Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Re ne Ra Amiwa ke go Bona Gore Ba a Re Rata”

“Re ne Ra Amiwa ke go Bona Gore Ba a Re Rata”

KA Matlhatso, April 25, 2015, thoromo ya lefatshe ya bogolo jwa 7.8 e ne ya itaya Nepal, naga e e nang le dithaba tse dintsi e e kwa bokone jwa India. Thoromo eo e ne ya itaya go ya bokgakaleng jwa dikilometara di le 80 go ela kwa bokonebophirima jwa toropokgolo ya Kathmandu. Ka maswabi, go ne ga swa batho ba feta 8 500 mme eo e ne ya nna palo e e kgolo ya batho ba ba bolailweng ke masetlapelo a tlholego. Matlo a feta 500 000 a ne a senyega. Go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 2 200 kwa Nepal mme bontsi jwa bone bo ne bo nna mo mafelong a a sentsweng ke thoromo ya lefatshe. Ka maswabi, kgaitsadi a le mongwe le bana ba gagwe ba le babedi ba ne ba tlhokafala.

Mosupi mongwe yo o bidiwang Michelle a re: “Thoromo eo e ne ya itaya ka nako e diphuthego di le dintsi di neng di tshwere dipokano tsa Bokeresete ka yone. Go ka bo go sule batho ba le bantsi fa e ka bo e diragetse ka nako ya fa batho ba ne ba le kwa gae.” Goreng ba ba neng ba ile kwa dipokanong ba sa tlhokafala? Ba thusitswe ke tsela e Diholo Tsa Bogosi di agilweng ka yone.

“JAANONG RE BONA BOTLHOKWA JWA GONE!”

Diholo Tsa Bogosi tsa bosheng kwa Nepal di agilwe ka tsela ya gore di se ka tsa senngwa ke thoromo ya lefatshe. Man Bahadur yo nnang le seabe mo go ageng Diholo Tsa Bogosi a re: “Re a tle re bodiwe gore goreng re dira motheo o o tiileng jaana mme re aga holo e nnye. Jaanong re bona botlhokwa jwa gone!” Morago ga thoromo eo ya lefatshe, go ne ga ntshiwa tetla ya gore batho ba ba se nang magae ba nne mo Diholong Tsa Bogosi. Basupi ba ga Jehofa le baagelani ba bone ba ne ba ikutlwa ba sireletsegile fa ba le koo, le fa ba ne ba tshositswe ke maemo ao.

Basupi ba ga Jehofa le baagelani ba bone ba ne ba tshabela mo Diholong Tsa Bogosi

Bagolwane ba diphuthego ba ne ba simolola go batla maloko a phuthego a a neng a latlhegile. Mosupi mongwe yo o bidiwang Babita o ne a re: “Bagolwane ba tsaya botsogo jwa batho ba bangwe bo le botlhokwa mo go jwa bone. Re ne ra amiwa ke go bona gore ba a re rata.” Letsatsi le le latelang morago ga thoromo eo, maloko a le mararo a komiti e e tlhokometseng tiro e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa kwa Nepal le badiredi ba ba etelang diphuthego kgotsa balebedi ba potologo, ba ne ba simolola go etela diphuthego go bona gore batho ba tlhoka eng le go thusa bagolwane ba koo.

Gary Breaux yo o tswang kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa a etetse batho ba ba amilweng ke thoromo ya lefatshe

Malatsi a le marataro morago ga thoromo ya lefatshe, Gary Breaux wa kwa ntlokgolo ya Basupi kwa United States, o ne a ya kwa Nepal le mosadi wa gagwe e bong Ruby. Leloko la komiti e e umakilweng fa godimo e bong Reuben o ne a re: “Re ne re sa tlhomamisega gore Mokaulengwe Breaux o tla kgona go tla ka gonne go ne go tlhakatlhakane kwa Kathmandu. Mme o ne a goroga ka gonne o ne a ikemiseditse go tla! Basupi ba ne ba itumelela go bo a tlile.”

‘GONE JAANONG RE ATAMALANE THATA’

Silas yo o direlang kwa diofising tsa Basupi kwa Nepal o ne a re: “Fa difouno di se na go baakanngwa, re ne ra simolola go lelediwa bosigo le motshegare! Basupi ba dinaga tse dingwe ba ne ba tshwenyegile ka rona. Le fa ba bangwe ba ne ba bua dipuo tse re sa di tlhaloganyeng, re ne re kgona go lemoga gore ba a re rata e bile ba batla go re thusa.”

Setlhopha sa Basupi ba tsa kalafi go tswa kwa Yuropa se thusa batswasetlhabelo

Basupi ba mo lefelong leo ba ne ba isetsa batho dijo kwa Diholong Tsa Bogosi ka malatsi a le mmalwa morago ga thoromo ya lefatshe. Mo godimo ga moo, go ne ga tlhomiwa Komiti ya Namolo ya Dikotsi Tsa Masetlapelo mme go ne ga tlisiwa dilo tse di tlhokegang, bontsi jwa tsone di tswa kwa Bangladesh, India, le Japane. Morago ga malatsi a le mmalwa, setlhopha sa Basupi ba tsa kalafi ba kwa Yuropa ba ne ba goroga mme ba nna kwa Holong ya Bogosi. Ba ne ba simolola tiro ka yone nako eo. Ba ne ba sekaseka botsogo jwa batho ba ba wetsweng ke masetlapelo gape ba thusa ba ba tshwenyegileng.

Mosadi mongwe yo o bidiwang Uttara o ne a bua jaana fa a tlhalosa tsela e batho ba le bantsi ba ikutlwang ka yone: “Thoromo ya lefatshe e ne e le maswe e bile e tshosa. Mme morago ga moo, re ne ra ikutlwa re atamalane thata le bakaulengwe ba rona.” Ruri thoromo eo ya lefatshe ga e a ka ya dira gore batho ba ga Jehofa ba tlogele go mo rata le go ratana. Go na le moo, e ile ya nonotsha lorato loo.