Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dibetsa tsotlhe tsa ntwa di tla nyelediwa

Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

A go tla tsamaya go nna le kagiso mo lefatsheng?

O ne o ka reng?

  • Ee

  • Nnyaa

  • Gongwe

Se Baebele e se buang

Fa Jesu Keresete a busa, go tla nna le “letlotlo la kagiso go fitlha ngwedi e sa tlhole e le teng”—seo se raya gore kagiso e tla nnela ruri.—Pesalema 72:7.

Se gape re se ithutang mo Baebeleng

  • Batho ba ba bosula ba tla fedisiwa mme batho ba ba siameng “ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:10, 11.

  • Modimo o tla fedisa dintwa tsotlhe.—Pesalema 46:8, 9.

A go a kgonega go nna le kagiso ya mogopolo gompieno?

Batho bangwe ba dumela gore . . . fa fela lefatshe la rona le sa ntse le tletse ka go boga le tshiamololo, ga re kitla re nna le kagiso ya mogopolo. Wena o akanya eng?

Se Baebele e se buang

Tota le gompieno go a kgonega gore batho ba e leng ditsala tsa Modimo ba nne le “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.”—Bafilipi 4:6, 7.

Se gape re se ithutang mo Baebeleng

  • Modimo o solofetsa gore o tla fedisa tshiamololo le dilo tsotlhe tse di dirang gore batho ba boge a bo a “dira dilo tsotlhe disha.”—Tshenolo 21:4, 5.

  • Re ka nna le kagiso ya mogopolo fa re nonotsha kamano ya rona le Modimo.—Mathaio 5:3.