Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Arctic

Porofesa wa fisikisi ya dilo tsa lewatle e bong Peter Wadhams wa University of Cambridge, kwa Boritane a re: “Selekanyo sa aese e e nnang gone selemo ke kwatara fela fa se bapisiwa le e e neng e le gone dingwaga di le 30 tse di fetileng.” Ka 2012, dikepe di ka nna 50 di ne tsa tsamaya ka Northern Sea Route e e bulegileng ka ntlha ya go gotela ga moya o o mo loaping.

Lefatshe

Go fitlhetswe gore malatsi a se kae morago ga gore bommè ba tshole bana, mashi a bone a letsele a a bo a na le mefuta e e fetang 700 ya dibaketeria—palo e e fetang e baitse ba neng ba e akanya. Babatlisisi ba sa ntse ba batla go bona gore dibaketeria tseno di mosola ka eng mo thulaganyong ya go sila dijo le ya go lwantsha malwetse ya losea lo lo sa tswang go tsholwa.

Boritane

Mo dipatlisisong tsa baitsesaense ba kwa Boritane tse di batlisisang ka go tsiboga ga batho fa ba kgweetsa, go ne ga fitlhelwa gore bakgweetsi ba ba tshwerweng ke mofikela ba ne ba tsiboga ka bonya go feta ba ba neng ba nole bojalwa.

Democratic Republic of Congo

Ngwaga le ngwaga mo Afrika go bolawa ditlou di le diketekete ka selekanyo se bangwe ba reng “se segolo go feta le fa e le leng pele,” di bolaelwa dinaka tsa tsone. Mo tiragalong nngwe ditlou di le dintsi di ne tsa thuntshiwa mo godimo ga ditlhogo mme go lebega batho ba ba neng ba di thuntsha ba ne ba le mo helikopotareng.

Australia

Mo dingwageng di le 27 tse di fetileng go sule halofo ya dikorale tse di tshelang tsa kwa Great Barrier Reef. Baitsesaense ba re tshenyo e ntsi e bakilwe ke ditsuatsue, go ata ga ditlhapi tsa crown-of-thorns starfish [Acanthaster planci] le go tswa mmala ga dikorale ka ntlha ya go tlhatloga ga themperetšha mo lewatleng.