Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 5

Bodiredi Jwa ga Jesu Moragonyana Kwa Botlhaba Jwa Joredane

“Batho ba le bantsi koo ba ne ba dumela mo go ene.”—Johane 10:42

Bodiredi Jwa ga Jesu Moragonyana Kwa Botlhaba Jwa Joredane

MO KAROLONG ENO

KGAOLO 82

Bodiredi Jwa ga Jesu Kwa Perea

Jesu o tlhalosetsa bareetsi ba gagwe gore ke eng se se tlhokegang gore motho a bolokwe. Kgakololo ya gagwe e ne e le botlhokwa ka nako eo. Go tweng ka gompieno?

KGAOLO 83

Modimo o Laletsa Bomang go Tla Dijong?

Fa Jesu a laleditswe go ya go ja kwa ntlong ya Mofarasai mongwe, o dira setshwantsho sa moletlo o mogolo wa dijo tsa maitseboa. O bua thuto nngwe ya botlhokwa e batlhanka ba Modimo botlhe ba ka ithutang yone. Ke efe?

KGAOLO 84

Go Nna Morutwa go Masisi go le Kana Kang?

Go nna morutwa wa ga Keresete ke boikarabelo jo masisi. Jesu o tlhalosa gore seo se akaretsa eng. Bangwe ba ba batlang go nna barutwa ba gagwe ba ka tswa ba gakgamadiwa ke se a se buang.

KGAOLO 85

Go Itumelela Moleofi yo o Ikwatlhayang

Bafarasai le bakwadi ba kgala Jesu ka gonne a dirisana le batho ba maemo a a kwa tlase. Jesu o ba araba ka godira ditshwantsho tse di bontshang gore Modimo o leba baleofi jang.

KGAOLO 86

Morwa yo o Neng a Latlhegile o a Boa

Re ithuta dithuto dife mo setshwantshong sa ga Jesu sa morwa yo o duleng mo tseleng?

KGAOLO 87

Bonela Dilo Kwa Pele​—⁠Bontsha Gore o Botlhale

Jesu o dira setshwantsho ka molebedi yo o leferefere go ruta thuto nngwe ya botlhokwa.

KGAOLO 88

Monna wa Mohumi le Lasaro

Gore o tlhaloganye sentshwantsho seno sa ga Jesu, o tlhoka go lemoga baanelwabagolo ba babedi ba ba leng gone.

KGAOLO 89

Jesu o Rera mo Perea Fa a Ya Kwa Judea

O gatelela nonofo e e ka re thusang go itshwarela batho ba ba re leofelang gantsintsi.

KGAOLO 90

“Tsogo le Botshelo”

Jesu o raya jang fa a re ba ba dumelang mo go ene ‘ga ba kitla a swa’?

KGAOLO 91

Lasaro o Tsosiwa Mo Baswing

Go na le dintlha tse pedi tsa konokono mo tiragalong eno, tse di dirang gore baganetsi ba ga Jesu ba thatafalelwe ke go ganela gore o dirile kgakgamatso eno.

KGAOLO 92

Molepero a le Mongwe o a Leboga

Molepero yo o fodisitsweng ga a leboge Jesu fela, mme gape o leboga mongwe.

KGAOLO 93

Morwa Motho o Tla Senolwa

Go nna gone ga ga Keresete go tla tshwana le legadima ka tsela efe?

KGAOLO 94

Thapelo le Boikokobetso di Botlhokwa Thata

Mo setshwantshong sa moatlhodi yo o sa siamang le motlholagadi, Jesu o gatelela nonofo nngwe ya botlhokwa.

KGAOLO 95

Jesu o Ruta ka Tlhalo Le ka Go Rata Bana

Jesu o leba bana ka tsela e e farologaneng le ya barutwa ba gagwe. Goreng?

KGAOLO 96

Jesu o Araba Mmusi yo Mmotlana wa Mohumi

Ke eng se se dirang gore Jesu a re go motlhofo gore kamela e tsene mo phatlheng ya nnale e e rokang go na le gore monna yo o humileng a tsene mo Bogosing Jwa Modimo?

KGAOLO 97

Setshwantsho sa Badiri ba mo Tshimong ya Morara

Ke ka tsela efe ba ntlha e nnang ba bofelo mme ba bofelo e nnang ba ntlha?

KGAOLO 98

Baaposetoloi ba Batla Maemo Gape

Jakobe le Johane ba kopa go newa maemo a a kgethegileng mo Bogosing, mme ga se bone fela.

KGAOLO 99

Jesu o Fodisa Banna ba Difofu A bo A Thusa Sakaio

Ke eng se se ka re thusang go lemoga gore dipego tse di lebegang di ganetsana tsa gore Jesu o fodisitse monna yo o foufetseng gaufi le Jeriko, tota di a dumalana?

KGAOLO 100

Setshwantsho sa Madi a Selefera a le Lesome

Jesu o ne a raya jang fa a re: “Mongwe le mongwe yo o nang le sengwe, o tla newa mo go oketsegileng, mme yo o se nang sepe, tota le se a nang le sone se tla tsewa mo go ene”?