • Baebele ya re palo ya sebatana seno, kgotsa leina la sone—666—ke “palo ya motho.” (Tshenolo 13:17, 18) Polelwana eno e bontsha gore sebatana sa Tshenolo kgaolo 13 ke puso ya motho, e seng ya moya mongwe kgotsa ya ledimona.

Le fa ditšhaba di sa dumalane ka dilo dingwe, di ema di le seoposengwe mo maikemisetsong a tsone a go boloka taolo ya tsone go na le go ikobela Bogosi jwa Modimo. (Pesalema 2:2) Gape di tla ipopa ngata e le nngwe go lwa le masole a Modimo a a eteletsweng pele ke Jesu Keresete ka Haramagedona, mme ntwa eno e tla felela ka gore ditšhaba di sengwe.—Tshenolo 16:14, 16; 19:19, 20.

“Dinaka di le lesome le ditlhogo di le supa”

Dipalo dingwe di dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso mo Baebeleng. Ka sekai, palo lesome le palo supa di emela sengwe se se feletseng. “Setshwantsho sa sebatana sa naga” se se tlhalosiwang moragonyana mo go Tshenolo—sa mmala wa bohibidu jo bo letlhololo se se nang le ditlhogo tse supa le dinaka di le lesome—se tla re thusa go tlhaloganya bokao jwa “dinaka di le lesome le ditlhogo di le supa” tsa sebatana sa Tshenolo kgaolo 13. (Tshenolo 13:1, 14, 15; 17:3) Baebele ya re ditlhogo tse supa tsa sebatana seno se sehibidu di kaya “dikgosi di le supa” kgotsa dipuso.—Tshenolo 17:9, 10.

Ka tsela e e tshwanang, ditlhogo tse supa tsa sebatana sa Tshenolo 13:1 di emela dipuso di le supa: dipuso tse dikgolo tsa bopolotiki tse di busitseng mo hisitoring ya batho e bile di gatelela batho ba Modimo—Egepeto, Asiria, Babelona, Bameda le Baperesia, Gerika, Roma le Maesemane le Maamerika. Fa re ne re ka swetsa ka gore dinaka di le lesome di emela dipuso tsotlhe, tse dinnye le tse dikgolo, seo se ne se tla raya gore dirwalo tsa segosi tse di mo lonakeng longwe le longwe di bontsha gore setšhaba sengwe le sengwe se busa ka nako e le nngwe le puso e kgolo ya bopolotiki e e busang mo nakong eo.