Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Gagamalela Kwa go Goleng Sentle ka Gonne “Letsatsi le Legolo la ga Jehofa le Gaufi”

Gagamalela Kwa go Goleng Sentle ka Gonne “Letsatsi le Legolo la ga Jehofa le Gaufi”

Gagamalela Kwa go Goleng Sentle ka Gonne “Letsatsi le Legolo la ga Jehofa le Gaufi”

“A re gagamaleleng kwa go goleng sentle.”—BAHEB. 6:1.

1, 2. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga kwa Jerusalema le kwa Judea ba ne ba bulegelwa jang ke sebaka sa go ‘tshabela kwa dithabeng’?

FA Jesu a ne a le mo lefatsheng, barutwa ba gagwe ba ne ba tla kwa go ene mme ba mmotsa ba re: “Sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?” Boporofeti jo Jesu a neng a bo bolela fa a ne a araba potso ya bone bo ne jwa diragadiwa la ntlha mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Jesu o ne a bua ka tiragalo nngwe e e sa tlwaelegang e e neng e tla nna sesupo sa gore bofelo bo atametse. “Ba ba kwa Judea ba [ne ba tshwanetse gore ba] tshabele kwa dithabeng” fa ba bona tiragalo eo. (Math. 24:1-3, 15-22) A barutwa ba ga Jesu ba ne ba tla lemoga sesupo seo mme ba dire se a neng a laetse gore ba se dire?

2 Dingwaga di ka nna masome a mararo moragonyana ka 61 C.E., moaposetoloi Paulo o ne a kwala molaetsa o o maatla, o o masisi, a o kwalela Bakeresete ba Bahebera ba ba neng ba nna kwa Jerusalema le mo mafelong a a e dikologileng. Le fa Paulo le badumedimmogo le ene ba ne ba sa itse, sesupo se se neng se tla bontsha gore “pitlagano e kgolo” e a simologa se ne se tla bonala morago ga dingwaga tse tlhano fela. (Math. 24:21) Ka 66 C.E., Cestius Gallus o ne a etelela pele masole a Roma go tlhasela Jerusalema mme tlhaselo eo e ne ya batla e atlega. Ka tshoganyetso o ne a ikgogela morago, mme seo sa naya batho ba ba neng ba le mo kotsing sebaka sa go tshaba.

3. Paulo o ne a naya Bakeresete ba Bahebera kgothatso efe, mme ka ntlha yang?

3 Bakeresete bao ba ne ba tlhoka go nna ba ntshitse matlho dinameng le go tlhaloganya dilo ka tsela ya semoya gore ba kgone go lemoga se se neng se direga mme ba tshabe. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba “kabetse ditsebe mo go utlweng ga [bone].” Ba ne ba tshwana le masea a semoya a a tlhokang “mashi.” (Bala Bahebera 5:11-13.) Tota le bangwe ba ba neng ba sa bolo go tsamaya mo tseleng ya boammaaruri ba ne ba dira dilo tse di bontshang gore ba “katogela kgakala le Modimo yo o tshelang.” (Baheb. 3:12) Bangwe ba ne ba na le “mokgwa” wa go sa ye dipokanong tsa Bokeresete ka nako ya fa “letsatsi [leno la masetlapelo le ne] le atamela.” (Baheb. 10:24, 25) Paulo o ne a ba naya kgothatso e ba neng ba e tlhoka, fa a ne a re: “Jaanong e re ka re tlogetse thuto ya motheo ya ntlhantlha ka ga Keresete, a re gagamaleleng kwa go goleng sentle.”—Baheb. 6:1.

4. Ke eng fa go le botlhokwa gore re nne re tsogile semoyeng, mme ke eng se se tla re thusang go dira jalo?

4 Re tshela mo nakong ya tiragatso ya bofelo ya boporofeti jwa ga Jesu. “Letsatsi le legolo la ga Jehofa”—letsatsi le a tlileng go fedisa tsamaiso yotlhe ya ga Satane ka lone—“le gaufi.” (Sefa. 1:14) Re tshwanetse go nna re tsogile semoyeng go feta le fa e le leng pele. (1 Pet. 5:8) A ruri re dira jalo? Go gola semoyeng go tla re thusa gore re nne re gopotse gore re tshela mo nakong efe.

Se go Gola Semoyeng go se Kayang

5, 6. (a) Go gola semoyeng go akaretsa eng? (b) Go tlhokega gore re dire maiteko mo dikarolong dife tse pedi gore re gagamalele kwa go goleng sentle?

5 Paulo o ne a bolelela Bakeresete ba Bahebera ba lekgolo la ntlha la dingwaga se ba tshwanetseng go se dira gore ba gagamalele kwa go goleng sentle, mme gape o ne a ba bolelela le gore go gola semoyeng go akaretsa eng. (Bala Bahebera 5:14.) “Batho ba ba godileng sentle” ga ba kgotsofalele go nwa “mashi” fela. Ba ja “dijo tse di tiileng.” Ka jalo, ba itse “dilo tsa tshimologo” mmogo le “dilo tse di boteng” tsa boammaaruri. (1 Bakor. 2:10) Mo godimo ga moo, bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisiwa ka go dirisiwa—ka go dirisa se ba se itseng—mme seo se ba thusa go farologanya se se siameng le se se sa siamang. Fa ba tshwanetse go dira tshwetso, thapiso eno e ba thusa go tlhaloganya melaometheo ya Dikwalo e e amegang mo kgannyeng eo le kafa ba ka e dirisang ka teng.

6 Paulo o ne a re: “Go [tlhokega] gore re ele tlhoko thata dilo tse re di utlwileng go feta kafa go tlwaelegileng ka teng, gore le ka motlha re se ka ra katogela go sele ka bonya.” (Baheb. 2:1) Go ka direga gore re katogele go sele jalo mo tumelong re sa lemoge. Re ka tila go diragalelwa ke seo ka go ‘ela tlhoko thata’ fa re ithuta dilo tsa semoya. Ka jalo, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ipotsa dipotso tseno: ‘A ke sa ntse ke ithuta dilo tsa kwa tshimologong fela? A nka tswa ke dira dilo seomodiro fela mme tota boammaaruri bo sa ame pelo ya me? Nka dira jang kgatelopele ya mmatota ya semoya?’ Go tlhokega gore re dire maiteko mo dikarolong di ka nna pedi gore re gagamalele kwa go goleng sentle. Re tshwanetse go itse Lefoko la Modimo sentle. Gape re tshwanetse go ithuta go nna kutlo.

Tlwaelana Sentle le Lefoko

7. Re ka solegelwa molemo jang ke go tlwaelana sentle le Lefoko la Modimo?

7 Paulo o ne a re: “Mongwe le mongwe yo o nwang mashi ga a a tlwaelana le lefoko la tshiamo, gonne ke lesea.” (Baheb. 5:13) Gore re gole sentle, re tshwanetse go tlwaelana sentle le lefoko la Modimo, le e leng molaetsa o a o re kwaletseng. E re ka molaetsa oo o le mo Lefokong la gagwe, Baebele, re tshwanetse go ithuta Dikwalo le dikgatiso tsa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ka tlhoafalo. (Math. 24:45-47) Go ithuta jaana go tla re thusa go itse kafa Modimo a akanyang ka teng mme go tla thapisa bokgoni jwa rona jwa go lemoga. Akanya ka sekai sa Mokeresete mongwe yo o bidiwang Orchid. * A re: “Kgakololo e e kileng ya ama botshelo jwa me thata ke e e malebana le go bala Baebele ka metlha. Go ntsere dingwaga di ka nna pedi gore ke fetse Baebele yotlhe, mme e ne e kete ke la ntlha ke utlwa ka Mmopi wa me. Ke ithutile ditsela tsa gagwe, dilo tse a di ratang le tse a sa di rateng, le gore o maatla e bile o botlhale go le kana kang. Go bala Baebele letsatsi le letsatsi go nthusitse thata gore ke kgone go lebana le maemo mangwe a a boima thata mo botshelong jwa me.”

8. Lefoko la Modimo le ka re naya maatla a go dirang?

8 Go bala karolo ya Lefoko la Modimo ka metlha go dira gore molaetsa wa lone o kgone go re “naya maatla.” (Bala Bahebera 4:12.) Go bala jalo go ka bopa botho jwa rona mme ga dira gore re itumedise Jehofa thata. A o tlhoka go beela nako e e oketsegileng kwa thoko gore o bale Baebele mme o tlhatlhanye ka se e se buang?

9, 10. Go tlwaelana le Lefoko la Modimo go akaretsa eng? Naya sekai.

9 Go tlwaelana le Baebele ga go reye go itse fela gore ya reng. Ga se gore masea a semoya a motlha wa ga Paulo a ne a sa itse sepe gotlhelele ka Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa le dirise gore ba tle ba kgone go bona mosola wa lone. Ba ne ba sa itlwaelanye le molaetsa wa lone ka go o letla gore o ba kaele gore ba dire ditshwetso tse di botlhale mo matshelong a bone.

10 Go tlwaelana le Lefoko la Modimo go kaya go itse se le se buang le go se dirisa. Se se diragaletseng kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Kyle se bontsha gore seno se ka dirwa jang. Kyle o ne a nna le kgotlhang le mongwe wa batho ba a berekang le bone. O ne a dira eng go rarabolola bothata joo? A re: “Temana e ke neng ka e gakologelwa gone fela foo ke Baroma 12:18, e e reng: ‘Kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.’ Ka jalo ke ne ka kopa go bua le modirimmogo le nna morago ga tiro.” Ba ile ba buisana sentle mme motho yono yo o neng a bereka le Kyle o ne a itumeletse gore Kyle o ne a tsere matsapa a go tla go bua le ene. Kyle a re: “Ke ne ka ithuta gore ka metlha go dirisa melaometheo ya Baebele go a thusa.”

Ithute go Nna Kutlo

11. Ke eng se se bontshang gore go ka nna thata go nna kutlo mo maemong a a boima?

11 Go dirisa se re se ithutileng mo Baebeleng go ka nna boima, segolobogolo fa maemo a le thata. Ka sekai, fela fa Jehofa a sena go golola Baiseraele kwa bokgobeng kwa Egepeto, ba ne ba “omana le Moshe” mme ba nnela “go leka Jehofa.” Ka ntlha yang? Ka gonne go ne go se na metsi a ba ka a nwang. (Ekes. 17:1-4) Mo lobakeng lo lo kafa tlase ga dikgwedi tse pedi ba sena go dira kgolagano le Modimo mme ba dumetse go dira ‘mafoko otlhe a Jehofa a neng a a buile,’ ba ne ba tlola molao wa gagwe o o malebana le kobamelo ya medingwana. (Ekes. 24:3, 12-18; 32:1, 2, 7-9) A ba ne ba dira jalo ka ntlha ya poifo ka gonne Moshe a ne a tsere lobaka lo loleele a tsamaile fa a ne a ile go newa ditaelo ke Modimo kwa Thabeng ya Horeba? A gongwe Baiseraele ba ne ba akanya gore Baamaleke ba ne ba tla tlhasela gape, mme ba ne ba tla bo ba se na yo o ka ba thusang fa Moshe a seyo, e re ka a ne a kile a tsholetsa diatla tsa gagwe mo nakong e e fetileng mme ba fenya? (Ekes. 17:8-16) Go ka direga, mme le fa lebaka e ka tswa e ne e le lefe, Baiseraele ‘ba ne ba gana go utlwa.’ (Dit. 7:39-41) Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete gore ba ‘dire bojotlhe jwa bone’ gore ba tile go “wela mo go one mokgwa oo wa botlhokakutlo” o Baiseraele ba neng ba nna le one fa ba ne ba tshaba go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng.—Baheb. 4:3, 11.

12. Jesu o ithutile go nna kutlo jang, mme seo se mo solegetse molemo jang?

12 Go gagamalela kwa go goleng sentle go tlhoka gore re dire bojotlhe jwa rona go nna kutlo mo go Jehofa. Jaaka sekao sa ga Jesu Keresete se bontshitse, gantsi motho o ithuta go nna kutlo mo dilong tse a di bogang. (Bala Bahebera 5:8, 9.) Pele ga Jesu a tla mo lefatsheng, o ne a le kutlo mo go Rraagwe. Le fa go ntse jalo, go dira thato ya ga Rraagwe mo lefatsheng go ne go akaretsa go utlwa botlhoko mo mmeleng le mo tlhaloganyong. Ka go nna kutlo mo maemong a a thata, Jesu o ne a “itekanedisiwa” gore a siamele maemo a masha a Modimo a neng a a mmeetse, a go nna Kgosi le Moperesiti yo Mogolo.

13. Ke eng se se bontshang gore a re ithutile go nna kutlo?

13 Go tweng ka rona? A re ikemiseditse go nna kutlo mo go Jehofa le fa re lebane le mathata a a boima? (Bala 1 Petere 1:6, 7.) Kgakololo ya Modimo e tlhamaletse malebana le boitsholo, go ikanyega, go dirisa loleme sentle, go bala le go ithuta Baebele, go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete le go dira tiro ya go rera. (Josh. 1:8; Math. 28:19, 20; Baef. 4:25, 28, 29; 5:3-5; Baheb. 10:24, 25) A re ikobela Jehofa mo dilong tseno le fa re lebane le mathata? Go nna kutlo go bontsha gore re ntse re gagamalela kwa go goleng sentle.

Go Gola Semoyeng—Ke Eng fa go Solegela Molemo?

14. Naya sekai sa kafa go gagamalela kwa go goleng sentle go ka sireletsang motho ka teng.

14 Mokeresete o sirelediwa ke go nna le bokgoni jwa go lemoga jo bo thapisitsweng sentle gore a kgone go farologanya se se siameng le se se sa siamang mo lefatsheng le le ‘sa tlholeng le na le boikutlo ka gope ka boitshwaro.’ (Baef. 4:19) Ka sekai, mokaulengwe mongwe yo o bidiwang James, yo ka metlha a neng a bala e bile a rata dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng, o ne a simolola go bereka kwa lefelong le kwa go lone babereki ba bangwe botlhe e neng e le basadi. James a re: “Le fa bontsi jwa babereki ba bangwe ba ne ba se na boitsholo jo bo siameng, go na le yo mongwe yo o neng a lebega a tlotlega e bile a kgatlhegela boammaaruri jwa Baebele. Le fa go ntse jalo, e ne ya re nako nngwe re le mo phaposing kwa tirong, a dira dilo dingwe tse di neng di bontsha gore o batla gore re dire boitsholo jo bo maswe. Ke ne ke ithaya ke re o a tshameka mme go ne go se motlhofo gore ke mo emise. Gone fela foo ke ne ka gakologelwa maitemogelo a a neng a kwadilwe mo makasineng wa Tora ya Tebelo a mokaulengwe mongwe yo o neng a lebana le thaelo e e tshwanang kwa tirong. Setlhogo sa teng se ne se umaka sekai sa ga Josefa le mosadi wa ga Potifaro. * Ke ne ka kgorometsa mosetsana yoo gone fela foo, mme a tshabela kwa ntle.” (Gen. 39:7-12) James o ne a itumelela gore ga a ka a dira boitsholo jo bo maswe le gore o ne a ipoloka a na le segakolodi se se molemo.—1 Tim. 1:5.

15. Go gagamalela kwa go goleng sentle go ka nonotsha jang pelo ya rona ya tshwantshetso?

15 Gape go gola sentle go solegela molemo ka gonne go nonotsha pelo ya rona ya tshwantshetso e bile go re thusa gore re se ka ra “gapiwa ke dithuto tse di farologaneng le tse di sa tlwaelegang.” (Bala Bahebera 13:9.) Fa re leka ka natla go gatela pele semoyeng, re nna re tlhomile mogopolo mo ‘dilong tse di botlhokwa thata.’ (Bafil. 1:9, 10) Fa re dira jalo re tla anaanela Modimo thata e bile re tla lebogela dilo tsotlhe tse a di re diretseng. (Bar. 3:24) Mokeresete yo o “godileng ka botlalo mo maatleng a go tlhaloganya” o bontsha tebogo e e ntseng jalo e bile o nna le kamano e e gaufi le Jehofa.—1 Bakor. 14:20.

16. Ke eng se se neng sa thusa kgaitsadi mongwe go nna le ‘pelo e e nitameng’?

16 Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Louise o ne a re fa a sena go kolobediwa, go ne ga feta lobaka lo lo rileng a tshwenyegile thata ka go itumedisa batho. O ne a re: “Ke ne ke sa dire sepe se se phoso, mme fela ke ne ke se na keletso e e tseneletseng ya go direla Jehofa. Ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go dira diphetogo dingwe gore ke nne le boikutlo jwa gore ke direla Jehofa ka bojotlhe. Phetogo e kgolo e ke neng ke tshwanetse gore ke e dire e ne e le go mo obamela ka pelo yotlhe.” Ka gonne Louise a ne a dira maiteko ao, o ne a nna le ‘pelo e e nitameng,’ mme e ne ya mo thusa thata fa a ne a tshwerwe ke bolwetse jo bo neng bo mo ngomola pelo. (Jak. 5:8) Louise o ne a re: “Ke ne ke goga bokete tota ka nako eo, mme ke ne ka atamalana thata le Jehofa.”

“Nna Kutlo go Tswa Pelong”

17. Ke eng fa go nna kutlo go ne go le botlhokwa thata mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

17 Kgakololo ya ga Paulo ya go ‘gagamalela kwa go goleng sentle’ e ne ya boloka matshelo a Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba nna kwa Jerusalema le kwa Judea. Ba ba neng ba tlhwaela kgakololo eo tsebe ba ne ba na le temogo ya semoya e e neng e tlhokega gore ba lemoge sesupo se Jesu a neng a se ba boleletse sa gore ba “tshabele kwa dithabeng.” Fa ba ne ba bona “selo se se ferosang sebete se se bakang kgakgabalo . . . se eme mo lefelong le le boitshepo,” ke gore, masole a Roma a dikologile e bile a tsena mo Jerusalema, ba ne ba itse gore e ne e le nako ya gore ba tshabe. (Math. 24:15, 16) Bakeresete ba ne ba tsaya tlhagiso ya ga Jesu ya boporofeti tsia mme ba tshaba mo motseng wa Jerusalema pele o senngwa, mme go ya ka pego ya rahisitori wa kereke e bong Eusebius, ba ne ba thibelela mo motseng wa Pella mo kgaolong e e dithaba ya Gileade. Ka go dira jalo ba ne ba tila masetlapelo a a maswe thata go feta otlhe a go kwadilweng ka one a a neng a wela Jerusalema.

18, 19. (a) Ke eng fa go le botlhokwa gore re nne kutlo gompieno? (b) Go tla tlotliwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

18 Le rona fa re nna kutlo ka gonne re gagamalela kwa go golleng sentle, seo se tla boloka matshelo a rona fa re lebana le go diragadiwa ga konokono ga boporofeti jwa ga Jesu jwa gore “go tla nna le pitlagano e kgolo” go gaisa epe e e kileng ya nna teng. (Math. 24:21) A re tla nna kutlo fa “molebedi yo o boikanyego” a re naya kaelo le fa e le efe e e potlakileng mo isagweng? (Luke 12:42) Go botlhokwa fela thata gore re ithute go “nna kutlo go tswa pelong”!—Bar. 6:17.

19 Gore re gole sentle, re tshwanetse go thapisa bokgoni jwa rona jwa go akanya. Re dira seno ka go tsaya matsapa a gore re tlwaelane sentle le Lefoko la Modimo le ka go ithuta go nna kutlo. Basha ba lebana le dikgwetlho dingwe fa ba ntse ba gola semoyeng. Mo setlhogong se se latelang go tla tlotliwa kafa dikgwetlho tseo di ka fenngwang ka teng.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 7 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 14 Bona setlhogo se se reng “Go Nonotshediwa go Gana go Dira Se se Sa Siamang,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 1, 1999.

O Ithutile eng?

• Go gola semoyeng ke eng, mme re ka dira jang gore re gole semoyeng?

• Go tlwaelana le Lefoko la Modimo go re thusa jang gore re gagamalele kwa go goleng sentle?

• Re ithuta go nna kutlo jang?

• Go gola sentle go re solegela molemo ka ditsela dife?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Go dirisa kgakololo e e mo Baebeleng go re thusa go lebana le mathata ka tsela e e bontshang gore re godile sentle

[Setshwantsho mo go tsebe 12, 13]

Go ikobela kgakololo ya ga Jesu go ne ga boloka matshelo a Bakeresete ba bogologolo