Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | KE ENG FA O TSHWANETSE GO IKANYEGA?

Kafa go sa Ikanyege go go Amang ka Teng

Kafa go sa Ikanyege go go Amang ka Teng

“Ka metlha go na le maemo a a thata a a ka rarabololwang ka go sa ikanyege go le gonnye.”—Samantha, Afrika Borwa.

A o dumalana le seo? Fela jaaka Samantha, rotlhe re kile ra lebana le maemo a a thata. Tsela e re itshwarang ka yone fa re le mo maemong a a re tlhotlheletsang gore re se ka ra ikanyega, e ka senola gore ke eng se re se tsayang se le botlhokwa. Ka sekai, fa re tshwenyegile thata ka gore re se ka ra tlhabiwa ke ditlhong, re ka nna ra leba go sa ikanyege e le selo sa botlhokwa. Le fa go ntse jalo, fa ba bangwe ba lemoga gore ga o ikanyege, gantsi seo se nna le ditlamorago tse di botlhoko. Ela tlhoko dintlha tse di latelang.

GO SA IKANYEGE GO DIRA GORE O SE TLHOLE O IKANNGWA

Dikamano tse di molemo di nna teng fa batho ba ikanyega mo go ba bangwe. Fa batho ba babedi ba ikanyana, ba ikutlwa ba sireletsegile. Mme gone, seno ga se itiragalele fela. Batho ba kgona go ikanyana fa ba fetsa nako mmogo, ba buisana ka boikanyegi e bile ba akanyetsana. Go ikanngwa go ka senngwa ke go dira selo se sennye fela sa go sa ikanyege. Mme fa o sa tlhole o ikanngwa, go thata gore o boe o ikanngwe gape.

A o kile wa tsiediwa ke mongwe yo o neng o mo tsaya e le tsala ya gago e kgolo? Fa go le jalo, o ne wa ikutlwa jang? Ga go pelaelo gore o ne wa utlwa botlhoko, e kete motho yoo o go tlhanogetse. Ruri go a utlwala gore o ikutlwe jalo. Go bonala sentle gore go sa ikanyege go ka senya motheo wa dikamano tse di molemo.

GO SA IKANYEGE GO A TSHELANWA

Dipatlisiso tse di neng tsa dirwa ke Robert Innes, porofesa wa tsa ikonomi kwa Yunibesithing ya California, di ne tsa bontsha gore “go sa ikanyege go a tshelanwa.” Ka jalo, go sa ikanyege go ka tshwantshiwa le mogare—fa o dirisana thata le motho yo o sa ikanyegeng, o ipaya mo kotsing ya go “tshwaediwa” ke go sa ikanyege.

O ka tila jang go wela mo serung sa go sa ikanyege? Baebele e ka go thusa. Tsweetswee sekaseka melaometheo e le mmalwa ya Baebele.