Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TORA YA TEBELO No. 1 2018 | A Baebele e sa Ntse e le Botlhokwa?

A BAEBELE E BOTLHOKWA GOMPIENO?

E re ka re na le tshedimosetso e ntsi mo lefatsheng leno le le nang le thekenoloji ya maemo a a kwa godimo, a Baebele ga e tlhole e le botlhokwa? Baebele ya re:

“Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola.”—2 Timotheo 3:16.

Makasine ono wa Tora ya Tebelo o sekaseka se Baebele e se buang fa e re e ka kgona go re kaela mo dilong tsotlhe.

 

A Tshedimosetso E e Mo Baebeleng e Botlhokwa Gompieno?

E re ka re na le tshedimosetso eo e e mo nakong, a re tlhoka go dirisa buka e e kwadilweng dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng e leng Baebele

Dithuto Tsa Baebele—Botlhale Jo bo Sa Felelweng ke Nako

Tshedimosetso ya bosheng ga e dire gore Baebele e felelwe ke nako ka gonne dithuto tsa yone di theilwe mo melaong le mo melaometheong e e mosola e bile e sa felelwe ke nako.

A e Feletswe ke Nako Kgotsa e mo Nakong?

Baebele ga se buka ya saense mme e bua dilo dingwe tse di ka go gakgamatsang ka saense.

1 E re Thusa go Tila Mathata

Bona gore botlhale jwa Modimo bo thusitse batho bangwe jang go tila mathata a a boima a botshelo.

2 E re Thusa go Rarabolola Mathata

Baebele e re thusa go rarabolola mathata a a tsayang lobaka e bile a tlhakanya tlhogo a a jaaka go tshwenyega thata, go beela dilo nako e e tlang le go jewa ke bodutu.

3 E re Thusa go Itshokela Mathata

Go tweng ka mathata a o ka se kgone go a tila kgotsa go a baakanya a a jaaka bolwetse jo bo sa foleng kgotsa loso?

Baebele e re Thusa go Nna le Bokamoso jo bo Itumedisang

Baebele e ka re thusa go lebana le mathata a rona gompieno—mathata a re lebanang le one letsatsi le letsatsi mo lefatsheng leno le le tletseng mathata. Gape gona le se Baebele e se dirang. Gape e re naya tsholofelo e e itumedisang ka bokamoso.

O Akanya Eng?

Sekaseka se batho bangwe ba se dumelang le se Baebele e se rutang ka potso eno.