Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Thusa Lelapa | Lenyalo

Go Tlotla ka Mathata

Go Tlotla ka Mathata

KGWETLHO

A fa wena le molekane wa gago lo tlotla ka bothata lo feleletsa lo utlwisane botlhoko? Fa go le jalo, lo ka kgona go tlotla ka one botoka. Mme pele ga moo, go na le dilo di le mmalwa tse o tshwanetseng go di itse ka ditsela tse di farologaneng tsa banna le tsa basadi tsa go tlotla. *

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Gantsi basadi ba rata go tlotla ka bothata pele bo ka rarabololwa. Tota e bile, ka dinako dingwe go bua ka bothata ke gone go bo rarabololang.

“Ke ikutlwa ke imologile fa ke boleletse monna wa me kafa ke ikutlwang ka gone le go itse gore o a ntlhaloganya. Gantsi seno se direga ka bonako fela fa ke sena go tlotla ka gone.”—Sirppa. *

“Ga ke kgone go dira sepe fa ke ise ke bolelele monna wa me gore ke ikutlwa jang. Ke a ritibala fa ke sena go ntsha se se mo mafatlheng.”—Ae-Jin.

“Go nna jaaka e kete ke dira tiro ya mapodise. Fa ke ntse ke bua, ke sekaseka bothata ke bo ke leka go bona se se bo bakileng.”—Lurdes.

Banna ba akanya ka go rarabolola bothata. Seo se a tlhaloganyega ka gonne go rarabolola bothata go dira gore monna a ikutlwe a le botlhokwa. Fa monna a tla ka ditsela tsa go rarabolola mathata o a bo a bontsha mosadi wa gagwe gore a ka mo thusa fa a na le mathata. Ka jalo, banna ba tlhakana tlhogo fa dikakantsho tsa bone di sa dirisiwe. Monna mongwe yo o bidiwang Kirk a re: “Ga ke tlhaloganye gore goreng o bua ka bothata fa o sa batle tharabololo!”

Buka ya The Seven Principles for Making Marriage Work e tlhagisa jaana: “Leka go tlhaloganya pele o ntsha kgakololo. O tshwanetse go bontsha molekane wa gago gore o tlhaloganya bothata jo a lebaneng le jone pele o akantsha gore bo rarabololwe jang. Gantsi molekane wa gago o a bo a sa kope gore o rarabolole bothata—mme gore o mo reetse ka tlhoafalo.”

SE O KA SE DIRANG

Banna: Itlwaetse go reetsa ka kelotlhoko le go tlhaloganya kafa mosadi wa gago a ikutlwang ka gone. Monna mongwe yo o bidiwang Tomás a re: “Ka dinako dingwe fa ke sena go reetsa ke ipolelela gore, ‘Seo ga se a thusa ka sepe.’ Mme gantsi ke sone se mosadi wa me a se tlhokang—go reediwa.” Monna mongwe yo o bidiwang Stephen o dumalana le seo. A re: “Go reetsa mosadi wa me fa a ntsha maikutlo ke sa mo tsene ganong go a thusa. Gantsi fa a sena go mpolelela ka se se mo tshwenyang o ikutlwa botoka.”

Leka seno: Mo nakong e e tlang fa o tlotla le mosadi wa gago ka bothata bongwe, o se ka wa itlhaganelela go bo rarabolola. Koma ka tlhogo. Nna o umaka sengwe se a se buang go bontsha gore o a mo tlhaloganya. Monna mongwe yo o bidiwang Charles a re: “Ka dinako dingwe mosadi wa me o batla fela go itse gore ke a mo tlhaloganya le gore ke mo ema nokeng.”—Molaomotheo wa Baebele: Jakobe 1:19.

Basadi: Bolelela monna wa gago se o ka ratang gore a se dire. Mosadi mongwe yo o bidiwang Eleni a re: “Re ka tswa re solofela gore balekane ba rona ba itse se re se tlhokang mme ka dinako dingwe re tshwanelwa ke go itlhalosa.” Mosadi mongwe yo o bidiwang Ynez o akantsha seno: “Nka re: ‘Go na le sengwe se se ntshwenyang se nka ratang go go bolelela sone. Ga ke batle gore o se rarabolole mme nka rata gore o tlhaloganye gore ke ikutlwa jang.’”

Leka seno: Fa monna wa gago a tla ka ditsela tsa go rarabolola bothata, o se ka wa akanya gore ga a amege ka wena. O a bo a batla go go thusa. Mosadi mongwe yo o bidiwang Ester a re: “Go na le gore ke kgopisege, ke lemoga gore monna wa me o amega ka nna e bile o batla go ntheetsa le gore gape o batla go nthusa.”—Molaomotheo wa Baebele: Baroma 12:10.

Banna le basadi: Re batla gore batho ba bangwe ba re tshware ka tsela e re ba tshwarang ka yone. Le fa go ntse jalo, gore lo kgone go tlotla ka bothata ka tsela e e molemo, o tshwanetse go itse gore molekane wa gago o batla gore o mo tshware jang. (1 Bakorintha 10:24) Monna mongwe yo o bidiwang Miguel a re: “Fa o le monna, ikemisetse go reetsa. Fa o le mosadi, ikemisetse go dirisa dikakantsho ka dinako dingwe. Fa loobabedi lo ikemiseditse go ineela, lo tla solegelwa molemo.”—Molaomotheo wa Baebele: 1 Petere 3:8.

^ ser. 4 Dintlha tse re tla tlotlang ka tsone di ka tswa di sa ame banna le basadi botlhe. Le fa go ntse jalo, melaometheo e e tlhalosiwang mo setlhogong seno e ka thusa banyalani botlhe go tokafatsa tsela e ba tlotlang ka yone.

^ ser. 7 Maina mo setlhogong seno a fetotswe.