Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go na Le Mabaka A go Bo re Sa Ntse re Tshela

Go na Le Mabaka A go Bo re Sa Ntse re Tshela

Faizal o ile a tlhoka go dira karo ya pelo ngwaga morago ga fa mosadi wa gagwe a sena go tlhokafala. A re: “Fa ke bala buka ya Jobe, ke kgona go bona lebaka la go bo Jehofa a dirile gore e kwalwe mo Baebeleng. Fa re bala ka mongwe mo Baebeleng yo o kileng a nna mo seemong se re leng mo go sone, re a gomotsega. Seo se dira gore ke bone gore go na le mabaka a go bo ke sa ntse ke tshela.”

Tarsha o ne a sa ntse a le monnye fa mmaagwe a tlhokafala. A re: “Go sa kgathalesege mathata a ke kopanang le one, go itse gore Mmopi wa me o a nkgathalela, go dirile gore ke se ka ka itlhoboga go na le moo ke itumelele botshelo. Ke a itse gore Jehofa o re thusa gore re kgone go itshokela mathata a re kopanang le one letsatsi le letsatsi.”

DILO tse di botlhoko tse re buileng ka tsone, di ka dira gore go nne thata go itshoka. Fa o kopana le mathata mo botshelong, o ka nna wa ipotsa gore tota o sa ntse o tshelelang kgotsa gore a go na le mongwe yo o go kgathalelang. Mme gone, itse gore Modimo o a go kgathalela le gore o botlhokwa thata mo go ene.

Mokwadi wa Pesalema 86 o ile a bua jaana fa a tlhalosa tsela e a tshepang Modimo ka yone: “Ke tla biletsa kwa go wena mo motlheng wa matshwenyego a me, gonne o tla nkaraba.” (Pesalema 86:7) Mme gone o ka nna wa ipotsa gore, ‘Modimo o tla nkaraba jang ka nako ya “matshwenyego a me”?’

Le fa Modimo a sa fedise mathata otlhe a gago gone jaanong, Baebele ya re o tla go thusa gore o se ka wa tshwenyega thata. Ya re: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo.” (Bafilipi 4:6, 7) Re kopa o bale ditemana tse di latelang mme o bone tsela e Modimo a re netefaletsang ka yone gore o a re kgathalela.

Modimo O a Go Kgathalela.

“Ga go e le nngwe ya [dithaga tseno] e e lebalwang fa pele ga Modimo. . . . Lo botlhokwa go feta dithaga di le dintsi.”Luke 12:6, 7.

AKANYA KA SENO: Le fa bontsi jwa batho ba sa re sepe ka dinonyane tseno, Modimo ene o di tsaya di le botlhokwa thata. Ga go na le fa e le nngwe ya tsone e Modimo a sa e itseng. Seno se raya gore fa Modimo a tsaya dinonyane tseno di le botlhokwa, go raya gore batho bone o ba tsaya ba le botlhokwa fela thata ka gonne ba na le botho jo bo tshwanang le jwa gagwe.—Genesise 1:26, 27.

“Wena Jehofa, o ntlhatlhobile, mme o a nkitse. . . . O akanyeditse kakanyo ya me. . . . Ntlhatlhobe, o itse dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang.”Pesalema 139:1, 2, 23.

AKANYA KA SENO: Modimo o go itse sentle. O itse tsela e o ikutlwang ka yone le dilo tse o tshwenyegileng ka tsone. Le fa batho ba ka tswa ba sa tlhaloganye mathata a gago, Modimo ene o a go kgathalela e bile o batla go go thusa. Leno ke lone lebaka la go bo re sa tshwanela go itlhoboga mo botshelong.

Botshelo Jwa Gago bo Botlhokwa Thata mo Modimong

“Ao tlhe Jehofa, a ko o utlwe thapelo ya me; mme e kete go goa ga me ke kopa thuso go ka tla kwa go wena. . . . Sekegela tsebe ya gago kwa go nna; Mo letsatsing le ke bitsang ka lone, itlhaganele, o nkarabe. Ruri o tla retologela mo thapelong ya ba ba amogilweng sengwe le sengwe.”Pesalema 102:1, 2, 17.

AKANYA KA SENO: Go ntse jaaka e kete go tloga fela kwa tshimologong, Jehofa o ntse a phutha dikeledi tsa batho botlhe ba ba lelang ka ntlha ya dilo tse di botlhoko tse di diregang. (Pesalema 56:8) Le wena Modimo o ntse a phutha dikeledi tsa gago e bile o gakologelwa mathata otlhe a o kileng wa kopana le one ka gonne Modimo o go tsaya o le botlhokwa fela thata.

“O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. O se ka wa leba kwa le kwa, gonne ke Modimo wa gago. Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota. . . . Gonne nna, Jehofa Modimo wa gago, . . . Nna yo ke go rayang ke re, ‘O se ka wa boifa. Nna ke tla go thusa.’”Isaia 41:10, 13.

AKANYA KA SENO: Modimo o batla go go thusa. Fa o nna le mathata, o tla go thusa.

Dilo di Tlile go Siama mo Nakong e e Tlang

“Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”Johane 3:16.

AKANYA KA SENO: Modimo o go rata thata jaana mo a ileng a ntsha Morwawe Jesu gore a go swele. Seno se raya gore o tlile go tshela monate mo lefatsheng ka bosakhutleng. *

Le fa o na le mathata e bile botshelo bo le boima, iphe nako ya go ithuta Baebele le go dumela dilo tsotlhe tse Modimo a re solofeditseng tsone. Seo se tla dira gore o itumele le go go thusa gore o lemoge gore go na le mabaka a go bo o sa ntse o tshela.

^ ser. 19 Fa o batla go bona gore loso lwa ga Jesu lo ka go thusa jang, leba bidio ya Gopola Loso Lwa ga Jesu e e mo www.dan124.com/tn. Ya kwa DIKGATISO > DIBIDIO > DIPOKANO LE BODIREDI JWA RONA.