Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Tshelang ka Teng ka Madi a Mannye

Kafa o ka Tshelang ka Teng ka Madi a Mannye

Kafa o ka Tshelang ka Teng ka Madi a Mannye

OBED ke rre wa bana ba le babedi. O ne a bereka mo hoteleng ya maemo a kwa godimo mo motseng mongwe o mogolo mo Afrika ka dingwaga di le lesome e bile a se na bothata jwa go tlhokomela ba lelapa la gagwe. Gangwe le gape o ne a kgona go isa ba lelapa la gagwe kwa maikhutsong a a itumedisang kwa dirapeng tsa diphologolo kwa nageng ya gagabo. Maemo a ne a fetoga fa a ne a felelwa ke tiro ka gonne batho ba sa tlhole ba tla ka bontsi kwa hoteleng.

Fa Stephen a sena go bereka dingwaga tse di fetang 22 kwa bankeng nngwe e kgolo, kgabagare o ne a nna mookamedi. Dingwe tsa dilo tse dintsi tse di molemo tse khampani eo e neng e mo naya tsone ke ntlo e kgolo, koloi, badiri ba mo ntlong le go tsenya bana ba gagwe dikolo tsa maemo. Fa banka e ne e rulaganya sesha ditiro tsa badiri ba mo diofising, o ne a felelwa ke tiro. Stephen a re: “Nna le lelapa la me re ne re utlwile botlhoko thata. Ke ne ke tlaletswe, ke galefile e bile ke na le poifo.”

Ditiragalo tseno di tlwaelegile. Maemo a tsa ikonomi a a ntseng a senyegela pele a dirile gore dimilione tsa batho ba ba neng ba amogela ka metlha ba felelwe ke ditiro. Bontsi jwa batho ba ba neng ba kgona go bona tiro ba ne ba tshwanelwa ke go amogela madi a mannye fa ba ntse ba lebana le ditlhwatlhwa tse di ntseng di tlhatloga. Ga go naga epe mo lefatsheng e e sa amiweng ke go fokodiwa ga batho kwa tirong, e ka ne e tlhabologile kgotsa e sa tlhabologa.

Go Batla Botlhale jo bo Mosola

Fa re amogela madi a mannye kgotsa re feletswe ke tiro, go ka nna motlhofo gore re akanye ka tsela e e sa siamang. Gone ke boammaaruri gore motho a ka se tile go tlhobaela gotlhelele. Le fa go ntse jalo, monna yo o botlhale o ne a re: “A o itshupile o kgobegile marapo mo letsatsing la matshwenyego? Maatla a gago a tla tlhaela.” (Diane 24:10) Go na le gore re tshoge fa re lebana le maemo a a sa itumediseng a tsa ikonomi, re tshwanetse go dira se Lefoko la Modimo le re tlhotlheletsang go se dira: ‘Boloka botlhale jo bo mosola.’—Diane 2:7.

Le fa Baebele e se buka ya tsa ikonomi, kgakololo ya yone e e mosola ya kafa re ka rarabololang ka teng mathata a a ntseng jalo e thusitse dimilione tsa batho mo lefatsheng lotlhe. Mma re sekaseke mengwe ya melaometheo e e mo Baebeleng.

Sekaseka ditshenyegelo. Ela tlhoko mafoko a ga Jesu a a mo go Luke 14:28: “Ke mang wa lona yo o batlang go aga tora a sa nneng fa fatshe pele a bo a bala ditshenyegelo, go bona gore a o na le mo go lekaneng go e wetsa?” Fa o dirisa molaomotheo ono o tla dira tekanyetso ya madi o bo o e kgomarela. Mme eo e ka nna kgwetlho fela jaaka Obed a lemogile. A re: “Pele ke felelwa ke tiro re ne re reka dilo tse dintsi tse tota re neng re sa di tlhoke kwa suphamaketeng. Re ne re sa dire tekanyetso ya madi ka gonne re ne re na le madi a a lekaneng go reka sengwe le sengwe se re se batlang.” Go rulaganya dilo go sa le gale go tla dira gore lo reke dilo tse lelapa le di tlhokang ka madi a mannye a lo nang le one.

Fetola tsela e o tshelang ka yone. Ga go pelaelo gore go thata go tlhofofatsa botshelo, mme go botlhokwa go dira jalo. Seane sa Baebele sa re: “Monna yo o botlhale o bona kotsi e tla a bo a nnela kwa tlase.” (Diane 22:3, The New English Bible) Stephen a re: “Gore re boloke madi, lelapa la me le ne la tshwanelwa ke go tswa mo ntlong ya khampani re bo re nna kwa ntlong ya rona e nnye e e neng e sa fela ka fa gare. Bana ba ne ba tshwanelwa ke go tsena kwa dikolong tse di sa duediseng madi a mantsi mme di na le thuto e e siameng.”

Lelapa le tshwanetse go buisana gore le atlege go fetola tsela e le tshelang ka yone. Austin yo o neng a bereka mo setheong sengwe sa tsa madi yo o neng a felelwa ke tiro morago ga dingwaga di le robongwe a re: “Nna le mosadi wa me re ne ra kwala dilo tse tota re neng re di tlhoka. Re ne ra tshwanelwa ke go fokotsa go reka dijo tse di turang, go ya kwa maikhutsong a a jang madi a mantsi le go reka diaparo tse disha tse re neng re sa di tlhoke. Ke itumelela gore ba lelapa la me ba ne ba tshegetsa diphetogo tseno.” Gone ke boammaaruri gore bana ba ba botlana ba ka se tlhaloganye ka botlalo lebaka la go bo go tlhokega diphetogo tseo mme batsadi ba ka ba thusa go tlhaloganya.

Iketleeletse go dira ditiro tse dingwe. Fa o ne o tlwaetse go bereka mo ofising, go ka nna ga lebega go le thata go dira tiro e e go tlhokang maatla. Austin a re: “E re ka ke ne ke tlwaetse go nna mookamedi kwa femeng e kgolo, go ne go le thata go akanya gore ke ne nka dira tiro ya maemo a a kwa tlase.” Seno ga se gakgamatse ka gonne mo go Diane 29:25, Baebele ya re: “Go boifa batho ke gone mo go bayang seru.” Go nnela go akanya ka gore batho ba tla reng ga go ka ke ga dira gore o nne le madi a go tlamela lelapa la gago. Ke eng se se ka go thusang go fenya kgopolo e e ntseng jalo e e phoso?

Boikokobetso bo ka thusa. Fa Obed a sena go felelwa ke tiro kwa hoteleng, motho mongwe yo o kileng a bereka le ene yo o neng a na le lefelo la go baakanya dikoloi o ne a mo kopa gore a tle go bereka le ene. Tiro eno e ne e tlhoka gore a tsamaye sekgala se seleele mo mebileng e e lorole a ya go reka dipente tsa dikoloi le dilo tse dingwe. Obed a re: “Ke ne ke sa rate tiro eno e bile go ne go sa lebege ke tla bona e e botoka. Boikokobetso bo ne jwa nthusa go dira tiro e e duelang madi a a kwa tlase thata ga a ke neng ke a amogela pele mme a kgona go tlhokomela lelapa la me.” A le wena o ka solegelwa molemo ke go leba dilo jalo?

Kgotsofala. Dikishinare nngwe e tlhalosa motho yo o kgotsofetseng e le motho yo o “itumetseng e bile a kgotsofaletse tsela e dilo di leng ka yone.” Tlhaloso e e ntseng jalo e ka lebega e sa utlwale mo mothong yo o nang le mathata a tsa madi. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko mafoko a ga moaposetoloi Paulo, morongwa yo o neng a itse gore go tlhoka go ne go ntse jang: “Ke ithutile go ritibala, mo maemong le fa e le afe a ke leng mo go one. Eleruri ke itse kafa go nna le dilo tse di seng kalo go ntseng ka gone, eleruri ke itse kafa go nna le letlotlo go ntseng ka gone.”—Bafilipi 4:11, 12.

Gongwe maemo a rona a ka nna botoka mme ka ntlha ya maemo a a fetogang dilo di ka senyegela pele gape. Re ka solegelwa molemo ke go tsaya tsia kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng ya ga Paulo: “Eleruri, boineelo jono jwa bomodimo mmogo le thetebalo ke tsela ya papadi e kgolo. Jalo, e re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.” Paulo o ne a sa kgothaletse botshwakga mme o ne a bontsha gore dilo tsa nama ga di a tshwanela go tla pele mo botshelong.—1 Timotheo 6:6, 8.

Tsela ya go Bona Boitumelo Jwa Mmatota

Boitumelo jwa mmatota ga bo tlisiwe ke go nna le sengwe le sengwe se re se batlang kgotsa go tshela botshelo jwa manobonobo. Jesu ka boene o ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” Ee, boitumelo le kgotsofalo di tlisiwa ke go dirisa se re nang le sone go thusa batho ba bangwe le go ba kgothatsa.—Ditiro 20:35.

Mmopi wa rona e bong Jehofa Modimo o itse dilo tsotlhe tse re di tlhokang. O dirisa Lefoko la gagwe, Baebele, go naya batho kgakololo e e mosola e e thusang batho ba le bantsi go tokafatsa matshelo a bone le go fokotsa tlhobaelo. Gone ke boammaaruri gore maemo a motho a tsa madi ga a ka ke a tokafala ka tshoganyetso kgotsa ka kgakgamatso. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tlhomamisetsa botlhe ba ba ‘batlang pele bogosi le tshiamo ya Modimo,’ gore ba tla newa dilo tsa letsatsi le letsatsi tse ba di tlhokang.—Mathaio 6:33.