Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Ecuador

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Ecuador

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Ecuador

MOKAULENGWE mongwe yo mosha kwa Italy o ne a le mo kgatelelong. O ne a sa tswa go falola sekolo se segolwane ka maduo a a kwa godimo thata mo tlelaseng ya gagwe, mme jaanong ba losika le barutisi ba ne ba mo kgothaletsa gore a batle thuto e e kwa godimo. Le fa go ntse jalo, dingwaga di le mmalwa pele ga foo, Bruno o ne a ineetse mo go Jehofa, a solofeditse Modimo gore o tla dira gore thato ya Gagwe e nne yone e tlang pele mo botshelong jwa gagwe. O ne a tlhopha eng? O tlhalosa jaana: “Ke ne ka rapela mme ka bolelela Jehofa gore ke tla tshelela boineelo jwa me ke bo ke dira gore a tle pele mo botshelong jwa me. Le fa go ntse jalo, mo thapelong eo ke ne ka mmolelela se se mo mafatlheng a me, ke mmolelela gore ga ke batle botshelo jo bo lapisang pelo mme ke batla go dira ditiro tse di farologaneng mo tirelong ya gagwe.”

Dingwaga di le mmalwa morago ga foo, Bruno o ne a feleletsa a le kwa Ecuador, kwa Amerika Borwa. A re: “Jehofa o arabile thapelo ya me go feta kafa ke neng ke lebeletse ka gone.” O ne a gakgamala fa a goroga kwa Ecuador a fitlhela basha ba bangwe ba le bantsi, ba le bone ba neng ba fudugetse koo go ya go direla Jehofa ka tsela e e oketsegileng.

BASHA BA BA ‘LEKANG JEHOFA

Fela jaaka basha ba bangwe ba le diketekete, Bruno le ene o amogetse taletso eno ya ga Jehofa: “Ntekang, tsweetswee, . . . gore a ga nkitla ke lo bulela dikgoro tsa morwalela tsa magodimo ke bo ke lo tshololela lesego go fitlha lo sa tlhole lo tlhoka sepe.” (Mal. 3:10) E re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke go rata Modimo, ba ne ba dira tshwetso ya go ‘leka Jehofa’ ka go ithaopela go dirisa nako, maatla le dithoto tsa bone go ema nokeng tirelo ya gagwe mo nageng e kwa go yone go nang le tlhokego e kgolo ya baboledi ba Bogosi.

Ka bonako fela morago ga gore baithaopi bano ba goroge mo kabelong ya bone e ntšha, ba ne ba iponela gore “thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana.” (Math. 9:37) Ka sekai, Jaqueline wa kwa Jeremane, o ne a itumetse tota fa a ne a kwalela lekala la kwa Ecuador jaana: “Ke na le dingwaga tse di fetang tse pedi fela ke direla mo Ecuador mme ke setse ke na le dithuto tsa Baebele di le 13 mme di le nnè tsa tsone di nna gone ka metlha mo dipokanong. A seo ga se itumedise?” Chantal, wa kwa Canada a re: “Ka 2008, ke ne ka fudugela kwa karolong nngwe e e mo lotshitshing lwa Ecuador, kwa go neng go na le phuthego e le nngwe fela gone. Gone jaanong go na le diphuthego di le tharo le babulatsela ba ba fetang 30 mo lefelong leo. Go itumedisa tota go bona batho ba le bantsi ba ba sa tswang go kopanela ba gatela pele semoyeng!” Gape o ne a re: “Ke sa tswa go fudugela kwa toropong e e bogodimo jwa dimetara di le 2 743, e e kwa godimo ga Dithaba tsa Andes. Toropo eo e na le baagi ba ba fetang 75 000, le fa go ntse jalo, e na le phuthego e le nngwe fela. Batho ba tshimo eo ba na le kgatlhego tota! Ke itumelela bodiredi jwa me thata.”

DIKGWETLHO TSE DI LENG GONE

Ke boammaaruri gore go direla kwa nageng e sele go na le dikgwetlho tse dikgolo. Tota e bile, basha bangwe ba ile ba lebana le dikgoreletsi le e leng pele ba fuduga. Kayla, wa kwa United States a re: “Dilo dingwe tse di sa siamang tse bakaulengwe bangwe ba kwa gae ba neng ba di bua ba na le maitlhomo a a siameng, di ne di kgoba marapo tota. Ba ne ba sa tlhaloganye lebaka la go bo ke batla go fudugela kwa nageng e sele go ya go nna mmulatsela gone. Ka dinako dingwe, seo se ne se dira gore ke ipotse gore, ‘A ruri ke dira tshwetso e e siameng?’” Le fa go ntse jalo, Kayla o ne a dira tshwetso ya go fuduga. A re: “Go rapela Jehofa makgetlo a le mantsi le go tlotla thata le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng semoyeng, go nthusitse gore ke bone gore Jehofa o a re segofatsa fa re ithaopa ka go rata.”

Batho ba le bantsi ba fitlhela go ithuta puo e ntšha e le sekgoreletsi. Siobhan, wa kwa Ireland, o gakologelwa jaana: “Ke ne ke thatafalelwa ke go itlhalosa. Ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta go nna pelotelele, ke ithute puo eo ka tlhoafalo, mme ke tshege fa ke dirile diphoso.” Anna wa kwa Estonia, a re: “Go tlwaela mogote wa kwa boboatsatsi, lerole le lentsi, le go tlhoka shawara e e nang le metsi a a bolelo, e ne e se sepe fa go bapisiwa le go ithuta Se-Spain. Ka dinako dingwe ke ne ke ikutlwa e kete nka latlhela seditse. Ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta gore ke tlhome mogopolo mo kgatelopeleng e ke neng ke e dira, go na le go tshwenyega ka diphoso tsa me.”

Sengwe gape se re sa tshwanelang go se itlhokomolosa ke kgwetlho ya go tlhologelelwa gae. Jonathan, wa kwa United States, a re: “Nakwana fela morago ga go goroga fano, ke ne ka kgobega marapo ka go bo ke arogane le ditsala tsa me le ba lelapa la me. Le fa go ntse jalo, ke ne ka fenya maikutlo ao ka go tlhoma mogopolo mo thutong ya Baebele ya motho a le esi le mo bodireding. Go ise go ye kae, maitemogelo a a itumedisang a ke nnileng le one mo bodireding le ditsala tse disha tse ke nnileng le tsone mo phuthegong, di nthusitse gore ke itumele gape.”

Kgwetlho e nngwe ke maemo a go tshelelwang mo go one. Go ka direga gore a ka se tshwane le a wena o tlwaetseng go tshela mo go one. Beau, wa kwa Canada o re bolelela jaana: “Mo nageng e o tswang kwa go yone, o ka tswa o sa anaanele ditirelo tse di botlhokwa tse di jaaka metsi le motlakase. Mme fano, nako nngwe di nna gone mme nako nngwe ga di yo. Lehuma, dipalangwa tse di seng mo maemong a a siameng, go se rutege, go nna mo tikologong e e seng phepa, ke dilo tse di tlwaelegileng mo dinageng di le dintsi tse di tlhabologang. Ines, wa kwa Austria o kgona go lebana le maemo ao ka go tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di molemo tse batho ba koo ba nang le tsone. A re: “Batho ba koo ba amogela baeng, ba pelonomi, ba a thusa e bile ba ikokobeditse. Sa botlhokwa le go feta ke gore ba kgatlhegela thata go ithuta mo go oketsegileng ka Modimo.”

“LESEGO GO FITLHA LO SA TLHOLE LO TLHOKA SEPE”

Le fa basha bano botlhe ba ba direlang kwa Ecuador ba intshitse setlhabelo, ba fitlhetse gore Jehofa o naya “se se fetang thata dilo tsotlhe” tse ba neng ba di solofetse. (Baef. 3:20) Eleruri, ba ikutlwa ba amogetse ‘lesego go fitlha ba sa tlhole ba tlhoka sepe.’ (Mal. 3:10) Ba ikutlwa jaana ka bodiredi jwa bone:

Bruno: “Ke simolotse bodiredi jwa me mo Ecuador mo kgaolong e e kgatlhang ya Amazon. Moragonyana ke ne ka thusa fa go ne go okediwa ofisi ya lekala ya Ecuador. Gone jaanong ke direla mo Bethele. Fa ke ne ke le kwa Italy, ke tlhophile go baya Jehofa kwa pele, mme ruri o diragaditse keletso e ke neng ke na le yone ya botshelo jo bo itumedisang le ya go dira ditiro tse di farologaneng mo tirelong ya gagwe.”

Beau: “Ke atamalane thata le Jehofa ka gonne mo Ecuador ke kgona go dirisa nako ya me yotlhe ke dira dilo tsa semoya. Mme gape ke na le masego a a oketsegileng ka gonne ke kgona go etela mafelo a a kgatlhang—e leng sengwe se ke sa bolong go batla go se dira.”

Anna: “Ke ne ke sa akanye gore go a kgonega gore nka itumelela botshelo jwa go nna morongwa le fa ke sa nyalwa. Mme jaanong ke a itse gore go a kgonega. Ke leboga Jehofa go bo a ile a ntshegofatsa, ke itumelela thata go dira batho barutwa, go aga Diholo Tsa Bogosi le go nna le ditsala tse disha.”

Elke: “Kwa nageng e ke tswang kwa go yone kwa Austria, ke ne ke nna ke rapela Jehofa gore a nneye thuto ya Baebele e le nngwe fela. Fano ke na le dithuto tsa Baebele di le 15! Go bona batho ba ke ithutang le bone Baebele ba gatela pele e bile ba itumetse, go intumedisa fela thata.”

Joel: “Ke maitemogelo a a itumedisang tota go goroga mo lefelong le o sa le itseng go tla go direla Jehofa. O ithuta go ikaega ka ene ka botlalo mme go kgatlha tota go bona a segofatsa maiteko a gago! Mo ngwageng wa me wa ntlha fano, fa ke tswa kwa United States, setlhopha se ke neng ke le mo go sone se ile sa oketsega go tswa go baboledi ba le 6 go ya go ba le 21. Go ne go na le batho ba le 110 ba ba neng ba tlile Segopotsong.”

WENA O TLA DIRA ENG?

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba basha, a maemo a lona a lo letla go direla kwa nageng e kwa go yone go nang le tlhokego e kgolo ya baboledi ba Bogosi? Ke boammaaruri gore go dira tshwetso e kgolo e e jaaka eo, go tla tlhoka gore o rulaganye dilo ka kelotlhoko. Mo godimo ga moo, gore o kgone go dira seo o tshwanetse wa bo o rata Jehofa le moagelani tota. Fa o na le lorato lo lo ntseng jalo, mme e bile o tshwanelega, rapela Jehofa ka tlhoafalo ka kgang eno ya go direla kwa nageng e sele. Mo godimo ga moo, bua le batsadi ba gago ba Bakeresete le bagolwane ba phuthego ka keletso ya gago. O ka swetsa ka gore le wena o ka kgona go nna le seabe mo tirelong eno e e boitshepo e e kgatlhang le e e kgotsofatsang.

[Mafoko a a mo go tsebe 3]

“Go rapela Jehofa makgetlo a le mantsi le go tlotla thata le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng semoyeng, go nthusitse gore ke bone gore Jehofa o a re segofatsa fa re ithaopa ka go rata.”—Kayla wa kwa United States

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

Kafa o ka ipaakanyetsang go direla kwa nageng e sele ka gone

• Nna le mekgwa e e sa fetofetogeng ya go ithuta

• Sekaseka gape Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 2011, tsebe 4-6

• Tlotla le batho ba bangwe ba ba ileng ba direla kwa nageng e sele

• Batlisisa ka setso le hisitori ya naga eo

• Dira khoso ya go ithuta puo ya lefelo leo

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

Bangwe ba ba direlang kwa dinageng di sele ba itlamela ka madi ka go . . .

• bereka dikgwedi di le mmalwa ngwaga le ngwaga kwa nageng e ba tswang kwa go yone

• hirisa matlo a bone, difolete kgotsa mafelo a kgwebo

• bereka ba dirisa Internet

[Ditshwantsho mo go tsebe 4, 5]

1 Jaqueline wa kwa Jeremane

2 Bruno wa kwa Italy

3 Beau wa kwa Canada

4 Siobhan wa kwa Ireland

5 Joel wa kwa U.S.A.

6 Jonathan wa kwa U.S.A.

7 Anna wa kwa Estonia

8 Elke wa kwa Austria

9 Chantal wa kwa Canada

10 Ines wa kwa Austria