Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pina 137

Re Neye Bopelokgale

Re Neye Bopelokgale

(Ditiro 4:29)

  1. Fa re rera ka Bogosi,

    Re bua ka ’ina la ’go,

    Re lebana le kganetso

    Batho ba’a re swabisa.

    Go na le go ba boifa,

    Re tla utlwa wena fela.

    Jalo re fe moya wa gago;

    Tlhe Jah, reetsa kopo eno.

    (KHORASE)

    Re neye bopelokgale;

    Gore re se boife.

    Re neye bopelokgale

    Gore botlhe ba utlwe.

    Haramagedon’e gaufi,

    Pele ’tsatsi leo le fitlha,

    Re neye bopelokgale.

    Jah re’a kopa.

  2. Le fa gone re ka boifa,

    Ka gonne re lorole.

    Re na le tumelo eno

    Gore o tla re thusa.

    Lebel’la matshosetsi

    A babogisi ba rona.

    O re thuse go’a itshokela

    Fa re bua ka ’ina la ’go.

    (KHORASE)

    Re neye bopelokgale;

    Gore re se boife.

    Re neye bopelokgale

    Gore botlhe ba utlwe.

    Haramagedon’e gaufi,

    Pele ’tsatsi leo le fitlha,

    Re neye bopelokgale.

    Jah re’a kopa.