Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GO THUSA LELAPA | BATSADI

Botlhokwa Jwa Ditiro Tsa mo Lapeng

Botlhokwa Jwa Ditiro Tsa mo Lapeng

KGWETLHO

Mo malapeng mangwe, bana ba thusa ka ditiro tsa mo lapeng mme ba dira jalo ba sa ngongorege. Mo go a mangwe, batsadi ga ba batle bana ba dira ditiro dingwe mme seo se dira gore bana ba se ka ba tsaya matsapa.

Babatlisisi ba lemogile gore mokgwa ono o atile thata mo dinageng tse dintsi. Bana ba dinaga tseo ba feleletsa ba tlwaetse go direlwa go na le go thusa. Motsadi mongwe yo o bidiwang Steven a re: “Gompieno bana ba tlogelwa fela ba tshameka metshameko ya dibidio, ba dirisa Internet le go lebelela thelebishene. Batsadi ga ba batle ba dira sepe.”

O akanyang? A ditiro tsa mo lapeng di thusa fela gore go lebege sentle kgotsa di ka thusa le ngwana go gola?

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Batsadi bangwe ga ba batle go naya bana ba bone ditiro tsa mo lapeng, segolobogolo fa bana ba na le tiro e ntsi e e dirwang morago ga sekolo kgotsa e e direlwa kwa lapeng. Le fa go ntse jalo ela tlhoko gore go ka mo thusa jang.

Ditiro tsa mo lapeng di thusa ngwana go gola. Gantsi bana ba ba dirang ditiro tsa mo lapeng ba kgona go dira bontle kwa sekolong. Go dira ditiro tsa mo lapeng go thusa ngwana gore a itshepe, a dire dilo ka thulaganyo le go nna le maikemisetso a go dira sengwe—e leng dilo tse motho a tlhokang go nna le tsone gore a kgone go ithuta.

Di thusa bana go direla batho dilo tse di siameng. Bangwe ba lemogile gore bana ba ba thusang go dira ditiro tsa mo lapeng ke bone gantsi ba dirang tirelosetšhaba fa ba gola. Seno ga se gakgamatse ka gonne ditiro tsa mo lapeng di ba katisetsa go akanyetsa ba bangwe, e seng go ikakanyetsa ba le bosi. Le fa go ntse jalo, Steven yo re buileng ka ene a re: “Fa go sa lebelelwa gore bana ba dire ditiro tsa mo lapeng, ba tsaya gore ba tshwanetse go direlwa sengwe le sengwe mme seo se dira gore ba gole ba sa itse gore ba tshwanetse go rwala maikarabelo le go dira ka natla.”

Di dira gore go nne le kutlwano mo lapeng. Fa bana ba dira ditiro tsa mo lapeng, seo se dira gore ba lemoge gore ba botlhokwa mo lapeng e bile ba na le maikarabelo. Bana ba ka se lemoge seno fa batsadi ba dira gore bana ba tseye ditiro tsa sekolo di le botlhokwa go gaisa sengwe le sengwe. Ipotse jaana: ‘A ngwana wa me a ka thusiwa ke go fetsa nako e ntsi mo metshamekong ya kwa sekolong go na le fetsa nako e ntsi le rona mo lapeng?’

SE O KA SE DIRANG

Lo ojwa lo sa le metsi. Batho bangwe ba re batsadi ba tshwanetse go naya bana ditiro tsa mo lapeng fa ba na le dingwaga tse tharo. Ba bangwe ba re go botoka o simolola fa ba na le dingwaga tse pedi kgotsa kwa tlase. Sa botlhokwa ke gore, bana ba bannye ba rata go bereka le batsadi ba bone le go ba etsa.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 22:6.

Ba neye ditiro go ya ka dingwaga tsa bone. Ka sekai, ngwana wa dingwaga di le tharo a ka phutha ditshamekisi, a phimola dilo tse di tshologileng kgotsa go tlhaola diaparo ka mebala ya tsone pele di tlhatswiwa. Bana ba ba godileng bone ba ka phepafatsa, ba tlhatswa koloi le go apaya. Naya bana ba gago ditiro go ya ka bokgoni jwa bone. O ka gakgamadiwa ke go bona ka fa ba leng matlhagatlhaga ka gone fa ba dira ditiro tseo.

Ba rute gore ditiro tsa mo lapeng di tla pele. Ga go motlhofo go dira jalo fa ngwana wa gago a na le ditiro tse dintsi tsa sekolo tse di direlwang mo gae. Buka ya The Price of Privilege ya re go sa neye ngwana ditiro tsa mo lapeng ka gonne o batla gore a dire bontle kwa sekolong, ke “go sa bontshe gore dilo tsa botlhokwa ke dife.” Jaaka re buile, fa bana ba dira ditiro tsa mo lapeng, seo se ba thusa go atlega kwa sekolong. Mme dilo tse ba di ithutang di tla ba thusa fa ba setse ba na le malapa a bone.—Molaomotheo wa Baebele: Bafilipi 1:10.

Mo rute go tsaya matsapa. Ngwana wa gago a ka nna a tsaya lobaka go fetsa tiro. Gape o ka nna wa lemoga gore o tlhoka go tokafatsa. Fa o lemoga seo, o se ka wa mo thusa go dira tiro eo. Ga o a tshwanela go lebelela gore ngwana wa gago a dire tiro jaaka motho yo o godileng, mme o tshwanetse go mo thusa go nna le maikarabelo le go itumelela tiro.—Molaomotheo wa Baebele: Moreri 3:22.

O se ka wa mo duelela go dira ditiro tsa mo lapeng. Bangwe ba re go duela ngwana fa a dira ditiro tsa mo lapeng go mo ruta maikarabelo. Ba bangwe ba re seo se dira gore ngwana a tlhome mogopolo mo go se a ka se newang go na le mo go se a tshwanetseng go se dira mo lapeng. Gape ba re ngwana a ka nna a gana go dira ditiro tsa mo lapeng fa a setse a na le madi, mme seo se dira gore ditiro tsa mo lapeng di se ka tsa mo thusa ka sepe. Seo se re ruta eng? Go botoka gore fa o naya ngwana madi, e se ka ya nna jaaka e kete o mo duelela go dira ditiro tsa mo lapeng.