Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A re Tshwanetse go Rapela Jesu?

A re Tshwanetse go Rapela Jesu?

MMATLISISI mongwe o ne a dira patlisiso nngwe e mo go yone a neng a botsa basha ba feta 800 ba ba tsenang dikereke tse di fetang 12 gore a ba akanya gore Jesu o araba dithapelo. Ba ba fetang diperesente di le 60 ba ne ba re ba dumela gore o a di araba. Le fa go ntse jalo, mo patlisisong eno mosha mongwe o ne a phimola leina Jesu mme a kwala “Modimo.”

O akanyang? A re tshwanetse go rapela Jesu kgotsa Modimo? * Gore re bone karabo, a re simolole ka go sekaseka tsela e Jesu a rutileng barutwa ba gagwe go rapela ka yone.

JESU O RE RUTILE GO RAPELA MANG?

Jesu o re rutile a bo a re bontsha gore re tshwanetse go rapela mang.

Fa Jesu a rapela Rraagwe yo o kwa legodimong o ne a tlhoma sekao se rotlhe re tshwanetseng go se latela

SE A NENG A SE RUTA: Fa mongwe wa barutwa ba ga Jesu a kopa jaana: “Morena, re rute kafa re ka rapelang ka gone,” Jesu o ne a araba jaana: “Le fa e le leng fela fa lo rapela, lo re, ‘Rara.’” (Luke 11:1, 2) Mo godimo ga moo, mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, Jesu o ne a kgothaletsa bareetsi ba gagwe go rapela. O ne a re: “Rapela Rrago.” Mme o ne a ba tlhomamisetsa jaana: “Rraalona o itse dilo le fa e le dife tse lo di tlhokang le pele ga lo mo kopa.” (Mathaio 6:6, 8) Mo bosigong jwa ga Jesu jwa bofelo mo lefatsheng, o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Fa lo kopa sengwe mo go Rara o tla se lo naya ka leina la me.” (Johane 16:23) Ka go rialo Jesu o ne a re ruta go rapela Rragwe le Rraarona, Jehofa Modimo.—Johane 20:17.

SEKAO SA GAGWE: Fela jaaka Jesu a rutile ba bangwe go rapela, ene ka boene o ne a rapela jaana: “Ke go baka phatlalatsa, Rara, Morena wa legodimo le lefatshe.” (Luke 10:21) Mo lekgetlong lengwe, “Jesu a tlhatlosetsa matlho a gagwe ntlheng ya legodimo mme a re: ‘Rara, ke a go leboga go bo o nkutlwile.’” (Johane 11:41) Mme fa Jesu a swa, o ne a re: “Rara, ke neela moya wa me mo diatleng tsa gago.” (Luke 23:46) Fa Jesu a ne a rapela Rraagwe yo o kwa legodimong—“Morena wa legodimo le lefatshe”—o ne a tlhoma sekao se rotlhe re tshwanetseng go se latela. (Mathaio 11:25; 26:41, 42; 1 Johane 2:6) A barutwa ba ga Jesu ba bogologolo ba ne ba tlhaloganya tsela e a neng a re ba rapele ka yone?

BAKERESETE BA BOGOLOGOLO BA NE BA RAPELA MANG?

Dibeke di le mmalwa Jesu a sena go boela kwa legodimong, barutwa ba gagwe ba ne ba bogisiwa ba bo ba tshosediwa ke baganetsi ba bone. (Ditiro 4:18) Ke boammaaruri gore ba ne ba rapela ba kopa thuso—mme ba ne ba rapela mang? “Ba tlhatlosetsa mantswe a bone ka nako e le nngwe fela kwa Modimong,” ba rapelela gore a ba thuse “ka leina la motlhanka yo o boitshepo wa [gagwe] e bong Jesu.” (Ditiro 4:24, 30) Ka jalo, barutwa ba ga Jesu ba ne ba rapela ka tsela e a neng a re ba rapele ka yone. Ba ne ba rapela Modimo, e seng Jesu.

Dingwaga moragonyana, moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa tsela e ene le ditsala tsa gagwe ba neng ba rapela ka yone. O ne a kwalela Bakeresete mmogo le ene jaana: “Re leboga Modimo Rra Morena wa rona Jesu Keresete ka metlha fa re lo rapelela.” (Bakolosa 1:3) Gape Paulo o ne a kwalela badumedi ka ene ka go “leboga Modimo wa rona le Rara ka metlha ka dilo tsotlhe ka leina la Morena wa rona Jesu Keresete.” (Baefeso 5:20) Mo mafokong ano re lemoga gore Paulo o ne a kgothaletsa ba bangwe go rapela “Modimo wa rona le Rara ka dilo tsotlhe”—mme ka leina la ga Jesu.—Bakolosa 3:17.

Fela jaaka Bakeresete ba bogologolo, re ka bontsha gore re rata Jesu ka go dirisa kgakololo ya gagwe e e malebana le thapelo. (Johane 14:15) Fa re ntse re rapela Rraarona yo o kwa legodimong—ene fela—mafoko a a mo go Pesalema 116:1, 2 a tla re tlhomamisetsa gore fela jaaka mopesalema, Jehofa o utlwa dithapelo tsa rona: “Ke a rata, ka gonne Jehofa o utlwa lentswe la me . . . Ke tla bitsa mo malatsing a me otlhe.” *

^ ser. 3 Baebele ya re Modimo le Jesu ga ba lekane.Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 4 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 11 Gore Modimo a amogele dithapelo tsa rona, re tshwanetse go tshela ka tsela e a batlang re tshela ka yone. Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 17 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng?