Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tshela ka Bolwetse Jwa go Fetofetoga Maikutlo

Go Tshela ka Bolwetse Jwa go Fetofetoga Maikutlo

Go Tshela ka Bolwetse Jwa go Fetofetoga Maikutlo

MALWETSE a go fetofetoga maikutlo a atile ka selekanyo se se tshosang. Ka sekai, go fopholediwa gore batho ba ba fetang dimilione di le 330 mo lefatsheng lotlhe ba na le bolwetse jo bo masisi jwa go tshwenyega thata mo maikutlong, e leng bolwetse jo bo dirang gore motho a ikutlwe a hutsafetse thata e bile a sa itumelele dilo tse a di dirang letsatsi le letsatsi. Go fopholediwa gore mo dingwageng di le 20 tse di tlang, bolwetse jwa pelo e tla bo e le jone fela bo anameng go feta jwa go tshwenyega thata mo maikutlong. Ga go gakgamatse go bo batho bangwe ba bolela gore mo malwetseng a tlhaloganyo, mofuta ono wa bolwetse jwa tlhaloganyo o tlwaelegile jaaka mofikela.

Bosheng jaana go ntse go buiwa thata ka bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng. Matshwao a bolwetse jono a akaretsa go fetofetoga maikutlo mo go dirang gore motho a tle a ntse a tshwenyega thata mo maikutlong le go itumela mo go feteletseng. Buka ya bosheng jaana e e gatisitsweng ke Mokgatlho wa Kalafi wa Amerika ya re: “Ka nako ya fa o tshwenyegile thata mo maikutlong o ka nna wa tshwenngwa ke dikakanyo tsa go ipolaya. Ka nako ya fa o itumetse mo go feteletseng, o ka nna wa se ka wa kgona go leba dilo ka tsela e e siameng mme o ka nna wa se ka wa kgona go bona kafa dilo tse o di dirang di ka nnang kotsi ka gone.”

Go akanngwa gore bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng bo ama diperesente di le 2 tsa baagi kwa United States, mo go rayang gore go na le batho ba le dimilione di le dintsi ba ba nang le bolwetse jono kwa nageng eo fela. Le fa go ntse jalo, motho a ka se ka a kgona go tlhaloganya botlhoko jo bo utlwiwang ke batho ba ba tshelang ka bolwetse jwa go fetofetoga maikutlo, fela ka go bona gore bo tshwere batho ba le kae.

Go Tshwenyega Thata mo Maikutlong —Bohutsana jo Bogolo

Bontsi jwa rona re a itse gore re ikutlwa jang fa re tlelwa ke maikutlo a go hutsafala. Kgabagare—gongwe morago ga diura kgotsa malatsi a se kae—re simolola go kokobela maikutlo. Le fa go ntse jalo, bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong jone bo masisi tota. Jang? Dr. Mitch Golant o tlhalosa jaana: “Rona batho ba re se nang bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong re a itse gore le fa re ka tshwenyega mo maikutlong, kgabagare re tla siama gape, mme motho yo o nang le bolwetse jono ene, o na le go itumela le go hutsafala mo go feteletseng, o fetofetoga maikutlo gangwe le gape jaaka e kete o mo tereneng e e duleng mo taolong a sa itse gore o tla e fologa jang kgotsa leng le gore a gone o tla e fologa.”

Go na le mefuta e le mentsi ya bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong. Ka sekai, batho bangwe ba na le se go tweng ke seasonal affective disorder (SAD [bolwetse jwa maikutlo jo bo yang ka dipaka]), jo bo tshwarang motho ka nako e e rileng ya ngwaga—gantsi mariga. Buka e e gatisitsweng ke People’s Medical Society ya re: “Batho ba ba nang le bolwetse jwa SAD ba bolela gore bolwetse jono jwa bone jwa go tshwenyega thata mo maikutlong bo gakala thata fa ba nna ntlheng ya bokone le fa maru a thibile. Le fa go bolelwa gore bolwetse jwa SAD bo tshwara motho ka malatsi a a lefitshwana a mariga, ka dinako tse dingwe go bolelwa gore bo tshwara motho fa a bereka mo go leng lefifi, fa maru a thibile ka nako e e sa tlwaelegang le fa a sa bone sentle.”

Bolwetse jo bo tlhokang kalafi jwa go tshwenyega thata mo maikutlong bo bakwa ke eng? Ga go itsiwe sentle. Le fa mo maemong mangwe bo lebega bo le mo dijining, gantsi go bonala bo bakwa thata ke dilo tse di diragalelang motho mo botshelong. Gape go lemogilwe gore bolwetse jono bo tshwara basadi ba palo e e fetang ya banna go menagane gabedi. * Mme seno ga se reye gore bo ka se tshware banna. Tota e bile, go fopholediwa gore diperesente tse di magareng ga 5 le 12 tsa banna ba tlile go tshwarwa ke bolwetse jo bo tlhokang kalafi jwa go tshwenyega thata mo maikutlong nako nngwe mo botshelong jwa bone.

Fa bolwetse jono jwa go tshwenyega thata mo maikutlong bo tlhasetse motho, bo ka ama mo e ka nnang karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa gagwe. Sheila yo o nang le bolwetse jono a re: “Bo a go fudua, bo dira gore fa nako e ntse e ya o se ka wa tlhola o itshepa, o itlotla, o se ka wa tlhola o kgona go akanya sentle le go dira ditshwetso, mme jaanong fa bo setse bo etegetse, bo go gatelela thata go bona gore a o sa ntse o ka kgona go bo itshokela.”

Ka dinako tse dingwe, motho yo o nang le bolwetse jono a ka kgona go ikutlwa botoka ka go bua le motho yo o tla mo utlwelang botlhoko. (Jobe 10:1) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go dumela gore fa bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong bo bakwa ke go sa lekalekane ga dikhemikale tse di mo mmeleng, bo ka se ka jwa fedisiwa fela ke go nna le boikutlo jo bo siameng. Tota mo maemong a a ntseng jalo, ga go na sepe se motho yo o nang le bolwetse jono a ka se dirang ka seemo sa gagwe fa a hutsafetse. Mo godimo ga moo, motho yono le ene a ka tswa a tlhakanngwa tlhogo ke seemo seno fela jaaka se tlhakanya tlhogo ba bangwe mo lelapeng le ditsala tsa gagwe.

Akanya ka Paula, * yo e leng Mokeresete yo o ileng a itshokela dinako tse di botlhoko tsa go hutsafala thata pele go lemogiwa gore o tshwerwe ke bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong. A re: “Ka dinako tse dingwe fa dipokano tsa Bokeresete di sena go tswa, ke ne ke tabogela kwa koloing ya me ke bo ke simolola go lela kwantle ga lebaka lepe fela. Ke ne ke ikutlwa ke jewa ke bodutu e bile ke hutsafetse tota. Le mororo go ne go se na pelaelo gore ke ne ke na le ditsala di le dintsi tse di amegang ka nna, ke ne ke sa kgone go lemoga seo.”

Ellen, yo o neng a tshwanelwa ke go robala kwa bookelong ka ntlha ya bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong le ene o ne a diragalelwa ke se se tshwanang. A re: “Ke na le monna le barwa ba babedi le betsi ba babedi ba bantle—ba ke itseng gore ba nthata botlhe.” Go ne go ka utlwala gore Ellen a tseye botshelo bo le monate le go dumela gore ba lelapa la gagwe ba mo tsaya e le motho wa botlhokwa. Le fa go ntse jalo, fa motho a lwa le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong, a ka fekeediwa ke dikakanyo tse di sa siamang—le fa di ka tswa di sa utlwale go le kana kang.

Sengwe se re sa tshwanelang go se lebala ke tsela e ba bangwe botlhe ba ka amegang ka yone fa mongwe mo lelapeng a na le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong. Dr. Golant o kwala jaana: “Fa mongwe yo o mo ratang a na le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong, o ka nna o tlhobaetse thata, o sa itse gore motho yono o tla tswa leng mo seemong seno sa go tshwenyega thata mo maikutlong kgotsa o tla tshwenyega leng gape mo maikutlong. O ka nna wa ikutlwa o hutsafetse thata—le e leng go utlwa botlhoko le go galefa—ka gonne botshelo bo fetogile, gongwe bo fetogetse ruri.”

Gantsi bana ba kgona go lemoga fa motsadi a tshwenyegile thata mo maikutlong. Dr. Golant o kwala jaana: “Ngwana yo mmaagwe a tshwenyegileng thata mo maikutlong o simolola go lemoga maikutlo a ga mmaagwe motlhofo, o kgona go bona phetogo le fa e le efe mo maikutlong a gagwe.” Dr. Carol Watkins o bolela gore bana ba motsadi yo o tshwenyegileng maikutlo “ba ka nna ba se ka ba itse gore ba itshware jang, ba ka nna le mathata a go ithuta le mathata a a amanang le dithaka. Go ka direga gore le bone ba tshwenyege thata mo maikutlong.”

Bolwetse Jwa Tlhaloganyo Jwa go Itumela le go Hutsafala mo go Feteletseng—Bo a Fetofetoga

Eleruri, bolwetse jo bo tlhokang kalafi jwa go tshwenyega thata mo maikutlong ke bothata jo bogolo. Le fa go ntse jalo, fa motho a na le jone mme a boa gape a itumela ka tsela e e feteletseng, o a bo a tshwerwe ke se go tweng ke bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng. * Lucia yo o nang le bolwetse jono a re: “Selo se se diregang ka metlha ka bolwetse jono ke gore bo a fetofetoga.” The Harvard Mental Health Letter e bolela gore ka nako ya fa batho ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng ba itumetse thata, “ba ka itshunya mo dilong tse di sa ba batleng le go rata go laola, mme e ka nna ya re fa ba sa ntse ba itumetse ka tsela eo e e feteletseng, go ise go ye kae ba bo ba simolola go tenega kgotsa go galefa.”

Lenore o gakologelwa se se neng se mo diragalela fa a itumetse ka tsela e e feteletseng. A re: “Ke ne ke nna matlhagatlhaga tota. Ba le bantsi ba ne ba mpitsa senatla sa mosadi. Batho ba ne ba a tle ba re: ‘Ke eletsa e kete nkabo ke tshwana le wena.’ Gantsi ke ne ke ikutlwa ke na le maatla a magolo jaaka e kete nka kgona go dira sengwe le sengwe. Ke ne ke nna matlhagatlhaga tota fa ke ikatisa mmele. Ke ne ke kgona go dira ditiro tsa me le fa ke ne ke sa robale lobaka lo loleele—ke robala diura di le pedi kgotsa di le tharo bosigo. Le fa go ntse jalo, ke ne ke tsoga ke le matlhagatlhaga jaaka gale.”

Mme fa nako e ntse e ya, Lenore o ne a simolola go aparelwa ke leru le lentsho. A re: “Fa boitumelo jwa me bo sa ntse bo ile magoletsa, ke ne ke ikutlwa ke fuduega maikutlo, jaaka enjene e e dumang e sa kgaotse. Ka tshoganyetso fela, boitumelo jwa me bo ne bo fela, ke bo ke simolola go galefa le go senyaka dilo. Ke ne nka kgadimola mongwe mo lapeng kwantle ga lebaka. Ke ne ke nna bogale, ke tlala letlhoo, ke sa laolege. Fa ke sena go dira dilo tseo tse di tshosang, ka bonako fela ke ne ke ikutlwa ke lapile, ke sekaseka dikeledi e bile ke tshwenyegile thata mo maikutlong. Ke ne ke ikutlwa ke se motho wa sepe e bile ke le bosula. Ka fa letlhakoreng le lengwe, go ne go ka direga gore ka bonako fela ke boe ke itumele jaaka e kete ga go a direga sepe.”

Tsela e bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng bo fetofetogang ka yone, ke yone e e tlhakanyang lelapa tlhogo le go dira gore le tlhobaele thata. Mary, yo monna wa gagwe a nang le bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng a re: “Ke tlhakana tlhogo fa ke bona monna wa me a itumetse a ntse a bua thata, mme ka tshoganyetso fela a bo a simolola go hutsafala a sa buise ope. Ga go motlhofo go amogela gore ga a kgone go laola seemo sa gagwe.”

Selo se se gakgamatsang ke gore, gantsi motho yo o nang le bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng le ene o ngomolwa pelo ke bolwetse jono—e bile ene a ka tswa a boga le go feta. Gloria yo o nang le bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng a re: “Ke tswela pelo batho ba matshelo a bone a ritibetseng. Batho ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng ba ritibala sewelo. Ga go ope wa rona yo o nnang a ritibetse.”

Bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng bo bakwa ke eng? Bo ka nna mo dijining—ka selekanyo se se fetang sa bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong. Mokgatlho wa Kalafi wa Amerika wa re: “Go ya ka dipatlisiso dingwe tsa saense, go ka direga ka makgetlho a le 8 go ya go a le 18 gore batho ba ba gaufi thata ka losika le motho yo o nang le bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng—batsadi, bomonnawe le bomogolowe kgotsa bana ba gagwe—ba tsenwe motlhofo ke bolwetse jono go feta batho ba ba gaufi thata ka losika le batho ba ba se nang bolwetse jono. Mo godimo ga moo, fa o na le mongwe yo o leng gaufi thata le ene ka losika yo o nang le bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng, seno se ka nna sa dira gore go nne motlhofo thata gore o tsenwe ke bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong.”

Go farologana le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong, go bonala bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng bo ama palo e e lekanang ya banna le basadi. Gantsi, bo simolola fa motho a setse a godile go sekae, mme gone go ile ga lemogiwa gore bolwetse jono bo tshwara le basha ba ba leng mo dingwageng tsa bolesome, tota le bana. Le fa go ntse jalo, ga go motlhofo go sekaseka matshwao a bolwetse jono o bo o fitlhelela tshwetso e e siameng, tota le bomankge ba tsa kalafi ba fitlhela go le thata. Dr. Francis Mark Mondimore wa Johns Hopkins University School of Medicine o kwala jaana: “Mo malwetseng a tlhaloganyo, bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng bo tshwana le leobu, ga bo nne le matshwao a a tshwanang mo balwetseng ba jone, e bile ga bo tle ka go tshwana le fa e ka nna mo molwetseng a le mongwe. Bo ka tsena motho ka tshoganyetso mme jwa mo hutsafatsa tota, go tswa foo bo ka nyelela ka dingwaga di le dintsi—le fa go ntse jalo, bo bo bo boa bo dira gore motho yoo a itumele ka tsela e e feteletseng.”

Ruri ga go motlhofo go lemoga malwetse a go fetofetoga maikutlo e bile go ka nna thata le go feta go tshela ka one. Le fa go ntse jalo, batho ba ba nang le malwetse ano ba ka nna le tsholofelo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 Lengwe la mabaka e ka tswa e le gore ba tshabelelwa ke go tshwenyega thata mo maikutlong fa ba sena go tshola bana le gore ba nna le diphetogo tsa dihoromone ka nako ya go khutla ga modikologo wa kgwedi. Gape go ka tswa go bakwa ke gore gantsi basadi ke bone ba ba ratang go senka thuso ya kalafi, mme seno se dira gore go bonwe gore ba tshwerwe ke bolwetse bofe.

^ ser. 11 Mangwe a maina a a tlhagang mo ditlhogong tseno a fetotswe.

^ ser. 16 Dingaka di bolela gore gantsi motho a ka fetsa dikgwedi di le dintsi a itumetse ka tsela e e feteletseng a bo a fetsa tse dingwe gape tse dintsi a hutsafetse thata. Le fa go ntse jalo, di bolela gore batho bangwe ba ba fetofetogang maikutlo ka bonako ba ka kgona go tshwenyega thata mo maikutlong le go itumela thata gantsintsi mo ngwageng. Mme maikutlo a batho ba se kae ba ba nang le bolwetse jono a ka fetoga gantsi mo letsatsing le le lengwe.

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Batho ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng ba ritibala sewelo. Ga go ope wa rona yo o nnang a ritibetse.”—GLORIA

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 5]

Matshwao a go Tshwenyega Thata mo Maikutlong *

● Go fetsa mo e ka nnang letsatsi lotlhe, gongwe letsatsi lengwe le lengwe, ka dibeke di ka nna pedi o hutsafetse

● Go se kgatlhegele go dira dilo tse pele o neng o natefelelwa ke go di dira

● Go fokotsega kgotsa go oketsega thata ga boima jwa mmele

● Go robala thata kgotsa go tlhoka boroko gotlhelele

● Go nna bonako kgotsa bonya ka tsela e e sa tlwaelegang mo ditirong tse o di dirang

● Go tsenwa ke letsapa le legolo, mme o sa itse gore le bakwa ke eng

● Go ikutlwa o se na mosola wa sepe le go ikutlwa o le molato go sa tshwanela, kgotsa sengwe sa dilo tseno

● Go sa kgone go tlhoma mogopolo jaaka pele

● Go aga o nna le dikakanyo tsa go ipolaya

Gape mangwe a matshwao ano a ka tswa a supa gore motho o na le dysthymia—mofuta wa bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong jo bo seng bogale go le kalo mme gone e le jo bo sa foleng

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 31 Lenaane leno le diretswe go thusa motho go nna le lesedinyana ka bolwetse jono, mme ga le a direlwa gore motho a le dirise go tlhomamisa gore o tshwerwe ke bolwetse bofe. Gape, mangwe a matshwao ano ka boone fela e ka nna matshwao a mathata a mangwe kwantle ga bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong.