Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

United States

Mo bekeng ya October 29, 2012 kwa New York City, dipalo tsa dipolao, bokebekwa le go kgothosa di ile tsa fokotsega thata fa di bapisiwa le tsa lobaka loo lwa malatsi a le matlhano ka 2011. Seo se bakilwe ke eng? Sefefo se se maatla sa Hurricane Sandy, se ne sa baka tshenyo e kgolo go ralala Lotshitshi Lwa Botlhaba lwa kwa United States, mme sa baka go kgaoga ga motlakase mo mafelong a le mantsi. Mmueledi wa New York Police Department e bong Paul Browne a re: “Morago ga tiragalo ya masetlapelo a tlholego kgotsa tiragalo nngwe e kgolo ya matlhotlhapelo [e e jaaka tlhaselo ya dirukhutlhi e e diragetseng ka September 11, 2001], bokebekwa jo bo tlwaelegileng bo a fokotsega.” Le fa go ntse jalo, go ile ga nna le koketsego ya bokebekwa jwa go thuba mo matlong mme seo ga se a ka sa gakgamatsa Browne. A re: “Mafelo a le mantsi a a bo a le mo lefifing.”

Antarctica

Baitsesaense ba tshwenngwa ke gore ditshedi tse di tlholegang mo Antarctica di mo kotsing ka ntlha ya mefuta ya dimela tse di anamang ka bonako tse di sa tlholegang mo nageng eno. Go fopholediwa gore diketekete tsa baeng ba ba tlang mo kontinenteng eno ngwaga le ngwaga, ba tla ba tshotse mo e ka nnang diperesente di le 9,5 tsa peo ya dimela ba sa lemoge, gantsi e kgomaretse ka fa tlase ga ditlhako kgotsa dikgetsana tsa bone. Mefuta ya dimela tse di sa tlholegeng mo lefelong leno e setse e bonwe kwa Western Antarctic Peninsula.

Netherlands

Mosadimogolo mongwe wa dingwaga di le 83 e nnile ene motho wa ntlha go tsenngwa lerapo la motlhagare le le itiretsweng la titanium le le dirilweng ka printara ya leisara ya 3-D. Molwetse yono yo lerapo la gagwe la motlhagare le neng le senyegile ka gonne le tshwaeditswe ke mogare, jaanong o kgona go ja, go hema le go bua sentle. Printara eno ya leisara e ne ya kopanya dikarolwana tsa titanium ka bongwe ka bongwe go mo direla lerapo le lesha la motlhagare a bo a dirwa karo gore a le tsenngwe.

Jeremane

Morago ga ngwaga fela go thibetswe go goga motsoko mo mafelong a batho botlhe kwa Jeremane, dipatlisiso di ne tsa bontsha gore palo ya batho ba ba amogelwang kwa dikokelong ka ntlha ya bolwetse jwa pelo (angina pectoris) e ne ya fokotsega ka diperesente di le 13,3; mme ya ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa go ema pelo e ne ya fokotsega ka diperesente di le 8,6.