Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ruta Bana ba Gago

Jothame O ne A Nna a Ikanyega Le fa A ne A Lebane le Mathata Kwa Gae

Jothame O ne A Nna a Ikanyega Le fa A ne A Lebane le Mathata Kwa Gae

FA BATSADI ba tlogela go direla Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa, seo se ka dira gore go nne thata mo ngwaneng. Mma re tlotle ka Jothame. Re tla ithuta ka mathata a a ileng a lebana le one mo lelapeng la gaabo fa a ntse a gola.

Rraagwe Jothame e bong Usia, e ne e le kgosi ya Juda. E ne e le monna yo o nonofileng thata mo nageng. Usia e ne e le kgosi e e molemo ka dingwaga di le dintsi, le e leng pele Jothame a tsholwa. Mme moragonyana, fa Jothame a sa ntse a le mmotlana, Usia o ne a ikgogomosa mme a tlola Molao wa Modimo. Ka jalo, Modimo o ne a mo itaya ka lepero, e leng bolwetse jo bo maswe. A o itse gore Jothame o ne a dira eng morago ga foo? *

Jothame o ne a tswelela a direla Jehofa. Gongwe mmaagwe e bong Jerushahe o ne a mo thusa. Le fa go ntse jalo, go ka tswa go ne go sa ntse go le thata mo go Jothame go tswelela a ikanyega mo go Jehofa morago ga gore rraagwe e bong Usia a lelekwe mo ntlong ya ga Jehofa.

Go tweng fa rraago kgotsa mmago a tlogetse go obamela Jehofa? A seo se ne se se kitla se dira gore go nne thata mo go wena?— Mme ga go phoso go akanya gore selo se se ntseng jalo se tla direga. Go sekaseka se Dafide a se kwadileng mo Baebeleng go re bontsha seno.

Rraagwe Dafide e bong Jese, e ne e le monna yo o siameng. O ne a direla Jehofa, e bile re ka tlhomamisega gore Dafide o ne a rata rraagwe. Dafide o ne a ithuta go rata Jehofa thata go feta kafa a neng a rata Jese ka gone. Mma re bone gore ke ka ntlha yang fa re itse seno.

Tsweetswee bula Baebele ya gago mo go Pesalema 27:10. Dafide o ne a re: “Fa rre le mmè ba ne ba ka ntlogela, Jehofa o ne a tla ntshola.” Akanya ka seno: Se Baebele e se buang ke gore fa go ne go ka direga gore rraagwe Dafide e bong Jese kgotsa mmaagwe a tlogele go direla Jehofa, Dafide o ne a tla tswelela a mo direla.

Go tweng ka wena? A o ne o tla tswelela o direla Jehofa le fa rraago kgotsa mmago a sa mo direle?— Eno ke potso e e molemo e o ka ipotsang yone. Lebaka la go ipotsa jalo le amana le taelo eno e e botlhokwa thata e e mo Baebeleng. Ya re: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.”

Taelo eno e kaya gore o tswelele o ikanyega mo go Jehofa, le fa go ka nna thata go dira jalo. O akanya gore ke mang yo o batlang gore re tlogele go direla Jehofa?— Ke mmaba wa Modimo e bong Satane Diabolo. Jesu o ne a re ke “mmusi wa lefatshe leno.” Baebele gape ya re ke “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” A re tshwanetse go boifa Satane?

Nnyaa, ga re a tshwanela. Go na le moo, re tshwanetse go gopola gore Jehofa o maatla thata go gaisa Satane. Jehofa o tla re sireletsa fa re mo ikanya. Bala mo Baebeleng ya gago o bone gore Jehofa o ne a sireletsa Dafide jang mo mokalobeng yo o boifisang e bong Goliathe. Le wena Jehofa a ka go sireletsa fa o ka tswelela o ikanyega mo go ene.

^ ser. 4 Fa o bala le ngwana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o mo kgothaletse go ntsha maikutlo a gagwe.