Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pitse ya Naga—Pitse e e Tlhaga ya Afrika

Pitse ya Naga—Pitse e e Tlhaga ya Afrika

Pitse ya Naga—Pitse e e Tlhaga ya Afrika

KA MOKWADI WA TSOGANG! MO AFRIKA

DIPITSE tsa naga di le diketekete di kalapa go ralala sekgwa sa Afrika. Matlhakore a tsone a a nang le methalo a ya kwa godimo le kwa tlase mme melala e mekima ya tsone e e tletseng meetse e ya kwa pele le kwa morago fa di ntse di kalapa jalo ka lobelo. Modumo wa ditlhakwana tsa tsone o utlwala go ralala dipoa fa di ntse di itaya lefatshe le le phaphaletseng. Lerole le lehibidu le biloga kafa morago ga tsone mme le bonala bokgakala jwa dikilometara di le dintsi. Di nna di ntse di kalapa jalo go se letsapa lepe le le di fisang pelo.

Di simolola go iketla di bo di ema jaaka e kete di bone sesupo sengwe se se sa bonaleng. Di natha tlhaga e e omeletseng ka meno a tsone a makima a a nonofileng. Motlhape ono wa tsone o nna o ntshitse matlho dinameng, o nna o leba kwa godimo nako le nako, o reetsa le go nna o dupa monko mo phefong. Di a tshoga fa di utlwa modumo o o tlang le phefo wa go rora ga tau. Di itse modumo oo sentle. Dipitse tseno tsa naga di leba ka fa ntlheng e modumo o tswang kwa go yone di tsholeditse ditsebe, di hupile bojang bo lepeletse mo melomong. Fa di lemoga gore ga go na kotsi epe, di koba melala gape di bo di tswelela di fula.

Fa mogote wa letsatsi o simolola go gakala, di tswelela ka loeto lwa tsone. Mo nakong eno dipitse tseno tsa naga di okelwa kwa nokeng ke monko wa metsi. Fa di le fa lebopong le le kwa godimo, di a ema di bo di leba metsi a masetlha a a elelang ka bonya, di ntse di budulela phefo kwa ntle ka dinko e bile di ntse di raga lorole. Di a okaoka ka gonne di lemoga gore go ka nna ga bo go na le kotsi ka fa tlase ga metsi a noka a a sisibetseng. Di tshwerwe ke lenyora thata mme tse dingwe di simolola go kgorometsa tse dingwe go ya kwa pele. Morago ga moo, tsotlhe fela di kgogogela kwa losing lwa noka. Di nna di nwa ka bongwe ka bongwe go fitlha di kgotsofala, morago ga moo di bo di retologa di boela gape kwa dipoeng.

Mo maitseboeng, motlhape ono o tsamaya ka iketlo mo gare ga bojang jo boleele. Di lebega di le dintle thata fa di lebagane le letsatsi le lehibidu fa le phirima, di le mo gare ga naga e ntle ya Afrika.

Di Methalo e Bile di a Utlwana

Thulaganyo ya letsatsi le letsatsi ya dipitse tsa naga e a tshwana ka metlha. Go nna di batla dijo le metsi ka dinako tsotlhe go dira gore mosepele wa tsone o se ka wa fela. E re ka dipitse tseno tsa naga di fula mo dipoeng tse di apogileng, di lebega di le phepa e bile di nonne, letlalo la tsone le le nang le methalo le ngaparetse mebele ya tsone e e nang le mesifa. Methalo ya dipitse tseno tsa naga e tlhomologile, mme jaaka bangwe ba bolela, ga go na epe e e tshwanang le ya e nngwe. Methalo ya tsone e e galotseng e mesweu le bontsho ga e lebege e le mentle fa di le mo gare ga diphologolo tse dingwe tse di nnang mo dipoeng. Le fa go ntse jalo, tsone ka botsone di lebega di kgatlha e bile di tshwanela naga ya Afrika e di tshelang mo go yone.

Ka tlholego dipitse tsa naga di utlwana fela thata. Di bopa sebofo se se nonofileng sa botshelo jotlhe. Le fa motlhape o mogolo wa tsone e ka nna dipitse di le dikete di le mmalwa, o kgaogantswe ka malapa a mantsi a mabotlana a a nang le pheke le dipitse tse dinamagadi. Lelapa leno le lebotlana le boloka thulaganyo ka go kgaoganya maloko a lone ka maemo. Pitse e namagadi e e eteletseng pele ke yone e laolang metsamao ya lelapa. E etelela pele, e setswe morago ke dipitse tse dingwe tse dinamagadi le dipetsana tsa tsone di salane morago go ya ka maemo a tsone. Le fa go ntse jalo, kwa bofelong, tota pheke ke yone e laolang dilo tsotlhe. Fa e batla gore lelapa la yone le tseye tsela e sele, e atamela pitse e namagadi e e eteletseng pele e bo e e kgorometsa go sekae e e faposetsa mo tseleng e ntšha e e tsewang.

Dipitse tsa naga di rata go tlhapisana bobowa, mme go tlwaelegile go di bona di gotlhana e bile di latswana mo matlhakoreng, mo magetleng le mo mekwatleng. Go lebega go tlhapisana moo go nonotsha sebofo sa tsone mme go simolola fa di sa ntse di na le malatsi a sekae fela. Fa e nngwe e e tshwanetseng go di tlhapisa e seyo mo lelapeng, dipitse tsa naga tse di babelwang di ithusa ka go pitika mo loroleng kgotsa ka go gotlha mebele ya tsone ka setlhare, ka seolo, kgotsa ka selo sengwe se se emeng.

Di Kgaratlhela go Tshela

Pitse ya naga e lebanwe ke dikotsi di le dintsi. Ditau, dintša tsa naga, diphiri, mangau le dikwena tsotlhe di tsoma phologolo eno e e bokete jwa dikilogerama di le 250. Pitse ya naga e kgona go taboga lobelo lwa dikilometara di le 55 ka ura, mme ka dinako tse dingwe e kgabelelwa ke diphologolo tse di e tsomang tse di e kukunelang e sa ntse e itebetse. Ditau di a e lalela, dikwena di iphitlha ka fa tlase ga metsi a a seretse mme mangau a e letela ka go boba mo lefifing.

Go sireletsega ga dipitse tsa naga go ikaegile ka gore maloko a motlhape a podimatseba go le kana kang le gore a tsaya kgato efe jaaka setlhopha. Le fa tse dintsi di robala bosigo, ka metlha go nna go na le tse di tsogileng, di reeditse e bile di disitse. Fa pitse ya naga e lemoga gore go na le sebatana se se atamelang, e tlhagisa motlhape otlhe ka go dira modumo wa go gona. Gantsi, fa e nngwe mo motlhapeng e lwala kgotsa e tsofetse mme e sa kgone go tsamaisana le tse dingwe ka lobelo, dipitse tse dingwe tsa naga di iketla ka boomo kgotsa di a ema go fitlha e e bonya e tshwara motlhape gape. Fa go bonala gore go tla nna le kotsi, pheke e tsena fa gare ga sebatana le dipitse tse dinamagadi ka sebete, e bo e loma le go nna e raga mmaba gore e neye motlhape nako ya go tshaba.

Kutlwano e e ntseng jalo ya lelapa e bonala mo tiragalong e e tlhomologileng e e neng ya direga kwa Serengeti Plain mo Afrika, e e neng ya bonwa ke moithuti wa botshelo jwa diphologolo tsa naga e bong Hugo van Lawick. Fa a ne a bega kafa setlhopha sa dintša tsa naga di neng di lelekisa motlhape wa dipitse ka teng o ne a bolela gore dintša tseo di ne tsa kgona go tlhaolela kwa thoko pitse e namagadi, petsana ya yone le e nngwe e e nang le ngwaga o le mongwe fela. Fa motlhape otlhe wa dipitse tsa naga o ne o tshaba, mmè le petsana e e nang le ngwaga di ne tsa lwantsha dintša tseo ka bopelokgale. Go ise go ye kae dintša tseo di ne tsa galefa thata, mme pitse e namagadi le petsana e e nang le ngwaga tsa simolola go lapa. Go ne go lebega loso lwa tsone lo gorogile. Van Lawick o gakologelwa tiragalo eo e go neng go se na tsholofelo epe ka yone jaana: “Ka tshoganyetso ke ne ka utlwa lefatshe le roroma mme e ne ya re fa ke gadima, ka gakgamadiwa ke go bona dipitse tsa naga di le lesome di atamela ka lobelo. Morago ga nakwana motlhape ono o ne wa dikaganyetsa mmè le dipetsana tsa gagwe tse pedi, mme go tswa foo, setlhopha seno sotlhe se se neng se kitlane e bile se dikaganyeditse tse dingwe tseno, sa tabogela ntlheng e tse di lesome di neng di tswa kwa go yone. Dintša di ne tsa di lelekisa dimetara di ka nna 50 mme tsa palelwa ke go tsena mo gare ga motlhape, mme go ise go ye kae tsa itlhoboga.”

Go Godisa Lelapa

Pitse e namagadi ya naga e rata go sireletsa thata petsana ya yone e e sa tswang go tsalwa mme kwa tshimologong ga e batle e kopana le tse dingwe mo motlhapeng. Mo nakong eno ya fa di itlhaotse, ngwana o kgona go atamalana thata le mmaagwe. Petsana e tshwara ka tlhogo kafa methalo ya mmaayone e mesweu le bontsho e ntseng ka teng. Morago ga moo, e tla lemoga tsela e mmaayone a bitsang ka teng, monko wa gagwe le tsela e methalo ya gagwe e ntseng ka teng mme e ka se amogele pitse epe e nngwe e namagadi.

Dipetsana tse di sa tswang go tsalwa ga di tsalwe di na le methalo ya batsadi ba tsone e mesweu le bontsho. Methalo ya tsone e borokwa jo bohibitswana mme e nna mentsho fa di ntse di gola. Mo motlhapeng o mogolwane, dipetsana tse di tswang mo ditlhopheng tse di farologaneng tsa malapa di a phuthega gore di tshameke mmogo. Di taboga mmogo gape di a lelekisana, di ragaraga e bile di taboga mo gare ga tse ditona tse ka dinako tse dingwe di tshamekang le tsone. Fa dipetsana di ntse di taboga ka maoto a tsone a masesanyane, di tshameka motshameko wa go lelekisa dinonyane le diphologotswana tse dingwe. Bana ba dipitse tsa naga ba ba nang le maoto a maleele a masesane, matlho a matona a mantsho le boboa jo bo galotseng jo bo bonolo ke diphologotswana tse dintle le tse di kgatlhang go di leba.

Di Tlhaga e Bile di a Gakgamatsa

Gompieno metlhape e megolo ya dipitse tsa naga e sa ntse e bonwa e kalapa ka tlhagafalo mo nageng e e omeletseng ya Afrika. Ke pono e ntle thata.

Ke mang a ka ganetsang gore pitse ya naga e e nang le methalo e e tlhomologileng e mesweu le bontsho, kutlwano e kgolo e di nang le yone, le botlhaga jwa yone, eleruri ke sebopiwa se se kgatlhang le se se gakgamatsang? Go ithuta ka phologolo e e ntseng jalo go araba potso e e neng ya bodiwa dingwaga di le dikete tse pedi tse di fetileng: “Ke mang yo o bofolotseng dibofo tsa esele ya naga?” (Jobe 39:5) Karabo e phepafetse. Ke Mmopi wa dibopiwa tsotlhe tse di tshelang, Jehofa Modimo.

[Lebokoso mo go tsebe 14]

Ke ka Ntlha Yang fa Pitse ya Naga E na Le Methalo?

Batho ba ba dumelang mo thutotlhagelelong ba fitlhela go le thata go tlhalosa methalo ya pitse ya naga. Bangwe ba akanya gore e ka tswa e tlhagisa ka sengwe. Le fa go ntse jalo, go a bonala gore ditau le dibatana tse dingwe tse dikgolo ga di tshosiwe ke methalo ya pitse ya naga le eseng.

Ba bangwe ba bolela gore methalo eo ke ya kgogedi ya tlhakanelodikobo. Le fa go ntse jalo, e re ka dipitse tsotlhe tsa naga di na le methalo e e tshwanang mme methalo ya tsone e se ya bong bo le bongwe fela, ga go lebege seno se le boammaaruri.

Kgopolo e nngwe ke ya gore methalo eno e mesweu le e mentsho e ne ya itlhagela fela go di thusa go fokotsa mogote wa letsatsi la Afrika. Mme ke ka ntlha yang fa diphologolo tse dingwe di se na methalo?

Kgopolo e nngwe e e tlwaelegileng ke gore methalo ya pitse ya naga e ne ya itlhagela fela go thusa gore e se ka ya bonala motlhofo. Borasaense ba lemogile gore mogote wa dipoa tsa Afrika ruri o dira gore pitse ya naga e se ka ya bonala sentle, se se dirang gore go nne thata go e bona fa o le kgakala. Le fa go ntse jalo, go sa bonale moo ga tsone fa di le kgakala go tla bo go se na mosola go le kalo, ka gonne ditau, tse e leng baba ba bagolo ba pitse ya naga, di tlhasela di le gaufi.

Gape go bolelwa gore fa dipitse tsa naga tse di nang le methalo di tshaba di kgotlhagane thata mebele ya tsone e tlhakanya ditau tse di tsomang tlhogo, e dira gore di se ka tsa kgona go tlhoma leitlho sentle mo phologolong e le nngwe. Le fa go ntse jalo, totatota, dipatlisiso ka diphologolo tsa naga di bontshitse gore ditau di kgona go tsoma dipitse tsa naga sentle fela jaaka di kgona go tsoma diphologolo tse dingwe.

Se se dirang gore potso eno e tlhakanye tlhogo le go feta ke gore methalo ya pitse ya naga ka dinako tse dingwe e ka nna ya se ka ya e solegela molemo. Bosigo, mo dipoeng tse di bonesitsweng ke ngwedi, methalo e mesweu le bontsho ya pitse ya naga e e dira gore e bonale thata go feta diphologolo tse dingwe tse di nang le mmala o le mongwe fela. E re ka gantsi ditau di tsoma bosigo, seno se ka tsenya pitse ya naga mo kotsing.

Ka jalo pitse ya naga e tsere kae methalo ya yone? Tsela ya konokono ya go tlhaloganya seno e fitlhelwa mo polelong eno e e motlhofo: “Seatla sa ga Jehofa ka bosone se dirile seno.” (Jobe 12:9) Ee, Mmopi o dirile dibopiwa tsa lefatshe ka mekgwa ya tsone le dinonofo tsa tsone tse di tlhomologileng tse di dirang gore di kgone go tshela sentle, ka mabaka a motho a ka nnang a se ka a a tlhaloganya ka botlalo. Tsela e e gakgamatsang e dilo tse di tshelang di bopilweng ka yone e na le maikaelelo a mangwe gape. E a itumedisa, e bile e ipedisa dipelo tsa batho. Eleruri, bontle jwa popo bo tlhotlheleditse batho ba bantsi gompieno gore ba ikutlwe jaaka Dafide a ne a ikutlwa bogologolo: “A bo ditiro tsa gago di le dintsi jang ne, Jehofa! O di dirile tsotlhe ka botlhale. Lefatshe le tletse ditiro tsa gago.”—Pesalema 104:24.