Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | GO DIRA KAGISO MO LELAPENG

Kafa o ka Dirang Kagiso ka Gone mo Lelapeng

Kafa o ka Dirang Kagiso ka Gone mo Lelapeng

A O AKANYA gore Baebele e ka go thusa go dira kagiso mo lelapeng? Tsweetswee bapisa se Baebele e se buang le se batho ba ba botsoloditsweng fano ba boneng se thusa. Ela tlhoko dintlha tse di ka go thusang gore o tile dikgotlhang, o dire gore go tswelele go na le kagiso le go nonotsha kamano ya lelapa.

MELAOMETHEO YA BAEBELE E E ROTLOETSANG KAGISO

LEBA BA BANGWE KA TSELA E E SIAMENG.

“Lo sa dire sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya go itseela kwa godimo thata, mme ka mogopolo o o ikokobeditseng lo tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga lona, lo tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang lona fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.”Bafilipi 2:3, 4.

“Re lemogile gore go tsaya molekane wa gago a le botlhokwa go feta wena le batho ba bangwe go botlhokwa.”—C. P. yo o nang le dingwaga di le 19 a nyetswe.

REETSA KA KELOTLHOKO.

“Tswelela o ba gakolola . . . ba sa rate ntwa, ba le tekatekano, ba bontsha bonolo jotlhe mo bathong botlhe.”Tito 3:1, 2.

“Re ka tlhokomologa dikgotlhang di le dintsi ka go sa tsholetse lentswe fa re araba molekane wa rona. Go botlhokwa gore re mo reetse re sa mo atlhole re bo re tlotle tsela e a lebang dilo ka yone le fa re sa dumalane le yone.”—P. P. yo o nang le dingwaga di le 20 a nyetswe.

LWELA GO NNA PELOTELELE LE GO NNA BONOLO.

“Molaodi o kgonwa ka bopelotelele, mme loleme lo lo bonolo lo ka roba lerapo.”Diane 25:15.

“Go tla nna le dikgotlhang, mme tsela e di felelang ka yone e tla ikaega ka gore re di rarabolola jang. Ruri re tlhoka go nna pelotelele. Fa re le pelotelele, re tla kgona go rarabolola dikgotlhang sentle.”—G. A. yo o nang le dingwaga di le 27 a nyetswe.

O SE KA WA LWA KGOTSA WA KGOBA KA MAFOKO.

“Di tloseng tsotlhe mo go lona, tšhakgalo, bogale, bosula, puo ya go kgoba, le puo e e ferosang sebete e e tswang mo molomong wa lona.”Bakolosa 3:8.

“Ke rata tsela e monna wa me a ithibang ka yone fa go nna le dikgotlhang. O nna a ritibetse e bile ga a ke a nkgalefela kgotsa a ntlhapaola.”—B. D. yo o nang le dingwaga di le 20 a nyetswe.

NNA BONAKO GO ITSHWARELA LE GO RARABOLOLA MATHATA.

“Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe.”Bakolosa 3:13.

“Ga se ka metlha go leng motlhofo go nna o ritibetse fa o ngomogile pelo, e bile o ka itlhaganelela go bua kgotsa go dira dilo tse di ka utlwisang molekane wa gago botlhoko. Ka dinako tse di ntseng jalo, go ka nna molemo go itshwarela. Fa banyalani ba itshwarelana, lenyalo la bone le tla atlega.”—A. B. yo o nang le dingwaga di le 34 a nyetswe.

ITLWAETSENG GO ABELANA.

“Itlwaetseng go aba, mme batho ba tla lo abela. . . . Gonne ka selekanyo se lo lekanyang ka sone, le bone ba tla lo lekanyetsa ka sone.”Luke 6:38.

“Monna wa me o itse se se intumedisang e bile o ntirela dilo ke sa solofela. Mme ke nna ke ipotsa gore ‘Nka dira eng go mo itumedisa?’ Seo se dirile gore re itumele thata, e bile re sa ntse re itumetse.”—H. K. yo o nang le dingwaga di le 44 a nyetswe.

O SE KA WA TLOGELA GO DIRA KAGISO MO LELAPENG.

Malapa ano a a botsoloditsweng ke bagatisi ba Tsogang! ke mangwe a malapa a le dimilione mo lefatsheng lotlhe a Baebele e a thusitseng go nna le dinonofo tse di dirang gore a nne le kagiso. * Le fa go lebega bangwe ba sa dirisane mo malapeng a bone, ba lemogile gore go sa ntse go le molemo gore ba dire kagiso ka gonne Baebele e solofetsa jaana: “Ba ba ikaeletseng go dira kagiso ba a ipela.”—Diane 12:20.

^ ser. 24 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ya kafa o ka dirang ka gone gore lelapa la gago le itumele, bona kgaolo 14 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. E gone mo www.dan124.com/tn. Leba DITHUTO TSA BAEBELE > GO THUSA LELAPA.