Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POTSO 18

Ke Eng se se ka go Thusang go Atamalana le Modimo?

“Wena Moutlwi wa thapelo, batho ba mefuta yotlhe ba tla tla kwa go wena.”

Pesalema 65:2

“Ikanye Jehofa ka pelo yotlhe, mme o se ka wa ikanya tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme ene o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.”

Diane 3:5, 6

“E le gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng ba tshwanetse go go itse, wena Modimo yo o esi wa boammaaruri, e bile ba tshwanetse go itse yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”

Johane 17:3

“Tota ga go thata go itse [Modimo].”

Ditiro 17:27

“Ke tswelela ke rapelela gore lorato lwa lona lo gole fela thata le gore kitso ya lona le tsela e lo tlhaloganyang dilo ka yone e oketsege.”

Bafilipi 1:9

“Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a bo kope mo Modimong mme o tla bo newa, ka gonne Modimo o bo naya botlhe ba ba bo kopang mme o dira jalo ka bopelotshweu e bile a sa ba kgobe.”

Jakobe 1:5

“Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela. Tlhapang diatla tsa lona, lona baleofi, e bile lo itshekise dipelo tsa lona, lona ba lo sa kgoneng go dira ditshwetso.”

Jakobe 4:8

“Fa re rata Modimo, re tla ikobela ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.”

1 Johane 5:3