Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ipele le Mosadi wa Bosha Jwa Gago”

“Ipele le Mosadi wa Bosha Jwa Gago”

“Ipele le Mosadi wa Bosha Jwa Gago”

“Ipele le mosadi wa bosha jwa gago . . . Ke ka ntlha yang, morwaaka, fa o tlhapelwa ke boitumelo le mosadi o sele?”—DIANE 5:18, 20.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa go ka twe maikutlo a lorato a monna le mosadi ba ba nyalaneng a segofaditswe?

BAEBELE ga e potapote fa e bua ka tlhakanelodikobo. Re bala jaana mo go Diane 5:18, 19: “A motswedi wa gago wa metsi o segofale, mme o ipele le mosadi wa bosha jwa gago, kgama e namagadi e e rategang le podi ya mo dithabeng e e bontle bo gogelang. A mabele a gagwe a go tlhapele ka metlha. O tlhapelwe ke boitumelo ka lorato lwa gagwe ka metlha.”

2 Fano polelwana e e reng ‘motswedi wa metsi’ e kaya se se kgotsofatsang keletso ya tlhakanelodikobo. Motswedi ono o segofaditswe ka gonne maikutlo a lorato le go itumela a balekane ba lenyalo ba nnang le one ke mpho e e tswang kwa Modimong. Le fa go ntse jalo, kamano eno e tshwanetse ya itumelelwa fela ke batho ba ba nyalaneng. Ka jalo Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo, mongwe wa bakwadi ba Diane, o ne a re: “Ke ka ntlha yang, morwaaka, fa o tlhapelwa ke boitumelo le mosadi o sele kgotsa o tlamparela sehuba sa mosadi wa seeng?”—Diane 5:20.

3. (a) Ke eng se se utlwisang botlhoko se se diregang ka manyalo a le mantsi? (b) Modimo o leba boaka jang?

3 Fa monna le mosadi ba nyalana, ba ikana gore ba tla ratana ba bo ba nne ba ikanyega. Le fa go ntse jalo, manyalo a le mantsi a thubiwa ke boaka. E bile tota, fa mmatlisisi mongwe a sena go sekaseka dipatlisiso di le 25, o ne a konela ka go re “diperesente di le 25 tsa basadi le diperesente di le 44 tsa banna ba kile ba tlhakanela dikobo le motho yo ba sa nyalanang nae.” Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Lo se ka lwa tsiediwa. Go le bagokafadi, le fa e le baobamedi ba medingwana, le fa e le baakafadi, le fa e le banna ba ba beetsweng maikaelelo a e seng a tlholego, le fa e le banna ba ba robalang le banna . . . ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” (1 Bakorintha 6:9, 10) Ga go pelaelo. Boaka ke boleo jo bo masisi mo matlhong a Modimo, mme baobamedi ba boammaaruri ba tshwanetse go itisa gore ba nne ba ikanyega mo lenyalong. Ke eng se se tla re thusang go dira gore ‘lenyalo le nne le tlotlega le gore bolao jwa lenyalo bo nne bo sa leswafala’?—Bahebera 13:4.

Itise mo Pelong e e Boferefere

4. Ke ditsela dife tse ka tsone Mokeresete yo o mo lenyalong a ka simololang go ratana le motho o sele a sa lemoge?

4 Mo lefatsheng la gompieno la maitshwaro a a maswe, batho ba le bantsi ‘ba na le matlho a a tletseng boaka e bile ga ba kgone go bakela boleo.’ (2 Petere 2:14) Ba ratana le batho ba ba sa nyalanang le bone ka boomo fela. Mo dinageng dingwe, basadi ba le bantsi ba simolotse go bereka, mme go kopana ga banna le basadi kwa tirong go dirile gore go nne motlhofo gore batho ba simolole go ratana kwa tirong mo go sa tshwanelang. Mo godimo ga moo, go setse go le motlhofo gore le bone batho ba ba ditlhong tota ba kgone go simolola botsala le ba bangwe ka go buisana le bone ka Internet. Batho ba le bantsi ba ba mo lenyalong ba wela mo diraing tse di ntseng jalo ba sa lemoge gore go diragala eng.

5, 6. Mosadi mongwe wa Mokeresete o ne a raelesega jang gore a tsene mo seemong se se kotsi, mme seno se re ruta eng?

5 Akanya kafa Mokeresete mongwe yo re tla mmitsang Mary a ileng a tsena ka teng mo seemong se se kotsi se se batlileng se mo digela mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Monna wa gagwe, yo e seng Mosupi wa ga Jehofa, o ne a sa bontshe lelapa la gagwe lorato. Mary o gakologelwa nako nngwe dingwaga di le mmalwa tse di fetileng fa a ne a kopana le mongwe yo o berekang le monna wa gagwe. Monna yono o ne a le botho tota, mme moragonyana a bo a bontsha go kgatlhegela ditumelo tsa ga Mary. A re: “O ne a le molemo tota, a sa tshwane le monna wa me.” Go ise go ye kae, Mary le modiri ka monna wa gagwe ba ne ba simolola go ratana. O ne a ipha mabaka ano: “Ga ke a dira boaka, mme monna yono o rata Baebele. Gongwe nka mo thusa.”

6 Mary o ne a itharabologelwa pele go ratana ga bone go felela ka boaka. (Bagalatia 5:19-21; Baefeso 4:19) Segakolodi sa gagwe se ne sa simolola go dira mme a baakanya seemo. Se se diragaletseng Mary se bontsha gore “pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang.” (Jeremia 17:9) Baebele e re gakolola jaana: “Go feta tsotlhe tse dingwe tse di tshwanetseng go disiwa, dibela pelo ya gago.” (Diane 4:23) Re ka dira seo jang?

‘Yo o Botlhale o a Iphitlha’

7. Fa o thusa mongwe yo o nang le mathata a lenyalo, o ka sirelediwa ke go latela kgakololo efe ya Dikwalo?

7 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “A yo o akanyang gore o eme a tlhokomele gore a se ka a wa.” (1 Bakorintha 10:12) Mme Diane 22:3 ya re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.” Mo boemong jwa go akanya o itshepha mo go feteletseng o re, ‘Nna ga nka ke ka diragalelwa ke sepe,’ go molemo go sekaseka kafa maemo mangwe a ka go tsenyang mo mathateng ka teng. Ka sekai, se letle gore motho wa bong jo e seng jwa gago yo o nang le mathata a lenyalo a nne a go tshololela mafatlha. (Diane 11:14) Bolelela motho yoo gore go botoka gore a tlotle mathata a gagwe a lenyalo le molekane wa gagwe, le Mokeresete yo o godileng wa bong jwa gagwe yo o eletsang gore lenyalo la bone le atlege, kgotsa le bagolwane. (Tito 2:3, 4) Bagolwane mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa ba tlhoma sekao se se molemo mo ntlheng eno. Fa mogolwane a tlhoka go buisana le kgaitsadi wa Mokeresete, o dira jalo mo pontsheng—jaaka kwa Holong ya Bogosi.

8. Motho o tshwanetse a ikela tlhoko jang kwa tirong?

8 Kwa tirong le mo mafelong a mangwe, itise mo maemong a a ka dirang gore o tsalane thata le motho wa bong bo sele. Ka sekai, go bereka mmogo le motho wa bong bo sele fa batho ba bangwe ba setse ba tsamaile go ka gogela mo thaelong. Fa o le monna yo o nyetseng kgotsa mosadi yo o nyetsweng, o tshwanetse wa bontsha ka puo ya gago le ka ditiro tsa gago gore tota ga o batle go ratana le motho o sele. E re ka o na le boineelo jwa bomodimo, ruri o ka se batle go ngoka kgatlhego go sa tlhokege ka go bontsha motho maikutlo a lorato kgotsa ka go apara le go ipaakanya ka tsela e e seng bori. (1 Timotheo 4:8; 6:11; 1 Petere 3:3, 4) Go baya dinepe tsa molekane wa gago wa lenyalo le bana ba gago fa o berekelang teng go tla go gopotsa wena le ba bangwe gore o tsaya lelapa la gago le le botlhokwa. Ititeye sehuba gore o se ka wa kgothaletsa—kgotsa le eleng go letlelela—motho yo mongwe go go raela.—Jobe 31:1.

“Bona Botshelo le Mosadi Yo o Mo Ratang”

9. Ke ditiragalo dife tse di ka gogelang kwa goreng motho a raelesege gore a simolole go ratana le mongwe o sele?

9 Go dibela pelo ga go tlhoke fela go tila seemo se se kotsi. Fa motho a rata mongwe yo a sa nyalanang le ene, seo se ka tswa se bontsha gore ene le molekane wa gagwe wa lenyalo ga ba tlhokomelane ka dilo tse ba di tlhokang. Go ka tswa e le gore mosadi o nna fela a tlhokomologiwa kgotsa monna o nna a tshwaiwa diphoso. Seno se ka dira gore go ise go ye kae motho yo o mo lenyalong a bone yo mongwe yo a sa nyalanang le ene—e ka tswa a mmona kwa tirong kgotsa le eleng mo phuthegong ya Bokeresete—a na le dinonofo tse di seyong mo molekaneng wa gagwe. Morago ga moo ba simolola go kgatlhegelana, mme ba itumelela botsala jwa bone mo ba sa kgoneng go itshwara. Tatelano eno e e bofitlha ya ditiragalo e tlhomamisa boammaaruri jwa mafoko ano a Baebele: “Mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe.”—Jakobe 1:14.

10. Banna le basadi ba ka nonotsha kamano ya bone jang?

10 Banna le basadi ba ba mo lenyalong ba tshwanetse ba leka go nonotsha kamano e e lorato le balekane ba bone, e seng go batla gore motho o sele a ba bontshe lorato kgotsa botsalano kgotsa a ba eme nokeng fa go na le bothata. Ka jalo, leka bojotlhe go ipha nako ya go nna mmogo le molekane wa gago le go atamalana le ene. Akanya ka dilo tse di dirileng gore lo ratane kwa tshimologong. Leka go nna gape le maikutlo a lorato a o neng o na le one ka motho yo o nyalaneng le ene. Akanya ka dinako tse di monate tse lo di itumeletseng mmogo. Rapela Modimo ka kgang eno. Mopesalema Dafide o ne a rapela Jehofa a re: “Bopa pelo e e itshekileng mo go nna, tlhe Modimo, mme o tsenye moya o mosha mo teng ga me, o o nitameng.” (Pesalema 51:10) Ititeye sehuba gore o ‘bone botshelo le mosadi yo o mo ratang malatsi otlhe a botshelo jwa gago jo Modimo a bo go neileng kafa tlase ga letsatsi.’—Moreri 9:9.

11. Kitso, botlhale le temogo di ka thusa jang go nonotsha kgolagano ya lenyalo?

11 Sengwe se se sa tshwanelang go lebalwa fa go nonotshiwa kgolagano ya lenyalo ke mosola wa kitso, botlhale le temogo. Diane 24:3, 4 ya re: “Ntlo e tla agiwa ka botlhale, mme e tla tlhomamisiwa thata ka temogo. Mme ka kitso diphaposi tse di kwa teng di tla tladiwa ka dilo tsotlhe tse di tlhwatlhwakgolo le tse dintle tse di rategang.” Dingwe tsa dilo tse di tlhwatlhwakgolo tse di tlatsang legae le le itumetseng ke dinonofo tse di jaaka lorato, boikanyegi, poifomodimo le tumelo. Go nna le tsone go tlhoka kitso ya Modimo. Ka jalo, banyalani ba tshwanetse go nna baithuti ba ba tlhoafetseng ba Baebele. Mme botlhale le temogo di botlhokwa go le kana kang? Gore o kgone go lebana le mathata a botshelo a letsatsi le letsatsi go tlhokega botlhale, bokgoni jwa go dirisa kitso ya Dikwalo. Motho yo o nang le temogo o kgona go tlhaloganya dikakanyo le maikutlo a molekane wa gagwe. (Diane 20:5) Jehofa o ne a bolela jaana a dirisa Solomone: “Morwaaka, a ko o tlhwaele botlhale jwa me tsebe. O sekegele temogo ya me ditsebe.”—Diane 5:1.

Fa go Na le “Pitlagano”

12. Ke ka ntlha yang fa go sa gakgamatse go bo batho ba ba nyalaneng ba nna le mathata?

12 Ga go na lenyalo le le se nang mathata. E bile Baebele ya re banna le basadi ba ba mo lenyalong ba tla nna le “pitlagano mo nameng ya bone.” (1 Bakorintha 7:28) Go tlhobaela, bolwetse, pogiso le mabaka a mangwe a ka tlisa mathata mo lenyalong. Le fa go ntse jalo, fa go tsoga mathata, lo tshwanetse go batla tharabololo mmogo jaaka banyalani ba ba ikanyegang ba ba lekang go itumedisa Jehofa.

13. Monna le mosadi ba ka itlhatlhoba mo dilong dife?

13 Go tweng fa lenyalo le nna le mathata ka ntlha ya tsela e banyalani ba tshwaranang ka yone? Go senka tharabololo go tlhoka boiteko. Ka sekai, go ka tswa e le gore banyalani ba ile ba simolola ka iketlo go nna ba buisana ka mafoko a a tlhabang mme jaanong e setse e le mokgwa. (Diane 12:18) Jaaka go tlhalositswe mo setlhogong se se fetileng, seno se ka nna le ditlamorago tse di botlhoko. Seane sengwe sa Baebele sa re: “Go botoka go nna mo nageng go na le go nna le mosadi yo o ratang manganga e bile o tshwenyega.” (Diane 21:19) Fa o le mosadi yo o mo lenyalong le le ntseng jalo, ipotse jaana, ‘A botho jwa me bo dira gore monna wa me a ketefalelwe ke go ipha nako le nna?’ Baebele e bolelela banna ba ba nyetseng jaana: “Nnang lo rate basadi ba lona mme lo se ka lwa ba galefela mo go botlhoko.” (Bakolosa 3:19) Fa o le monna, ipotse jaana, ‘A ga ke na lorato jaana mo mosadi wa me a lekang go ikgomotsa ka motho o sele?’ Gone ga go na lebaka lepe le le utlwalang la gore motho a dire boitsholo jo bo sa siamang. Le fa go ntse jalo, e re ka eno e le kotsi e e ka diregang, go botlhokwa go tlotla ka mathata lo sa fitlhe sepe.

14, 15. Ke ka ntlha yang fa go ratana le motho o sele go sa rarabolole mathata a lenyalo?

14 Go ikgomotsa ka go ratana le motho yo o sa nyalanang le ene ga go rarabolole mathata a lenyalo. Go ratana jalo go ka felela kae? A go tla felela ka lenyalo le lesha le le botoka? Bangwe ba ka akanya jalo. Ba ntsha mabaka a gore, ‘Aitse motho yo, o na le tsone dinonofo tse ke di tlhokang mo molekaneng wa lenyalo.’ Mme go akanya ka tsela eo go phoso, ka gonne motho ope yo o ka tlogelang molekane wa gagwe—kgotsa a kgothaletsa yo mongwe go dira jalo—ga a na sepe le boitshepo jwa lenyalo. Ga go utlwale go lebelela gore thatano eno e ka felela ka lenyalo le le botoka.

15 Mary, yo o umakilweng pelenyana, o ne a akanyetsa ka tsela e e masisi diphelelo tsa se a neng a se dira, go akaretsa gore a ka nna a dira gore ene kgotsa motho yo mongwe a se ka a tlhola a amogelwa ke Modimo. (Bagalatia 6:7) A re, “Ke ne ka simolola go sekaseka tsela e ke neng ke ikutlwa ka yone ka motho yo o berekang le monna wa me, mme ka lemoga gore fa e le gore monna yono o ne a tla tsamaya a nna le kitso ka boammaaruri, ke ne ke mo thibela go dira jalo. Go dira phoso go ne go tla utlwisa mongwe le mongwe yo o amegang botlhoko go bo go kgopise ba bangwe!”—2 Bakorintha 6:3.

Tlhotlheletso e Kgolo go Gaisa

16. Dingwe tsa ditlamorago tsa boitsholo jo bo sa siamang ke dife?

16 Baebele e tlhagisa jaana: “Dipounama tsa mosadi o sele di nna di rotha jaaka lomepe lwa tswina ya dinotshe, mme magalapa a gagwe a boleta go feta leokwane. Mme ditlamorago tse di tswang mo go ene di bogalaka go gaisa longana; di bogale jaaka tšhaka e e magalemabedi.” (Diane 5:3, 4) Ditlamorago tsa boitsholo jo bo sa siamang di botlhoko e bile di ka nna kotsi. Di akaretsa go tshwenngwa ke segakolodi, malwetse a a anamisiwang ka tlhakanelodikobo, le kutlobotlhoko e kgolo ya molekane wa motho yo o sa ikanyegeng. Ruri seno se tshwanetse sa re thibela gore re se ka ra simolola tsela e e ka isang kwa boakeng.

17. Ke eng se se tshwanetseng go re tlhotlheletsa thata go nna re ikanyega mo lenyalong?

17 Lebaka la konokono la go bo go sa ikanyege mo lenyalong go le phoso ke gore, go kgalwa ke Jehofa, Mosimolodi wa lenyalo le Monei wa thulaganyo ya tlhakanelodikobo. O bolela jaana a dirisa moporofeti Malaki: “Ke tla lo atamela gore ke lo atlhole, mme ke tla nna mosupi yo o bofefo kgatlhanong le . . . baakafadi.” (Malaki 3:5) Diane 5:21 e bolela jaana malebana le se Jehofa a se bonang: “Ditsela tsa motho di fa pele ga matlho a ga Jehofa, mme o akanyetsa ditselana tsotlhe tsa gagwe kwa teng.” Ee, “dilo tsotlhe di senogile e bile di mo pontsheng fela mo matlhong a gagwe yo re ikarabelelang mo go ene.” (Bahebera 4:13) Ka jalo, selo se se tshwanetseng go re tlhotlheletsa thata gore re nne re ikanyega mo lenyalong, ke go lemoga gore le fa re ka tswa re direla boaka mo sephiring go le kana kang kgotsa ditlamorago tsa jone di ka lebega e se tsa sepe go le kae, boitsholo bope fela jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo bo senya kamano ya rona le Jehofa.

18, 19. Re ithuta eng mo go se se diragetseng ka Josefa le mosadi wa ga Potifaro?

18 Sekai sa ga Josefa, morwa tlhogo ya lotso Jakobe, se bontsha gore go batla go nna re le mo kagisong le Modimo ke selo se se ka re tlhotlheletsang thata. E re ka Josefa a ne a ratega mo matlhong a ga Potifaro, modiredi wa ntlo ya segosi ya ga Faro, o ile a fiwa tshiamelo ya go nna le maemo mo ntlong ya ga Potifaro. Gape Josefa “o ne a bopegile sentle e bile a le montle,” e leng sengwe se se neng sa lemogwa ke mosadi wa ga Potifaro. Letsatsi le letsatsi o ne a leka go raela Josefa, mme a sa atlege. Ke eng se se neng sa dira gore Josefa a gane dithaelo tsa gagwe? Baebele ya re: “O ne a gana mme a raya mosadi wa mong wa gagwe a re: ‘Bona, mong wa me . . . ga a a gana ka sepe gotlhelele mo go nna fa e se ka wena fela, ka gonne o mosadi wa gagwe. Ka jalo ke ka dira jang bosula jo bogolo jono mme ka leofela Modimo?’”—Genesise 39:1-12.

19 Josefa yo o sa nyalang o ne a nna a le phepa mo boitsholong ka go gana go ratana le mosadi wa monna yo mongwe. Diane 5:15 ya re: “Nwa metsi mo mogobeng wa gago, le a a elelang ka bosesane mo sedibeng sa gago.” Itise gore o se ka wa iphitlhela o na le maikutlo a lorato ka motho yo o sa nyalanang le ene. Leka go nonotsha lorato mo lenyalong la gago, mme o dire bojotlhe go rarabolola mathata le fa e ka nna afe a lenyalo a o ka kopanang le one. Dira bojotlhe gore “o ipele le mosadi wa bosha jwa gago.”—Diane 5:18.

O Ithutile Eng?

• Mokeresete a ka raelesega jang go ratana a sa lemoge?

• Ke dilo dife tse motho a tshwanetseng go itlhokomela mo go tsone gore a se ka a ratana le mongwe yo a sa nyalanang le ene?

• Fa banyalani ba nna le mathata, ba tshwanetse go dira eng?

• Ke lebaka lefe le legolo le le ka re tlhotlheletsang go nna re ikanyega mo lenyalong?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ka maswabi, go ka nna motlhofo gore batho ba ratane kwa tirong mo go sa tshwanelang

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

‘Ka kitso diphaposi tse di kwa teng di tla tladiwa ka dilo tse di rategang’