Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Ke Eng se se Phoso ka Setshwantsho Seno?

Bala Ditiro 9:36-41. Ke dilo dife di le tharo mo setshwantshong seno tse di leng phoso? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e fa tlase fano mme o bo o feleletsa setshwantsho ka go se tsenya mebala.

1. ․․․․․

2. ․․․․․

3. ․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Tabitha o itsege ka leina lefe le lengwe mme maina a gagwe a kaya eng?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala ntlha e e kwa tlase mo go Ditiro 9:36, NW.

A Tabitha e ne e le motho yo o pelotshetlha? Tlhalosa.

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Ditiro 9:36, 39.

Mafoko a ga Jesu a a mo go Luke 6:38 a ile a itshupa a le boammaaruri jang mo go Tabitha? O ka etsa jang sekao sa gagwe?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Baefeso 4:28; Jakobe 2:14-17.

DILO TSE DI KA DIRWANG KE LELAPA:

Dira gore mongwe le mongwe mo lelapeng a akanye ka motho yo a ka ratang go mo naya mpho. Morago ga foo, direla motho yoo sengwe se se motlhofo. Ka sekai, dira karata kgotsa sengwe se se tshwayang tsebe ya buka se se nang le temana ya Baebele mo go sone.

Di Boloke Mme o Ithute ka Tsone

Segolola, o bo o mena botlhanngwe jwa yone mme o bo o e boloka

KARATA YA BAEBELE 7 PETERE

DIPOTSO

A. Ke eng fa Petere a ne a simolola go nwela?

B. A mafoko ano a boammaaruri kgotsa ke maaka? Petere o ne a nna a sa nyala.

C. Fa baeteledipele ba bodumedi ba ne ba bolelela baaposetoloi gore ba emise go ruta, Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba araba jaana: “Re tshwanetse go . . . ”

[Tšhate]

4026 B.C.E. Adame o a bopiwa

O ne a tshela mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.

1 C.E.

98 C.E. Go kwalwa ga buka ya bofelo ya Baebele

[Mmapa]

O ne a nna kwa Bethesaida le Kaperenama

GALALEA

Kaperenama

Bethesaida

Lewatle la Galalea

PETERE

DINTLHA KA GA GAGWE

Motshwari yo o dirang ka natla wa ditlhapi yo o neng a nna mongwe wa barutwa ba ntlhantlha ba ga Jesu. Jesu o ne a tlhopha Petere go nna mongwe wa baaposetoloi ba gagwe ba le 12 kgotsa mongwe wa ba ba romilweng. Mo Diefangeleng di le nnè, go kwadilwe go le gontsi ka mafoko a ga Petere go gaisa moaposetoloi ope fela. Jehofa o ne a mo dirisa thata gore a rere le go ‘nonotsha bakaulengwe ba gagwe.’—Luke 22:32; Mareko 3:13-19.

DIKARABO

A. O ne a fenngwa ke pelaelo.—Mathaio 14:28-31.

B. Maaka.—Mareko1:29-31; Johane 1:42; 1 Bakorintha 9:5.

C. “. . . utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 5:18, 27-29.

Batho le Dinaga

4. Leina la me ke Antonia. Ke na le dingwaga di le robedi mme ke nna kwa Chile, e e kwa Amerika Borwa. Ke Basupi ba ga Jehofa ba le kae ba ba nnang kwa Chile? A ke ba le 69 500, 96 500, kgotsa ba le 106 500?

5. Ke khutlo efe e e bontshang gore ke nna kae? E thalele mme o bo o torowa khutlo e e bontshang gore wena o nna kae mme o bone gore o gaufi go le kana kang le Chile.

A

B

C

D

Bana Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

● DIKARABO TSA “MOTLOTLO WA LELAPA” DI MO TSEBE 23

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 30 LE 31

1. Petere o ne a sa ema fa a ne a rapela; o ne a khubame.

2. Basadi (batlholagadi) ba ne ba bontsha Petere diaparo tse Tabitha a di dirileng, e seng dilo tsa letsopa.

3. Petere o ne a rapela a le nosi, e seng a na le batho ba bangwe mo phaposing.

4. 69 500.

5. B.