TSOGANG! June 2014 | Tsala e e Molemo Ke e E Ntseng Jang?

Ka maswabi, gompieno batho ba le bantsi ga ba na ditsala tsa boammaaruri. A mme go tshwanetse ga nna jalo? Go tlhokega eng go nna le botsala jo bo nnelang ruri? Sekaseka kgakololo e e mosola ya Baebele.

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Utlwa ka: bothata jwa molao le jwa boitsholo jo bo lebaneng ditleliniki tse di thusang batho go ima kwa Canada, sengwe se se ka jewang mo boemong jwa nama le thulaganyo e ntšha ya go nyadisa ka thulaganyo ya batho ba ba sa ikamanyeng le bodumedi bope kwa Ireland.

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Tsala e e Molemo Ke e E Ntseng Jang?

Batho ba le bantsi ba dumela gore go botlhokwa go nna le ditsala tse di molemo. O ka nna tsala e e molemo jang mo go ba bangwe? Setlhogo seno se tlotla ka melaometheo e le menè e e ka thusang e e mo Baebeleng.

SE BAEBELE E SE RUTANG

Loso

Go diragalang fa re swa? A go na le tsholofelo ya gore re ka boa ra kopana le baratiwa ba rona ba ba suleng? Bala dikarabo tse di gomotsang tsa Baebele ka loso.

TSA MALOBA

Joseph Priestley

Fa Joseph Priestley a ne a kwala ka saense kgotsa ka bodumedi, o ne a ganetsa dikgopolo le ditumelo tse di tlwaelegileng mme a buelela dintlha tse di itsegeng e le boammaaruri. Bona kafa dilo tse a di ribolotseng le tse a di kwadileng di tlhotlheleditseng batho ka teng go fitlha le gompieno.

Bolwetse Jwa Marinini—A bo Ka go Tshwara?

Bolwetse jwa marinini ke bongwe jwa malwetse a a anameng thata a legano mo lefatsheng. Bo bakwa ke eng? O ka itse jang gore o na le jone? O ka dira jang gore o se ka wa nna mo kotsing ya go tsenwa ke bolwetse jwa marinini?

GO THUSA LELAPA

Tsela ya go Laola Tiriso ya Madi

O se ka wa leta go fitlha o sa tlhole o na le madi gore o akanye ka tsela e o dirisang madi ka yone. Ithute go laola madi pele go senyega.

A GO TLHAMILWE?

Bokgoni Jwa go Bona Tsela Jwa Khukhwane ya Boloko

Khukhwane ya boloko e dirisa thulaganyo efe ya go bona tsela? Mme batho ba ka ithuta eng mo go yone?

Tse Dingwe

Se Basha ba se Buang ka Difouno Tsa Selula

Mo basheng ba bantsi, selula ke mokgwa wa letsatsi le letsatsi wa go ikgolaganya le batho. Ditsela tse di siameng le tse di sa siamang tsa go nna le yone ke dife?

Moshe o Golela Kwa Egepeto

Re ka ithuta eng mo botshelong jwa ga Moshe fa a ne a le kwa Egepeto? Itseele diporojeke tseno mme lo tlotle mmogo ka tsone lo le lelapa.