Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—Jakobe 4:8.

A Modimo o Utlwa Dithapelo Tsa Rona?

A Modimo o Utlwa Dithapelo Tsa Rona?

A o kile wa ipotsa gore a Modimo o utlwa dithapelo tsa gago? Ga se wena fela o ipotsang potso eo. Batho ba le bantsi ba nna ba ntse ba rapela Modimo mme mathata a bone ga a fele. A seno se raya gore Modimo o itlhokomolosa dithapelo tsa rona? Nnyaa! Baebele e re netefaletsa gore Modimo o a re utlwa fa re mo rapela ka tsela e a e batlang. A re bone gore Baebele ya reng.

MODIMO O A REETSA.

“Wena Moutlwi wa thapelo, batho ba nama yotlhe ba tla tla kwa go wena.”—Pesalema 65:2.

Batho bangwe ba rapela fela ka gonne ba re go dira gore ba ikutlwe botoka, le fa gone ba sa dumele gore go na le mongwe yo o utlwang dithapelo tsa bone. Mme gone ga re a tshwanela go rapela fela ka gonne re batla go ikutlwa botoka. Baebele ya re: “Jehofa * o gaufi le botlhe ba ba mmitsang, le botlhe ba ba mmitsang ka boammaaruri. . . . E bile o tla utlwa go goa ga bone ba kopa thuso.”—Pesalema 145:18, 19.

Ka jalo re ka dumela gore Jehofa o utlwa dithapelo tsa batho ba ba mo obamelang. A re: “Mme eleruri lo tla mpitsa lo bo lo tla go nthapela, ke tla lo reetsa.”—Jeremia 29:12.

MODIMO O BATLA GORE O MO RAPELE.

“Nnelang ruri mo thapelong.”—Baroma 12:12.

Baebele e re kgothaletsa gore re rapele re sa kgaotse le go tswelela re rapela ka lobaka longwe le longwe. Seno se bontsha gore Jehofa o batla gore re mo rapele.—Mathaio 26:41; Baefeso 6:18.

Goreng Modimo a batla gore re mo rapele? Akanya ka seno: Ke motsadi ofe yo o ka se kang a batla gore ngwana wa gagwe a mo kope thuso? Le fa gone motsadi a itse se ngwana wa gagwe a se tlhokang, e bile a itse tsela e ngwana a ikutlwang ka yone, fa a utlwa ngwana wa gagwe a kopa thuso seno se mmontsha gore o a mo tshepa. Ka tsela e e tshwanang fa re rapela Jehofa Modimo, re mmontsha gore re a mo tshepa le gore re batla go atamalana le ene.—Diane 15:8; Jakobe 4:8.

MODIMO O A GO KGATHALELA.

“Lo latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.”—1 Petere 5:7.

Modimo o batla gore re mo rapele ka gonne o a re rata e bile o a re kgathalela. O itse mathata a rona otlhe le sengwe le sengwe se se re tshwenyang e bile o batla go re thusa.

Kgosi Dafide o ne a nna a rapela Jehofa e bile o ne a nna a mmolelela tsela e a ikutlwang ka yone. (Pesalema 23:1-6) Modimo o ne a ikutlwa jang ka Dafide? O ne a mo rata e bile a reetsa dithapelo tsa gagwe. (Ditiro 13:22) Ka tsela e e tshwanang Modimo o reetsa dithapelo tsa rona ka gonne a re kgathalela.

‘KE RATA JEHOFA KA GONNE O UTLWA LENTSWE LA ME’

Mafoko ao a kwadilwe ke mongwe wa bakwadi ba dipesalema. O ne a itse gore Modimo o reetsa dithapelo tsa gagwe, mme seo se ile sa mo thusa fela thata. O ne a ikutlwa a atamalane le Modimo, gape a na le maatla a go lebana le mathata a gagwe.—Pesalema 116:1-9.

Fa re dumela gore Modimo o utlwa dithapelo tsa rona, re tla tswelela re mo rapela. Akanya ka se se diragaletseng monna mongwe yo o bidiwang Pedro, yo o nnang kwa northern Spain. Ngwana wa gagwe wa dingwaga di le 19 o ile a tlhokafalela mo kotsing ya koloi. Pedro o ile a bolelela Modimo gore o ikutlwa jang, a bo a kopa gore a mo gomotse le go mo tshegetsa. Go ile ga diragala eng? Pedro a re: “Jehofa o ile a araba dithapelo tsa me a dirisa Bakeresete mmogo le nna gore ba re gomotse le go re tshegetsa.”

Gantsi Modimo o araba dithapelo tsa rona a dirisa batho ba ba re ratang

Le fa gone thapelo e sa tsosa ngwana wa ga Pedro mo baswing, go rapela go ile ga thusa lelapa la gagwe fela thata. Mosadi wa gagwe María Carmen a re: “Thapelo e nthusitse go itshoka. Ke ne ke itse gore Jehofa Modimo o tlhaloganya tsela e ke neng ke ikutlwa ka yone, ka gonne fa ke rapela ke ne ke ikutlwa botoka.”

Se batho ba bangwe ba fetileng mo go sone, le se Baebele e se rutang, se bontsha sentle gore Modimo o utlwa dithapelo tsa rona. Le fa go ntse jalo, Modimo ga a arabe dithapelo tsotlhe. Goreng Modimo a araba dithapelo dingwe, mme a sa arabe tse dingwe?

^ ser. 5 Jehofa ke leina la Modimo.—Pesalema 83:18.