Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa o Tshwanetse go a Boloka Go na Le go A Dirisa?

Ke Eng fa o Tshwanetse go a Boloka Go na Le go A Dirisa?

Ke Eng fa o Tshwanetse go a Boloka Go na Le go A Dirisa?

BATHO ba le bantsi ba a re: “Go boloka madi go a lapisa. Go reka diaparo, didirisiwa tsa ileketeroniki le dilo tse dingwe go monate.”

E ka tswa o amilwe ke go wa ga ikonomi ya lefatshe kgotsa nnyaa, o ka solegelwa molemo ke go akanyetsa ditsela tsa go boloka madi le tsa go a dirisa ka botlhale. Ela tlhoko kgakololo e e tswang mo motsweding o o ikanyegang o o thusitseng batho ba le dimilione go ralala makgolokgolo a dingwaga gore ba kgone go lepalepana le mathata a bone a madi.

Dikgakololo Tse Tharo Tse di Botlhale Tsa Bogologolo

Jesu wa Nasaretha o ne a bua ka molaomotheo o o botlhokwa wa go dirisa madi mo go nngwe ya ditshwantsho tsa gagwe. Mo go sone, motlhanka o ne a gakololwa jaana ke mong wa gagwe: “O tshwanetse o ka bo o tsentse madi a me mo bankeng mme fa ke goroga, ke ne ke tla boelwa ke madi a me a na le morokotso.” (Mathaio 25:27, New American Standard Bible) Se Jesu a se buileng ka nako eo se botlhokwa thata gompieno. Mma re bone gore ke ka ntlha yang.

Bosheng jaana kwa dinageng dingwe, morokotso o o bonwang morago ga dingwaga di ka nna lesome o feta madi a o neng o a beeleditse kwa tshimologong. Le fa dibanka di le dintsi di sa neele morokotso o o ntseng jalo o o ngokang e bile e se gantsi morokotso wa dipeeletso o le kwa godimo jaaka babeeletsi ba ne ba solofetse, go botlhale gore o nne le madi a o a boloketseng maemo a tshoganyetso.

Baebele e gatelela ntlha eno ka go bolela jaana: “Botlhale ke tshireletso fela jaaka madi e le tshireletso.” (Moreri 7:12) Mme madi a ka se go sireletse fa o sa boloka sepe! Baebele e kgothaletsa jaana: ‘A mongwe le mongwe wa lona a beele sengwe kwa thoko mo bobolokelong go ya kafa a ka tswang a tlhogonolofala ka gone.’—1 Bakorintha 16:2.

Kafa o ka Bolokang ka Gone

Sa ntlha, pele ga o reka sengwe se se jang madi a mantsi, akanya gore a tota go a tlhokega.

Sa bobedi, fa o tlhoka sengwe, batla dilo tse disha tse di rekisiwang ka theko e e kwa tlase kgotsa dilo tse di dirisitsweng tse di mo maemong a a siameng. Espen le Janne, ba e leng batsadi mme ba nna kwa Norway, ba ne ba tlhoka porema ya lesea la bone la mosimane e bong Daniel. Ba ile ba reka porema e e dirisitsweng e e mo maemong a a siameng ka halofo ya tlhwatlhwa ya yone. Espen a re: “Fa Daniel a godile mme a sa tlhole a e dirisa, ke solofela gore re tla kgona go e rekisa ka tlhwatlhwa e ntle.” Mme o tlhagisa jaana: “Go batlana le ditlhwatlhwa tse di kwa tlase go ka ja nako e ntsi.” *

Sa boraro, o se ka wa reka ka lepotlapotla; akanya ka gone. Fa o sa ntse o akanya gore a selo seo se botlhokwa, o ka nna wa akanyetsa go batla sengwe se se tshwanang le sone kwa lebenkeleng le le rekisang dilo ka theko e e kwa tlase kgotsa kwa lebenkeleng le le rekisang dilo tse di dirisitsweng. Gape, gantsi o ka boloka madi fa o sa ikutlwe o patelesega go reka dilo tsa maina a a tumileng. Mo godimo ga moo, go na le gore o rekele bana diaparo tse di mo fesheneng kwa mabenkeleng a a turang, ke eng o sa dirise diaparo tse ba di apolelwang?

Ka tsela e e tshwanang, mmè yo o sa tswang go nna le ngwana a ka akanyetsa go dirisa mengato ya letsela e e ka tlhatswiwang. Buka ya Budgeting—Personal Spending and Money Management a Key to Weathering the Storm, e e kwadilweng ke Denise Chambers, ya re: “Mengato e e latlhiwang e ka ja madi a a kana ka $2 000 [R13 500] kgotsa go feta mo dingwageng di le pedi. Mengato ya letsela . . . $300-500 [R2 000-3 500] mo go tsone dingwaga tseo.” O ne a oketsa jaana: “Go motlhofo thata go dirisa mengato ya letsela ya segompieno e bile o tla thusa go sireletsa tikologo!”

Sa bonè, ela tlhoko gore gantsi ga go je madi a mantsi go reka dijo le go di apaya go na le go ja kwa diresetšhurenteng. Fa o na le bana ba ba tsenang sekolo, ke eng fa o sa ba rute go itirela dijo go na le gore o ba neye madi a go reka dijo tse di turang? Mme go na le gore o reke dino tse jang madi a mantsi, bogolo nwa metsi. Metsi a thusa gore o nne le botsogo jo bo siameng e bile ga a go jele madi.

Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng malapa a ne a na le ditshingwana tsa merogo. A o kile wa akanyetsa go itemela dijo? Batho ba le bantsi go akaretsa le ba ba nnang kwa difoleteng le mo matlong a mannye, ba na le lefelo le ba ka le dirisang go lema dijo mo go lone. O ka gakgamadiwa ke go bona gore motho a ka lema dijo di le kana kang mo lefelong le lennye!

Gape ela tlhoko: Fa o tlhoka go nna le founo ya selula, a o ka e dirisetsa fela maemo a tshoganyetso mme o duelele go sa le gale madi a o tla a dirisang go letsa mogala (prepaid airtime)? Kgotsa fa o na le motšhini o o omisang diaparo, a o kile wa akanyetsa go lekanyetsa tsela e o o dirisang ka yone? Gongwe o ka nna wa anega diaparo dingwe tsa gago—kgotsa ka dinako tse dingwe o ka di anega tsotlhe—mo terateng ya diaparo. Gape o ka nna wa fokotsa tsela e o dirisang ka yone di-air conditioner le dihitara. Pele o tshuba didirisiwa tseno, ipotse jaana, ‘A maemo a bosa a maswe go le kalo?’ Gape o ka nna wa bua le ba bangwe go utlwa gore ba dira jang gore ba se ka ba dirisa motlakase o montsi.

Gape go a thusa go bula akhaonto ya go boloka madi. Mo godimo ga moo, Hilton, yo e leng modiri wa moithaopi mo Afrika Borwa o tlhalosa jaana: “Go botlhale gore o se ka wa boloka dilo tsotlhe tsa gago tse di tlhwatlhwakgolo mo lefelong le le lengwe. Ka dinako dingwe dibanka le ditheo tsa madi di a phutlhama. Re kile ra diragalelwa ke selo se se ntseng jalo.” Ka jalo, tlhopha ka botlhale banka e e tla reng fa e phutlhama puso e bo e kgona go go duela madi a gago.

Kafa o ka Tswang mo Sekolotong ka Teng

Sa ntlha, leka go duela madi a a fetang a o tshwanetseng go a duela kgwedi le kgwedi mo sekolotong sengwe le sengwe, mo karateng ya sekoloto kgotsa mo dilong tse dingwe.

Sa bobedi, tlhoma mogopolo thata mo go dueleng sekoloto se se nang le morokotso o o kwa godimo.

Sa boraro, laola tsela e o dirisang madi ka yone. Seno se botlhokwa thata.

A o kile wa gogelwa ke dipapatso tse di ngokang? Danny, rralelapa yo o nnang kwa Sweden, o dumela gore di kile tsa mo ngoka. O ne a na le kgwebo e e tsamayang sentle mme o ne a tshwanelwa ke go e rekisa gore a duelele sekolo sa karata ya gagwe. O ne a ithuta thuto ya botlhokwa mme gone jaanong o laola tsela e a dirisang madi a gagwe ka yone. O neela kgakololo eno: “Nna kelotlhoko ka bopelotshetlha. Kgotsofalela go tshela ka se o nang le sone.”

Sekoloto se se Tlhokegang

Ke batho ba le mmalwa fela ba ba ka kgonang go duela tlhwatlhwa e e feletseng ya ntlo kgotsa folete. Ka jalo, ba le bantsi ba reka matlo ka go adima madi kwa bankeng. Madi a ba a duelang banka kgwedi le kgwedi go busa madi a ba a adimileng a ka tsewa e le a go duela rente ya ntlo. Mme fa ba setse ba duetse madi otlhe a ba a adimileng morago ga nako e e rileng, ntlo e nna ya bone!

Gape batho ba le bantsi ba bona go le molemo gore ba adime madi a go reka koloi e e sa jeng peterolo e ntsi. Ka go duela madi a ba a adimileng ka bonako jo bo kgonegang, koloi e nna thoto e e botlhokwa, e leng tsela e nngwe ya go boloka madi. * Batho bangwe ba bone go le botlhale go reka koloi e e kileng ya dirisiwa e e mo maemong a a siameng e bile e sa tsamaya dikilometara di le dintsi. Batho ba bangwe ba boloka madi ka go dirisa dipalangwa tsa batho botlhe kgotsa le e leng go tsamaya ka baesekele.

Le fa boemo e ka tswa e le bofe, nna tekatekano ka se o se rekang mme o dire ditshwetso tsa gago ka kelotlhoko. Motho yo o dirisang madi a gagwe ka tsela e e seng botlhale a ka nna lekgoba mme seo se ka mmakela mathata. Ka jalo, leka go dirisa madi ka kelotlhoko le ka botlhale ka gonne seo se tla dira gore o nne le boitumelo goyagoile.

Mo godimo ga moo, gore o itumelele go boloka madi, o tshwanetse go itse go laola madi a gago. Ke se go tla tlotliwang ka sone mo setlhogong se se latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 10 Gore o tlhomamisege gore ga o reke dilo tsa bogodu, go botlhale gore o batle rasiti e e nang le leina la motho yo o go rekiseditseng selo seo le aterese ya gagwe.

^ ser. 24 Gakologelwa gore fa o sa tlhole o na le lotseno mme o sa kgone go duela sekoloto sa gago, o ka nna wa latlhegelwa ke ntlo kgotsa koloi le madi otlhe a o setseng o a duetse.

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

DITSELA TSA GO BOLOKA MADI

Batla dilo tse di rekisiwang ka theko e e kwa tlase

Reka diaparo kwa mabenkeleng a a rekisang dilo ka tlhwatlhwa e e kwa tlase kgotsa a a rekisang dilo tse di dirisitsweng

Ruta bana ba gago go itirela dijo

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Fokotsa madi a o a dirisang go reka dijo ka go lema tshingwana ya merogo. Boloka madi ka go anega diaparo kwa ntle