Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Dipalo

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Dipalo

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Dipalo

MORAGO ga Khudugo ya Baiseraele go tswa kwa Egepeto, ba ne ba rulaganngwa go nna setšhaba. Ba ka bo ba tsene mo Lefatsheng le le Solofeditsweng ka bonako moragonyana fela ga moo, mme ga go a ka ga nna jalo. Go na le moo, ba ne ba tshwanelwa ke go kgarakgatshega mo ‘nageng e kgolo e e boitshegang’ ka dingwaga tse di batlang di tshwara 40. (Duteronome 8:15) Ka ntlha yang? Pego ya hisitori mo bukeng ya Baebele ya Dipalo e re bolelela se se diragetseng. Seno se tshwanetse go gatelela mo go rona botlhokwa jwa go ikobela Jehofa Modimo le go tlotla baemedi ba gagwe.

Buka eno ya Dipalo e e kwadilweng ke Moshe mo nageng le mo Dipoeng Tsa Moabe, e tlotla ka ditiragalo tsa lobaka lwa dingwaga tse 38 le dikgwedi di le 9—go simologa ka 1512 B.C.E. go fitlha ka 1473 B.C.E. (Dipalo 1:1; Duteronome 1:3) Leina la buka eno le tsewa mo go badiweng ga Baiseraele mo makgetlong a le mabedi, ga bobedi go dirwa dingwaga tse 38 morago ga go badiwa ga ntlha. (Dikgaolo 1-4, 26) Pego eno e kgaogantswe ka dikarolo di le tharo. Karolo ya ntlha e tlotla ka se se neng sa direga mo Thabeng ya Sinai. Karolo ya bobedi e tlotla ka se se neng sa direga ka nako ya fa Baiseraele ba ne ba kgarakgatshega mo nageng. Mme karolo ya bofelo e bua ka se se neng sa direga mo Dipoeng Tsa Moabe. Fa o ntse o bala kgang eno, gongwe o ka ipotsa go re: ‘Ditiragalo tseno di nthuta eng? A go na le melaometheo mo bukeng eno e e ka ntsholegelang molemo gompieno?’

KWA THABENG YA SINAI

(Dipalo 1:1–10:10)

Go badiwa ga ntlha ga Baiseraele go diragala fa ba sa ntse ba le fa tlasenyana fela ga Thaba ya Sinai. Palo ya banna ba ba nang le dingwaga tse 20 le go feta, go sa balwe Balefi, ke ba le 603 550. Go bonala ba balwa gore ba isiwe bosoleng. Batho botlhe mo bothibelelong, go akaretsa basadi, bana le Balefi, e ka nna batho ba ba fetang dimilione di le tharo.

Fa Baiseraele ba sena go badiwa, ba newa ditaelo malebana le thulaganyo e ba tshwanetseng go tsamaya ka yone, melao malebana le ditiro tsa Balefi le tirelo ya motlaagana, melao malebana le go ntshetsa batho kwa ntle le melao e e amanang le lefufa le maikano a Banasirite. Kgaolo ya bo7 e na le tshedimosetso kaga ditlhabelo tse di dirwang ke dikgosana tsa ditso malebana le go neelwa ga sebeso mme kgaolo ya bo9 e bua kaga go boloka Tlolaganyo. Phuthego e newa le melao e e malebana le go tlhoma le go tlhatlhamolola bothibelelo.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

2:1, 2—‘Matshwao’ a makgamu a ditso tse tharo a neng a tshwanetse go thibelela go a dikologa mo nageng e ne e le eng? Baebele ga e tlhalose gore matshwao ano e ne e le eng. Le fa go ntse jalo, a ne a sa tsewe e le matshwao a a boitshepo kana go lebiwa a le botlhokwa ka tsela epe ya bodumedi. Matshwao ao a ne a dirisiwa go thusa motho go bona fa a tshwanetseng go nna gone mo bothibelelong.

5:27—Go tewang fa go buiwa kaga ‘go wa ga serope’ sa mosadi yo o latofadiwang ka go dira boaka? Lefoko “serope” fano le dirisiwa go kaya dirwe tsa tsalo. (Genesise 46:26) ‘Go wa’ ga sone go akantsha go senyega ga dirwe tseno, gore motho a se ka a tlhola a kgona go ima. Se re Ithutang Sone:

6:1-7. Banasirite ba ne ba tshwanetse go ithiba mo dilong tse di dirilweng ka mofine le bojalwa jotlhe jo bo tagang, ba iitatole. Ba ne ba tshwanetse go godisa moriri wa bone gore o nne moleele—letshwao la go ineela mo go Jehofa, fela jaaka basadi ba ne ba tshwanetse go ineela mo banneng ba bone kgotsa mo go borraabone. Banasirite ba ne ba tshwanetse go nna ba le phepa ka go se atamele ditopo, le e leng ditopo tsa ba losika. Batlhanka ba nako e e tletseng gompieno ba bontsha moya wa go intsha setlhabelo fa go tla mo go iitatoleng le mo go ineeleng mo go Jehofa le dithulaganyo tsa gagwe. Dikabelo dingwe di ka akaretsa go ya kwa lefatsheng le le kwa kgakala, se se ka dirang gore go nne thata kana le e leng go dira gore ba palelwe ke go boela gae go ya go fitlha mongwe wa ba lelapa.

8:25, 26. Go tlhomamisa gore go nne le banna ba ba tshwanelegang go dira ditiro tsa Balefi, le go akanyetsa dingwaga tsa bone, banna ba ba godileng ba ne ba tshwanetse go tlogela tiro e e patelediwang. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ka ithaopa go thusa Balefi ba bangwe. Le fa gone gompieno motho a ka se ka a kgona go tlogela tiro ya go rera ka Bogosi, molaomotheo ono o re ruta thuto e e botlhokwa. Fa e le gore Mokeresete ga a kgone go diragatsa maikarabelo mangwe ka ntlha ya go gola, a ka nna a dira bodiredi bongwe jo a ka bo kgonang.

GO KGARAKGATSHEGA KWA NAGENG

(Dipalo 10:11–21:35)

Fa kgabagare leru le le fa godimo ga motlaagana le tlhatloga, Baiseraele ba simolola mosepele o o tla ba tlisang mo mabaleng a a mo sekakeng sa Moabe, dingwaga tse 38 le kgwedi e le nngwe kgotsa di le pedi moragonyana. O ka nna wa bona go le mosola go latela tsela e ba e tsereng mo mmapeng o o mo go tsebe 9 wa boroutšhara jwa ‘Bona Lefatshe le le Molemo,’ jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

Fa ba le mo tseleng go ya Kadeshe, go na le makgetlho a le mararo ao mo go one ba ngongoregang mo Nageng ya Parane. Ngongorego ya ntlha e fedisiwa fa Jehofa a romela molelo gore o laile bangwe ba bone. Morago ga moo, Baiseraele ba lelela nama, mme Jehofa o ba naya makwetekwio. Mo kgannyeng ya boraro, ngongorego ya ga Miriame le Arone kgatlhanong le Moshe e felela ka gore Miriame a itewe ka lepero ka nakwana.

Fa ba ntse ba thibeletse mo Kadeshe, Moshe o roma banna ba le 12 go ya go tlhola Lefatshe le le Solofeditsweng. Ba boa morago ga malatsi a le 40. Ka ntlha ya go dumela pego ya ditlhola tse di lesome, batho ba batla go kgobotletsa Moshe, Arone le ditlhola tse di ikanyegang e bong Joshua le Kalebe ka maje. Jehofa o itsise gore o ikaeletse go itaya batho ka bolwetse jwa leroborobo, mme Moshe o a ba buelela, Modimo a bo a bolela gore ba tla nna bakgarakgatshegi mo nageng ka dingwaga di le 40—go fitlha ba ba badilweng ba sule botlhe.

Jehofa o ba naya melao e mengwe gape. Kora le ba bangwe ba tsuologela Moshe le Arone, mme batsuolodi bao ba jewa ka molelo kana ba komediwa ke lefatshe. Mo letsatsing le le latelang, phuthego yotlhe e ngongorega kgatlhanong le Moshe le Arone. Ka ntlha ya seno, batho ba le 14 700 ba bolawa ke sebetso se se tswang kwa go Jehofa. Modimo o dira gore thobane ya ga Arone e thunye, go bontsha fa a mo tlhophile go nna moperesiti yo mogolo. Morago ga moo, Jehofa o ntsha melao e mengwe malebana le maikarabelo a Balefi le go itshepisiwa ga batho. Go dirisiwa ga melora ya kgomo e khunou go tshwantshetsa go itshepisiwa ka setlhabelo sa ga Jesu.—Bahebera 9:13, 14.

Bomorwa Iseraele ba boela kwa Kadeshe, koo Miriame a swelang gone. Phuthego e ngongorega gape kgatlhanong le Moshe le Arone. Mabaka a bone ke afe? Ga ba na metsi. Moshe le Arone ba latlhegelwa ke tshiamelo ya bone ya go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng ka gonne ba palelwa ke go itshepisa leina la ga Jehofa fa ba ne ba ntsha metsi ka kgakgamatso. Baiseraele ba tloga kwa Kadeshe, mme Arone o swela kwa Thabeng ya Hore. Fa Baiseraele ba ntse ba tsamaya go dikologa Edoma, ba simolola go lapa ba bo ba ngongorega kgatlhanong le Modimo le Moshe. Jehofa o romela dinoga tse di botlhole go ba otlhaya. Moshe o ba buelela gape mme Modimo o mo laela gore a dire noga ya kopore mme a e tlhome mo koteng gore ba ba lomilweng ba fole fa ba e lebelela. Noga eno e tshwantshetsa go bapolwa ga ga Jesu Keresete gore re solegelwe molemo ka bosakhutleng. (Johane 3:14, 15) Baiseraele ba fenya Dikgosi tsa Baamore e bong Sihone le Oge ba bo ba gapa dinaga tsa bone.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

12:1—Ke ka ntlha yang fa Miriame le Arone ba ne ba ngongorega kgatlhanong le Moshe? Lebaka le legolo la go bo ba ne ba ngongorega e ne e le ka go bo Miriame a ne a batla go nna le maatla a magolwane. Fa mosadi wa ga Moshe e bong Siphora a tla go nna le ene kwa nageng, Miriame a ka tswa a ne a tshaba gore o ne a se kitla a tlhola a tsewa e le ene mosadi yo o di gogang kwa pele mo bothibelelong.—Ekesodo 18:1-5.

12:9-11—Ke ka ntlha yang fa Miriame a ne a itewa ka lepero? Go ka direga thata gore ke ene yo o neng a simolola ngongorego mme a pateletsa Arone gore a kopanele le ene mo go direng jalo. Arone o ne a bontsha boikutlo jo bo siameng ka go ipolela molato wa gagwe.

21:14, 15—Buka e go buiwang ka yone fano ke eng? Dikwalo di bua ka dibuka tse di farologaneng tse bakwadi ba Baebele ba neng ba di dirisa go bona dintlha mo go tsone. (Joshua 10:12, 13; 1 Dikgosi 11:41; 14:19, 29) Nngwe ya dibuka tseno e ne e le “buka ya Dintwa tsa ga Jehofa.” E ne e na le pego ya hisitori ya dintwa tsa batho ba ga Jehofa. Se re Ithutang Sone:

11:27-29. Moshe o re tlhomela sekao se se molemo sa kafa re tshwanetseng go arabela ka gone fa ba bangwe ba amogela ditshiamelo mo tirelong ya ga Jehofa. Go na le gore Moshe a batle go galalediwa ka bopelotshetlha, o ne a itumela fa Eledade le Medade ba simolola go porofeta.

12:2, 9, 10; 16:1-3, 12-14, 31-35, 41, 46-50. Jehofa o lebeletse gore baobamedi ba gagwe ba tlotle taolo e e tswang kwa Modimong.

14:24. Selo se segolo se se ka re thusang go emelana le dikgatelelo tsa lefatshe malebana le go dira bosula ke go nna le “moya [kana boikutlo jwa mogopolo] o o farologaneng.” E tshwanetse ya nna moya o o sa tshwaneng le wa lefatshe.

15:37-41. Lekantsa le le tlhomologileng le le neng le le mo moaparong wa Baiseraele e ne e le go ba gopotsa gore e ne e le batho ba ba neng ba tlhaoletswe go obamela Modimo le go ikobela ditaolo tsa gagwe. A le rona ga re a tshwanela go tshela go dumalana le ditekanyetso tsa Modimo mme re bonale gore re farologane le lefatshe?

MO DIPOENG TSA MOABE

(Dipalo 22:1–36:13)

Bamoabe ba boifa thata fa ba bona bomorwa Iseraele ba thibelela mo mabaleng a sekaka a Moabe. Ka jalo, Kgosi Balake wa Moabe o thapa Baalame go hutsa Baiseraele. Mme Jehofa o pateletsa Baalame gore a ba segofatse. Basadi ba Bamoabe le ba Bamidiana ba dirisiwa go gogela banna ba Baiseraele mo boitsholong jo bo sa siamang le mo kobamelong ya medingwana. Ka ntlha ya seo, Jehofa o senya badiraphoso ba le 24-000. Kgabagare sebetso se a ema fa Finehase a bontsha gore ga a amogele boikutlo bope jwa go gaisana le Jehofa.

Go badiwa ga batho ka lekgetlho la bobedi go senola gore ga go ope wa banna ba ba neng ba badilwe mo lekgetlhong la ntlha ba ba sa ntseng ba tshela, fa e se Joshua le Kalebe fela. Joshua o tlhophiwa go nna motlhatlhami wa ga Moshe. Baiseraele ba amogela melao e e malebana le go ntsha ditlhabelo tse di farologaneng le go dira maikano. Gape batho ba Iseraele ba ipusolosetsa kgatlhanong le Bamidiana. Rubene, Gade le bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase ba thibelela ka fa botlhaba jwa Noka ya Joredane. Baiseraele ba newa melao malebana le go kgabaganya Joredane le go gapa lefatshe. Go tlhomiwa melelwane e e bonalang sentle ya lefatshe. Boswa bo ne bo tshwanetse go ntshiwa ka bola. Balefi ba ne ba newa metse e le 48, mme e le 6 ya yone e ne e tshwanetse go nna metse ya botshabelo.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

22:20-22—Ke ka ntlha yang fa bogale jwa ga Jehofa bo ne jwa tukela Balaame? Jehofa o ne a boleletse moporofeti Balaame gore a se ka a hutsa Baiseraele. (Dipalo 22:12) Le fa go ntse jalo, moporofeti yoo o ne a tsamaya le banna ba ga Balake ka maikaelelo a go hutsa Baiseraele. Balaame o ne a batla go itumedisa kgosi ya Moabe le go amogela tuelo mo go ene. (2 Petere 2:15, 16; Jude 11) Le e leng fa Balaame a ne a patelediwa go segofatsa Baiseraele go na le gore a ba hutse, o ne a batla kamogelo ya kgosi ka go akantsha gore basadi ba ba obamelang Baale ba dirisiwe go raela banna ba Baiseraele. (Dipalo 31:15, 16) Ka jalo, lebaka la go bo Modimo a ne a galefela Balaame e ne e le ka ntlha ya bogagapa jo bogolo jwa moporofeti yono.

30:6-8—A monna wa Mokeresete a ka dirolola maikano a mosadi wa gagwe? Fa go tla mo maikanong, fano Jehofa o dirisana le batlhanka ba gagwe motho ka bongwe. Ka sekai, go ineela mo go Jehofa ke maikano ao motho a itirelang one ene ka boene. (Bagalatia 6:5) Monna yo o nyetseng ga a na taolo ya go dirolola kana go fedisa maikano a a ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, mosadi o tshwanetse go tila go dira maikano a a thulanang le Lefoko la Modimo kana a a thulanang le maikarabelo a gagwe mo monneng wa gagwe. Se re Ithutang Sone:

25:11. A bo Finehase a tlhomela baobamedi ba ga Jehofa sekao se se molemo jang ne sa go tlhagafala! A keletso ya rona ya go boloka phuthego e le phepa ga e a tshwanela go re tlhotlheletsa go begela bagolwane ba Bakeresete boitsholo bope jo bo maswe jo re itseng ka jone?

35:9-29. Lebaka la go bo motho yo o bolaileng yo mongwe e seng ka boomo a ne a tshwanetse go tlogela legae la gagwe mme a tshabele kwa motseng wa botshabelo ka lobaka lo lo rileng le re ruta gore botshelo bo boitshepo le gore re tshwanetse go bo tlotla.

35:33. Lefatshe le le leswefaditsweng ke madi a a tsholotsweng a batho ba ba se nang molato le ka letlanngwa fela ka madi a batho ba ba a tshololang. A bo go tshwanela jang ne gore Jehofa o tla fedisa batho ba ba bosula pele lefatshe le ka fetolwa go nna paradaise!—Diane 2:21, 22; Daniele 2:44.

Lefoko la Modimo Le na Le Maatla

Re tshwanetse go tlotla Jehofa le batho ba a ba neileng boikarabelo mo bathong ba gagwe. Buka ya Dipalo e gatelela boammaaruri jono sentle. A bo e le thuto e e botlhokwa ya go boloka kagiso le kutlwano mo phuthegong gompieno!

Ditiragalo tse go buiwang ka tsone mo bukeng ya Dipalo di bontsha kafa batho ba ba tlhokomologang bomoya jwa bone ba ka welang motlhofo ka gone mo go direng diphoso tse di tshwanang le go ngongorega, boitsholo jo bo sa siamang le kobamelo ya medingwana. Dingwe tsa dikai le dithuto tse di mo bukeng eno ya Baebele di ka dirisiwa go tlotla ka dilo tse phuthego e tlhokang go di ela tlhoko mo Pokanong ya Tirelo mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa. Eleruri, “lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla” mo matshelong a rona.—Bahebera 4:12.

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Ka go baya leru mo godimo ga motlaagana ka kgakgamatso, Jehofa o ne a kaela Baiseraele mo go tlhomeng le mo go tlhatlhamololeng bothibelelo

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Jehofa o tshwanelwa ke gore re mo ikobele e bile o lebeletse gore re tlotle baemedi ba gagwe