Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

ATAMALANA LE MODIMO

“Dinonofo Tse di sa Bonaleng Tsa Gagwe di Bonwa Sentle”

“Dinonofo Tse di sa Bonaleng Tsa Gagwe di Bonwa Sentle”

A o dumela mo Modimong? Fa go le jalo, a o ka bontsha bosupi jwa gore o teng? Boammaaruri ke gore re dikologilwe ke bosupi jwa gore go na le Mmopi yo o botlhale, yo o nang le maatla le yo o lorato. Bosupi jono ke bofe, mme bo boammaaruri go le kana kang? Go bona karabo, ela tlhoko mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a mo lekwalong le a neng a le kwalela Bakeresete ba kwa Roma.

Paulo o ne a re: “Dinonofo tse di sa bonaleng tsa gagwe [Modimo] di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo, mo e leng gore ga ba na seipato.” (Baroma 1:20) Mmopi o tlogetse letshwao mo tirong ya diatla tsa gagwe fela jaaka Paulo a bontshitse. Mma re sekaseke mafoko a ga Paulo.

Paulo a re dinonofo tsa Modimo di ka bonwa “mo popong ya lefatshe go ya pele.” Go ya ka ditemana tse di dikologileng temana eno, lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “lefatshe” ga le kaye polanete ya Lefatshe. Go na le moo, le kaya batho. * Le fa go ntse jalo, Paulo a re go tloga fela fa batho ba ne ba bopiwa, ba ne ba kgona go bona bosupi jwa dinonofo tsa Mmopi mo dilong tse a di dirileng.

Bosupi joo bo a bonala. Ga bo a fitlhega mo tlhagong mme bo “bonwa sentle.” Go tloga mo dilong tse dikgolo go ya go tse dinnye thata, popo e senola sentle e seng fela gore go na le Mmopi mme gape le gore o na le dinonofo tse molemo. A tsela e e matsetseleko e dilo tsa tlhago di dirilweng ka yone ga e re bontshe botlhale jwa Modimo? A magodimo a a tletseng dinaledi le makhubu a magolo a lewatle ga a bontshe maatla a gagwe? A mefuta e e farologaneng ya dijo tse di monate le bontle jwa go tlhaba ga letsatsi le go phirima ga lone ga di bontshe lorato lo a ratang batho ka lone?—Pesalema 104:24; Isaia 40:26.

Bosupi joo bo boammaaruri go le kana kang? Go bonala sentle gore batho ba ba sa bo boneng le ba ba ganang go dumela mo Modimong “ga ba na seipato.” Mokanoki mongwe o tshwantsha seno ka tsela eno: Akanya ka mokgweetsi yo o itlhokomolosang letshwao le le reng, “Tsela e felela fano—ya kwa molemeng.” Lepodise la pharakano le a mo emisa le bo le mo kwalela thekete. Mokgweetsi o leka go ngangisana gore ga a bona letshwao. Mme seipato sa gagwe ga se utlwale ka gonne letshwao le mo pepeneneng e bile ga a na bothata jwa matlho. Mo godimo ga moo, e re ka e le mokgweetsi, ke maikarabelo a gagwe go bona matshwao ao le go a tsaya tsia. Ka jalo, go ntse jalo le ka bosupi jo re bo bonang mo popong jwa gore Modimo o teng. “Letshwao” leo le mo pepeneneng. Rona dibopiwa tse di nang le tlhaloganyo, re kgona go le bona. Ga re na lebaka la go le itlhokomolosa.

Mmopi o tlogetse letshwao mo tirong ya diatla tsa gagwe

Eleruri, popo e senola go le gontsi ka Mmopi wa rona. Mme go na le buka nngwe e e buang go le gontsi ka ga gagwe—Baebele. Fa re e bala re ka bona karabo ya potso eno e e botlhokwa: Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka lefatshe le ka batho ba ba nnang mo go lone? Go itse karabo ya potso eo go ka go thusa go atamalana le Modimo yo ‘dinonofo tse di sa bonaleng tsa gagwe di bonalang sentle’ mo lefatsheng.

Dikgaolo tsa Baebele tse di ka balwang ka August

Baroma 1-16

^ ser. 5 Gape Baebele e bua ka “lefatshe” e re le na le molato wa boleo mme le tlhoka mmoloki, se se bontshang sentle gore ditemana tseo di bua ka batho e seng ka lefatshe.—Johane 1:29; 4:42; 12:47.